Fetela kwa tshedimosetsong

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Ista?

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Ista?

Dikgopolo tse di tlwaelegileng tse di seng boammaaruri

 Se se seng boammaaruri: Basupi ba ga Jehofa ga ba keteke Ista ka gonne ga se Bakeresete.

 Boammaaruri: Re dumela gore Jesu Keresete ke Mmoloki wa rona e bile re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re “latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.”—1 Petere 2:21; Luke 2:11.

 Se se seng boammaaruri: Ga lo dumele gore Jesu o tsositswe mo baswing.

 Boammaaruri: Re dumela mo tsogong ya ga Jesu; re lemoga gore e botlhokwa thata mo tumelong ya Mokeresete e bile re bua ka yone fa re rera.—1 Bakorintha 15:3, 4, 12-15.

 Se se seng boammaaruri: Ga lo kgathale gore bana ba lona ba fetwa ke monate wa go keteka Ista.

 Boammaaruri: Re rata bana ba rona—re dira sotlhe se re ka se kgonang go ba thapisa le go ba thusa gore ba itumele.—Tito 2:4.

Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa keteke Ista?

  •   Moletlo wa malatsi a boikhutso wa Ista ga o a theiwa mo Baebeleng.

  •   Jesu o ne a laela gore re gopole loso lwa gagwe e seng tsogo ya gagwe. Re tshwara Segopotso seno ngwaga le ngwaga ka letlha le a suleng ka lone go ya ka khalendara ya Baebele e e lejwang ka ngwedi.—Luke 22:19, 20.

  •   Re dumela gore Modimo ga a amogele Ista ka gonne meetlo ya yone e simologile kwa dingwaong tsa bogologolo tsa tsalo. Modimo o batla gore re mo neye “boineelo jo bo feletseng” e bile o kgopisiwa ke kobamelo e e nang le meetlo e a sa e amogeleng.—Ekesodo 20:5; 1 Dikgosi 18:21.

 Re dumela gore tshwetso ya rona ya go se keteke Ista e theilwe mo Baebeleng, e e re kgothaletsang go dirisa “botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya,” go na le go latela fela dingwao tsa batho. (Diane 3:21; Mathaio 15:3) Re tlhalosetsa batho ba bangwe se re se dumelang ka Ista fa ba re botsa ka gone, le fa go ntse jalo re tlotla tshwanelo e mongwe le mongwe a nang le yone ya go itlhophela se a tla se dirang.—1 Petere 3:15.