Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Eng fa lo Bidiwa Basupi ba ga Jehofa?

Ke Eng fa lo Bidiwa Basupi ba ga Jehofa?

 Jehofa ke leina le Modimo a iphileng lone mme le fitlhelwa mo Baebeleng. (Ekesodo 6:3; Pesalema 83:18) Mosupi ke motho yo o bolelelang ba bangwe dikgopolo kgotsa boammaaruri jo a tlhatswegileng pelo ka jone.

 Ka gone, leina la rona e leng Basupi ba ga Jehofa le re tlhalosa re le setlhopha sa Bakeresete ba ba bolelelang ba bangwe boammaaruri kaga Jehofa, Mmopi wa dilo tsotlhe. (Tshenolo 4:11) Re neela batho ba bangwe bosupi ka tsela e re tshelang ka yone le ka go ba itsise dilo tse re ithutileng tsone mo Baebeleng.—Isaia 43:10-12; 1 Petere 2:12.