Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Eng fa lo Tsamaya ka Ntlo le Ntlo?

Ke Eng fa lo Tsamaya ka Ntlo le Ntlo?

 Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba “dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19, 20) Fa Jesu a ne a roma barutwa ba gagwe ba pele, o ne a ba laela go ya kwa magaeng a batho. (Mathaio 10:7, 11-13) Morago ga loso lwa ga Jesu, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tswelela ba anamisa molaetsa wa bone “phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.” (Ditiro 5:42; 20:20) Re etsa sekao sa Bakeresete bao ba pele mme re lemogile gore bodiredi jwa ntlo le ntlo ke tsela e e molemo ya go fitlhelela batho.