Fetela kwa tshedimosetsong

Basupi ba Rerela Ba-Sinti le Ba-Roma ba ba Nnang Kwa Jeremane

Basupi ba Rerela Ba-Sinti le Ba-Roma ba ba Nnang Kwa Jeremane

Go na le Ba-Sinti le Ba-Roma ba le diketekete kwa Jeremane. * Bosheng jaana Basupi ba ga Jehofa ba ile ba printa dipampitshana le diboroutšhara e bile ba ile ba dira dibidio tsa Se-Romany. *

Ka September le ka October 2016, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tswa letsholo la go rerela Ba-Sinti le Ba-Roma ba ba nnang kwa ditoropong tse di farologaneng tsa Jeremane tse di akaretsang Berlin, Bremerhaven, Freiburg, Hamburg le Heidelberg. Gape ba ne ba tshwara dipokano ka Se-Romany kwa diholong tsa bone tsa Bogosi.

Sengwe se ba Neng Ba sa Se Lebelela

Ba-Sinti le Ba-Roma ba ne ba kgatlhegile tota e bile ba itumeletse letsholo leno. Banyalani bangwe ba ba neng ba le mo letsholong leno e bong Andre le Esther ba re: “Batho ba ne ba itumetse thata ka gonne re ile ra tsaya matsapa a go ya kwa go bone. Ba le bantsi ba ne ba itumeletse go utlwa le go bala molaetsa wa Baebele ka puo ya bone. Mosetsana mongwe o ne a bona bidio e e reng Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? ka puo ya Se-Romany. O ne a ntse a bua jaana a sa dumele: “Ba bua puo ya gaetsho!”

Matthias yo o neng a tsaya karolo mo letsholong leo a re: “Nna le mosadi wa me re ne re tsamaya le [Basupi] ba bangwe ba le robedi re ya kwa lefelong le kwa go lone go nnang Ba-Sinti le Ba-Roma ba ka nna 400. Mongwe le mongwe yo re neng re mo rerela o ne a batla kgatiso ya [Baebele].” Bettina yo o neng a le mo letsholong leo a re: “Batho bangwe ba ne ba lela fa ba bona gore Basupi ba ga Jehofa ba printa dikgatiso [tsa Baebele] ka puo ya Se-Romany.” Bontsi jwa bone ba ne ba simolola go balela dikgatiso tseno kwa godimo fa re sena go ba naya tsone e bile ba bangwe ba ile ba kopela le ditsala tsa bone.

Ba Sinti le Ba-Roma ba le bantsi ba ile ba tla kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Mo go ba le 94 ba ba ileng ba tla kwa holong ya Hamburg, bontsi jwa bone e ne e le la ntlha ba tsena mo Holong ya Bogosi. Kwa Reilingen e e gaufi le Heidelberg, go ne ga tla batho ba le 123. Fa dipokano di sena go fela, batho ba le tlhano ba ba buang Se-Romany ba ne ba kopa go tshwarelwa thuto ya Baebele.

Mo letsholong leo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsamaisa dipampitshana le diboroutšhara di ka nna 3 000. Basupi ba ile ba tlotla ka Baebele le Ba-Sinti le Ba-Roma ba feta 360 mme ba ithuta Baebele le ba le 19. Bangwe ba bone ba ile ba re: “Go itumedisa tota go bona gore Modimo o batla gore re mo itse.”

^ ser. 2 Ba-Sinti ba tswa kwa Bophirima le kwa Bogare jwa Yuropa mme Ba-Roma ba tswa kwa Botlhaba le Borwa jwa Yuropa.

^ ser. 2 Buka nngwe e e tlhalosang mafoko ya re puo ya Se-Romany e “kgaogantswe ka mefuta e le 60.” Mo setlhogong seno re tla dirisa lefoko “Romany” fa re bua ka puo e e buiwang ke Ba-Sinti le Ba-Roma ba ba nnang kwa Jeremane.