Fetela kwa tshedimosetsong

Go Rera Dikgang Tse di Molemo ka Dipuo Tsa Kwa Ireland le Boritane

Go Rera Dikgang Tse di Molemo ka Dipuo Tsa Kwa Ireland le Boritane

Basupi ba ga Jehofa ba tsaya matsapa a magolo a go ikgolaganya le batho ba ba buang dipuo tse dingwe tsa kwa Ireland le Boritane. * Re sa balele Seesemane dipuo tseno di akaretsa Se-Ireland, Se-Gaelic sa kwa Scotland le Se-Wales.

Ka September 2012, re ne ra golola website e ntšha ya jw.org ka dipuo di le dintsi, go akaretsa Se-Ireland le Se-Wales mme ka August 2014, Se-Gaelic sa kwa Scotland se ne sa nna gone. Gape re gatisa dikgatiso ka dipuo tseno. A matsapa ano e nnile a bophiri?

Moruti mongwe o ne a tsaya pampitshana e e nang le molaetsa wa Baebele ka Se-Gaelic. Ga a ka a senya nako go e bala mme ke fa a setse a thubega ka selelo. Goreng a ne a amegile jaana? O ne a kgatlhilwe ke thanolo ya maemo a a kwa godimo a bo a re: “Ke mang a neng a ranola fa? Ruri e a utlwala!”

Mo kgweding ya ntlha ya go gololwa ga jw.org ka Se-Gaelic, batho ba ka nna 750 ba ne ba etela website eno.

Motlhatlheledi mongwe wa kwa yunibesithing e e mo toropong ya Galway kwa Ireland, o ne a bolelela Mosupi mongwe gore ene ga se motho le kereke. Le fa go ntse jalo, e rile a sena go utlwa gore a ka nna le boroutšhara jwa Baebele—E na Le Molaetsa Ofe? ka Se-Ireland, o ne a kopa khopi. O ne a re o dumela gore mongwe le mongwe o tshwanetse go bala dikgatiso tsa Baebele ka puo e a e antseng, a bo a akgolela Basupi ba ga Jehofa tiro e ba e dirileng ya go ranolela dikgatiso mo puong ya Se-Ireland.

Mmè mongwe wa segolwane o ne a itumeletse go amogela boroutšhara ka Se-Wales, a bo a re: “Go bua nnete fela, fa lo ka bo lo nneile ya Seesemane ke ka bo ke sa e tsaya mme go gontle go nna le yone ka puo ya me.”

Ka August 2014, re ne ra oketsa dikgatiso tsa Se-Wales tse di mo jw.org. Seo se ne sa dira gore palo ya batho ba ba balang dikgatiso tsa Se-Wales e menagane gabedi mo kgweding eo.

“Re Bua Puo e le Nngwe”

Fa Jesu a sena go tlhalosetsa barutwa ba gagwe ba babedi Dikwalo, ba ne ba re: “A dipelo tsa rona di ne tsa se ka tsa tuka fa a ne a ntse a bua le rona mo tseleng, fa a ne a ntse a re bulela Dikwalo ka botlalo?” (Luke 24:32) Gantsi boammaaruri jo bo mo Baebeleng bo fetola botshelo jwa motho fa a bo utlwa ka puo e a e antseng.

Monna yo o bidiwang Emyr, go tswa kwa Wales, o nyetse Mosupi wa ga Jehofa mme ga a ke a ya go obamela le mosadi wa gagwe. O ne a tsalana le Mosupi mongwe yo o bidiwang Russell. Emyr o tlhalosa jaana ka se se mo fetotseng mogopolo: “Ke ne ka simolola go tsaya tsia kgang ya go ithuta Baebele fa Russell a ne a ntletse ka buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? * O ne a e nnaya a bo a nthaya a re, ‘Buka eno ke ya Se-Wales. Re tla simolola gone jaanong go e ithuta mmogo.’” Goreng Emyr a ne a se ka a okaoka go ithuta le Russell? A re ke ka gonne ba bua puo e le nngwe, ba tswa mo setsong se le sengwe gape ba a tlhaloganyana. Pelo ya ga Emyr e ne e “tuka” fa a ntse a ithuta ka Se-Wales ka gonne o ne a tlhaloganya se a neng a se ithuta.

Basupi ba ga Jehofa ba tla nna ba thusa batho go ithuta ka Modimo ka puo e ba e antseng, ka puo e e ba amang pelo.

^ ser. 2 Boritane fano e akaretsa England, Scotland le Wales.

^ ser. 11 Buka ya go ithuta Baebele e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.