Fetela kwa tshedimosetsong

Go Fetola Matshelo a Magolegwa

Go Fetola Matshelo a Magolegwa

Basupi ba ga Jehofa ba etela dikgolegelo di le 68 kwa Spain mme magolegwa a ka nna 600 a ithuta Baebele.

Mosupi mongwe yo o etelang dikgolegelo ke Miguel yo o feditseng dingwaga di le 12 kwa kgolegelong pele a nna Mosupi. Jaanong o etela kwa kgolegelong beke le beke. Goreng a ya? Go thusa batho ba bangwe gore ba fetole matshelo a bone jaaka le ene a thusitswe.

Mo dingwageng di le robedi tse di fetileng, Miguel o ne a ithuta Baebele le magolegwa a mantsi. A re: “Ke itumelela go thusa magolegwa a ke neng ke tshwerwe le one. Ke itumela tota fa ke bona ba batla go tlogela bokebekwa.”

Fa Miguel a ne a na le dingwaga di le nnè, mokgweetsi mongwe yo o neng a tagilwe o ne a thula rraagwe a bo a swa. Mmaagwe yo e neng e le motlholagadi o ne a tshwanelwa ke go bereka diura tse dintsi gore a tlamele lelapa.

Miguel le mogoloe ba ne ba simolola go sa ye sekolong mme ba utswa mo matlong le mo dikoloing. Fa Miguel a na le dingwaga di le 12, e ne e setse e le senokwane. Fa a le dingwaga di le 15, o ne a dira madi a mantsi ka go rekisa diokobatsi. Le fa go ntse jalo, go tshwakgolwa ke heroin le cocaine tse di neng di ja madi a mantsi go ne ga dira gore a utswe le go feta. Go tloga fela fa a le dingwaga di le 16 o ne a tshwarwa gantsintsi, mme kgabagare a nna senokwane se segolo. Miguel a re: “Ke ne ke ithaya ke re ke tla swela kwa kgolegelong kgotsa ke tla bolawa ke diokobatsi. Ke ne ke ikutlwa ke gaeletswe jaaka ntsi e e tshwerweng ke bobi.”

Mme ka 1994 mongwe wa ditsala tsa ga Miguel o ne a kopa Mosupi mongwe gore a kwalele Miguel lekwalo, yo ka nako eo a neng a le kwa kgolegelong. Mo lekwalong leo, Miguel o ne a ithuta gore Modimo o ikaeletse go dira lefatshe Paradaise. Motho yo o neng a kwadile lekwalo leo o ne a kgothaletsa Miguel gore a fetole botshelo jwa gagwe gore a tle a bone go diragadiwa ga tsholofetso eo. Miguel a re: “Mafoko a gagwe a ne a nkama tota. Go tloga mo letsatsing leo sengwe le sengwe se ne sa fetoga mme ke ne ka swetsa ka gore ke ithute Baebele le fa ke ne ke itse gore go ne go ka se nne motlhofo.”

Miguel o ne a itse gore go ne go ka se nne motlhofo ka gonne a ne a tshwakgotswe ke diokobatsi le motsoko. O ne a di bona motlhofo. Letsatsi le letsatsi, legolegwa le a neng a nna le lone mo seleng le ne le mo naya diokobatsi. Miguel o ne a rapela ka metlha gore a fenye bokoa jwa go tshwakgolwa ke diokobatsi mme kgabagare o ne a atlega.

Dikgwedi di le tharo moragonyana, Miguel o ne a simolola go bolelela magolegwa a mangwe se a se dumelang. O ne a gololwa mo ngwageng o o latelang mme a kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa. Gape o ne a dira dithulaganyo tsa lenyalo mme go ne ga nna le mathata. Kgwedi pele ga lenyalo, kgotlatshekelo e ne ya atlholela Miguel dingwaga tse dingwe di le lesome mo kgolegelong ka ntlha ya dikgetsi di le mmalwa tse di neng di seegetswe kwa thoko. Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le tharo le sephatlo o ne a gololwa ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe jo bo siameng. Kgabagare o ne a nyala. Miguel ga a ise a ko a boele kwa botshelong jwa gagwe jwa bokebekwa.