Fetela kwa tshedimosetsong

A ke Tshwanetse go Rapela Baitshepi?

A ke Tshwanetse go Rapela Baitshepi?

Karabo ya Baebele

Nnyaa. Baebele ya re re tshwanetse go rapela Modimo fela, ka leina la ga Jesu. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona lo rapele lo re: Rraetsho yo o kwa magodimong, leina la gago a le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9, Baebele ya Tswana Central) Ga a ka a laela barutwa ba gagwe gore ba rapele baitshepi, baengele kgotsa ope fela kwantle ga Modimo.

Gape Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6, Baebele e e Boitshepo) Ke Jesu fela yo Modimo a mo tlhomileng go nna mmueledi mo boemong jwa rona.—Bahebera 7:25.

Go tweng fa ke rapela Modimo ke bo ke rapela le baitshepi?

Modimo o ne a bua mafoko ano e le karolo ya Melao e e Lesome: “Nna, MORENA, Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa.” (Ekesodo 20:5, New American Bible) Modimo o “lefufa” ka tsela efe? Ntlha e e kwa tlase mo go New American Bible ya re “o batla boineelo jo bo feletseng.” Modimo o batla gore ditiro dipe fela tsa boineelo kgotsa tsa kobamelo—go akaretsa le thapelo—di newe ene fela.—Isaia 48:11.

Re kgopisa Modimo fa re rapela motho o sele tota le fa re rapela baitshepi kgotsa baengele. Fa moaposetoloi Johane a ne a leka go obamela moengele, moengele o ne a mo thiba, a mo raya a re: “Se dire jalo! Ke motlhanka jaaka wena le wa bomorwarraago ba ba nayang bosupi ka ga Jesu. Obamela Modimo.”—Tshenolo 19:10, NAB.