Fetela kwa tshedimosetsong

A re Tshwanetse go Obamela Ditshwantsho?

A re Tshwanetse go Obamela Ditshwantsho?

Karabo ya Baebele

Nnyaa, ga re a tshwanela. Fa New Catholic Encyclopedia e tlhalosa melao e Modimo a e neileng Baiseraele, ya re: “Dipego tse di farologaneng tsa Baebele di re naya bosupi jwa gore go ne go sa dirisiwe ditshwantsho fa go obamelwa Modimo wa boammaaruri.” Bona ditemana tseno tsa Baebele:

  • “O se ka wa itirela setshwantsho se se setilweng kgotsa popego e e tshwanang le epe fela e e kwa magodimong kwa godimo kgotsa e e mo lefatsheng fa tlase kgotsa e e mo metsing kafa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go tlhotlhelediwa go di direla, ka gonne nna Jehofa Modimo wa gago ke Modimo yo o batlang boineelo jo bo feletseng.” (Ekesodo 20:4, 5) E re ka Modimo a batla “boineelo jo bo feletseng,” ga a itumele fa re tlotlomatsa kgotsa re obamela ditshwantsho, medingwana, ditshwantsho tsa bodumedi, difikantswe kgotsa matshwao.

  • “Ga nkitla ke letla difikantswe di tsaya pako e e ntshwanetseng.” (Isaia 42:8, Easy-to-Read Version) Modimo ga a batle re mo obamela re dirisa ditshwantsho. Fa Baiseraele bangwe ba ne ba leka go obamela Modimo ba dirisa sefikantswe sa namane, Modimo o ne a re ba dirile “boleo jo bo masisi.”—Ekesodo 32:7-9, Easy-to-Read Version.

  • “Ga re a tshwanela go ithaya re re Yo e Leng Modimo o tshwana le gouta kgotsa selefera kgotsa leje, gore o tshwana le selo se se betlilweng ka botswerere le ka leano la motho.” (Ditiro 17:29) Go na le gore Bakeresete ba dirise ditshwantsho tse di “betlilweng ka botswerere le ka leano la motho” tse di dirisiwang mo kobamelong ya boheitane, Baebele ya re ba tshwanetse go “tsamaya ka tumelo, e seng ka pono.”—2 Bakorintha 5:7.

  • “Itiseng mo medingwaneng.” (1 Johane 5:21) Mo melaong e e neilweng setšhaba sa Iseraele le Bakeresete, Baebele e bua gangwe le gape gore thuto ya gore Modimo o amogela kobamelo e go dirisiwang ditshwantsho mo go yone ga e boammaaruri.