Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka go Fisa Setopo?

Baebele ya Reng ka go Fisa Setopo?

Karabo ya Baebele

Baebele ga e re bolelele gore a go phoso go fisa setopo kgotsa jang. Ga go na taelo epe mo Baebeleng e e buang ka go fisiwa kgotsa go fitlhiwa ga setopo.

Baebele e umaka batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba fitlha baswi ba bone. Ka sekai, Aborahame o ile a tsaya matsapa go batla lefelo le a tla fitlhang mosadi wa gagwe e bong Sara kwa go lone.—Genesise 23:2-20; 49:29-32.

Gape Baebele e umaka batlhanka ba Modimo ba fisa baswi ba bone. Ka sekai, kgosi ya Iseraele e bong Saulo le barwa ba gagwe ba le bararo, ba ne ba bolawa kwa ntweng mme ditopo tsa bone di ne tsa sala kwa ntweng di sa fitlhiwa. Fa masole a a ikanyegang a sena go utlwa ka tiragalo eno, ba ne ba ya go tsaya ditopo tseo ba bo ba di fisa le go di fitlha. (1 Samuele 31:8-13) Baebele e tlhalosa gore eno e ne e le tsela e e siameng e banna bano ba neng ba fitlhiwa ka yone.—2 Samuele 2:4-6.

Dikgopolo tse di tlwaelegileng tse di seng boammaaruri ka go fisiwa ga setopo

Kgopolo e e phoso: Go fisa setopo ke go tlontlolola mmele wa motho.

Boammaaruri: Baebele ya re baswi ba boela mo loroleng mme ke se se diragalang ka setopo fa se bola. (Genesise 3:19) Go fisiwa ga setopo go dira gore mmele o nne molora kgotsa lorole ka bonako.

Kgopolo e e phoso: Mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, batho ba ba tlhokafetseng ba ba neng ba sa ikobele Modimo ba ne ba fisiwa.

Boammaaruri: Ditopo tsa batho bangwe ba ba neng ba sa ikanyege mo Modimong, jaaka Akane le lelapa la gagwe di ne tsa fisiwa. (Joshua 7:25) Mme seo ga se reye gore go ne go fisiwa fela ditopo tsa batho ba ba neng ba sa ikanyege. (Duteronome 21:22, 23) Jaaka go setse go tlhalositswe, le ditopo tsa batho ba ba ikanyegang jaaka sa ga Jonathane, morwa Kgosi Saulo se ne sa fisiwa.

Kgopolo e e phoso: Fa setopo sa motho se fisiwa seo se raya gore Modimo ga a na go kgona go tsosa motho yoo.

Boammaaruri: Modimo o kgona go tsosa batho botlhe ba ba tlhokafetseng, go sa kgathalesege gore a motho o fitlhilwe kwa mabitleng kgotsa o tlhokafaletse kwa mawatleng, o fisitswe kgotsa gore o jelwe ke diphologolo. (Tshenolo 20:13) Modimo Mothatayotlhe a ka kgona go naya mongwe le mongwe mmele o mosha fa a mo tsosa.​—1 Bakorintha 15:35, 38.