Fetela kwa tshedimosetsong

Go Pholosiwa go Kaya Eng?

Go Pholosiwa go Kaya Eng?

Karabo ya Baebele

Ka dinako tse dingwe bakwadi ba Baebele ba dirisa lefoko go ‘pholosiwa’ le go ‘bolokwa’ fa ba bua ka motho yo o ntshiwang mo kotsing. (Ekesodo 14:13, 14; Ditiro 27:20; Tswana Central) Mme gantsi mafoko ano a kaya go gololwa mo boleong. (Mathaio 1:21) E re ka loso lo bakiwa ke boleo, batho ba ba gololwang mo boleong ba nna le tsholofelo ya go tshelela ruri.—Johane 3:16, 17. *

Motho a ka dirang gore a bolokwe?

Gore o bolokwe o tshwanetse go nna le tumelo mo go Jesu le go bontsha tumelo eo ka go ikobela ditaelo tsa gagwe.—Ditiro 4:10, 12; Baroma 10:9, 10; Bahebera 5:9.

Baebele ya re re bontshe tumelo ka ditiro le ka go ikobela melao ya Modimo. (Jakobe 2:24, 26) Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore ditiro tsa rona ke tsone di dirang gore re bolokwe, go na le moo, Modimo ke ene a re nayang mpho eno ka ntlha ya ‘bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang.’—Baefeso 2:8, 9.

A go a kgonega gore motho a se ka a bolokwa?

Ee. Go tshwana le fa motho a ne a tloga a nwela mo metsing a bo a ntshiwa mo go one, go ka direga gore a kgopiwe kgotsa a itatlhele gape mo go one. Go nna fela jalo le ka motho yo o golotsweng mo boleong a bo a felelwa ke tumelo. Ke gone ka moo Baebele e kgothaletsang Bakeresete ba Modimo a ba bolokileng gore ba ‘lwele tumelo ya bone ka thata.’ (Jude 3) Gape e tlhagisa batho ba ba bolokilweng e re: “Nnang lo direle poloko ya lona ka poifo le go roroma.”—Bafilipi 2:12.

Ke mang yo o bolokang batho—A ke Modimo kgotsa ke Jesu?

Baebele e bitsa Modimo e re ke “Mmoloki” ka gonne ke ene a bolokang batho. (1 Samuele 10:19; Isaia 43:11; Tito 2:10; Jude 25) Mo godimo ga moo, Modimo o ne a dirisa banna ba ba farologaneng go falotsa setšhaba sa Iseraele e bile Baebele e ba bitsa “baboloki.” (Nehemia 9:27; Baatlhodi 3:9, 15; 2 Dikgosi 13:5) * Ka tsela e e tshwanang, e re ka Modimo a dirisa setlhabelo sa thekololo ya ga Jesu Keresete go golola batho mo boleong, Baebele e bitsa Jesu e re ke “Mmoloki.”​—Ditiro 5:31; Tito 1:4. *

A mongwe le mongwe o tla bolokwa?

Nnyaa, batho bangwe ga ba na go bolokwa. (2 Bathesalonika 1:9) Fa Jesu a bodiwa go re, “a ba ba bolokwang ba mmalwa?” o ne a re: “Itekeng ka tlhagafalo go tsena ka kgoro e tshesane, ka gonne ba le bantsi, ke a lo bolelela, ba tla batla go tsena mme ga ba na go kgona.”—Luke 13:23, 24.

Dikgopolo tse di phoso ka go bolokwa ga batho

Kgopolo e e phoso: Bakorintha wa ntlha 15:22 e ruta gore batho botlhe ba tlile go bolokwa ka gonne ya re: “Mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.”

Boammaaruri: Ditemana tse di dikologileng temana eno di bua ka tsogo ya baswi. (1 Bakorintha 15:12, 13, 20, 21, 35) Ka jalo, mafoko a a reng “mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa” a kaya fela gore botlhe ba ba tsosiwang ba tla bona seno ka ntlha ya ga Jesu Keresete.—Johane 11:25.

Kgopolo e e phoso: Tito 2:11 e re ruta gore batho botlhe ba tla bolokwa ka gonne ya re Modimo o tla ‘tlisetsa batho botlhe poloko.’—Baebele e e Boitshepo.

Boammaaruri: Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “botlhe” mo temaneng eno, gape le ka kaya “mefuta e mentsi kgotsa e e farologaneng.” * Ka jalo, Tito 2:11 e raya gore Modimo o dira gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe go akaretsa le batho ba ba ‘tswang mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.’—Tshenolo 7:9, 10.

Kgopolo e e phoso: Petere wa bobedi 3:9 e ruta gore batho botlhe ba tla bolokwa ka gonne ya re Modimo “ga a eletse gore ope a senngwe.”

Boammaaruri: Modimo o batla gore batho ba bolokwe, mme ga a ba pateletse gore ba amogele poloko ya gagwe. O tla ‘senya baikepi’ ka “letsatsi la gagwe la katlholo.”—2 Petere 3:7.

^ ser. 1 Baebele ya re motho o bone “poloko” le fa a ise a gololwe mo boleong le mo losong.—Baefeso 2:5; Baroma 13:11.

^ ser. 5 Mo ditemaneng tse di nopotsweng, dithanolo tse dingwe di dirisa mareo a a jaaka “mogolodi,” “mofalotsi,” “mofenyi,” “moeteledipele,” kgotsa le e leng “mongwe” go na le go dirisa “mmoloki.” Mo Baebeleng ya ntlhantlha ya Sehebera, lefoko le le dirisitsweng go tlhalosa motho e le mmoloki le tshwana le le le dirisitsweng fa go buiwa ka Jehofa Modimo e le Mmoloki.—Pesalema 7:10.

^ ser. 5 Leina Jesu le tswa mo leineng la Sehebera Yehoh·shu′aʽ, le le kayang gore “Jehofa ke Poloko.”

^ ser. 10 Bona kgatiso ya Vine’s Complete Expository Dictionary of Old and New Testament Words. Go dirisiwa lefoko le le tshwanang la Segerika mo go Mathaio 5:11, le le tlhalosang mafoko a ga Jesu a gore batho ba tla bua “bosula jotlhe” ka barutwa ba gagwe.—Tswana Central.