Fetela kwa tshedimosetsong

Nka Itshireletsa Jang Gore ke se Tshwenngwe ka Tsa Tlhakanelodikobo?

Nka Itshireletsa Jang Gore ke se Tshwenngwe ka Tsa Tlhakanelodikobo?

Karabo ya Baebele

Ela tlhoko dikakantsho tseno tse di ka thusang tse di theilweng mo Baebeleng:

  1. Nna kelotlhoko. Nna botsalano le badirimmogo le wena o bo o ba tlotle, mme o tile botsalano jo bo ka dirang gore go bonale e kete o ka rata go tlhakanela dikobo le bone.—Mathaio 10:16; Bakolosa 4:6.

  2. Apara diaparo tse di nang le seriti. Go apara diaparo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo go ka dira gore batho ba nne le kgopolo e e phoso ka wena. Baebele e re kgothaletsa gore re apare “ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.”—1 Timotheo 2:9.

  3. Tlhopha ditsala tsa gago sentle. Fa o fetsa nako e ntsi le batho ba ba ratang go tshameka ka maikutlo a lorato kgotsa ba ba ratang go tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe, le wena ba ka go tshwara ka tsela eo.—Diane 13:20.

  4. Tila metlotlo e e leswe. Fa motlotlo o simolola go nna le “dikgang tse di leswe, puo ya boeleele kgotsa metlae e e sa siamang,” tswa o tsamaye.—Baefeso 5:4, Baebele ya God’s Word.

  5. Tila maemo a a ka go tsenyang mo kotsing. Ka sekai, fa mongwe a go kopa gore o sale le ene kwa tirong morago ga tiro kwantle ga lebaka, o gane.—Diane 22:3.

  6. Tlhomama. Fa motho mongwe a go tshwenya ka tsa tlhakanelodikobo, mmolelele gore ga o rate mekgwa ya gagwe. (1 Bakorintha 14:9) Ka sekai o ka nna wa re: “O nna o ikgotlha ka nna, mme ga ke rate se o se dirang. O se tlhole o dira jalo.” O ka nna wa kwalela motho yo o go tshwenyang lekwalo, o mo tlhalosetse se se diragetseng, kafa o ileng wa ikutlwa ka teng le gore o batla gore a dire eng mo nakong e e tlang. Mo tlhalosetse gore tsela e o lebang dilo ka yone e theilwe mo melaong ya boitsholo le mo go se o se dumelang.—1 Bathesalonika 4:3-5.

  7. Kopa thuso. Fa e le gore motho yo o go tshwenyang o tswelela ka mokgwa oo, bolelela tsala e o e tshepang, mongwe kwa gae, modirimmogo kgotsa mongwe yo o thusang batho ba ba tshwenngwang ka tsa tlhakanelodikobo. (Diane 27:9) Batho ba le bantsi ba ba tshwenngwang ka tsa tlhakanelodikobo ba ile ba thusiwa ke go rapela. Tota le fa o ise o ko o rapele pele, o se ka wa nyatsa thuso e o ka e newang ke Jehofa, “Modimo wa kgomotso yotlhe.”—2 Bakorintha 1:3.

Go tshwenngwa ka tsa tlhakanelodikobo go dira gore batho ba le dimilione ba se ka ba itumelela maemo a kwa tirong, mme Baebele e ka thusa.