Fetela kwa tshedimosetsong

Jerusalema yo Mosha ke Eng?

Jerusalema yo Mosha ke Eng?

Karabo ya Baebele

Lefoko “Jerusalema yo Mosha” le tlhaga gabedi mo Baebeleng mme le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso go emela balatedi ba ga Jesu ba ba yang kwa legodimong go ya go busa le ene mo Bogosing jwa Modimo. (Tshenolo 3:12; 21:2) Gape Baebele ya re balatedi bano ba bidiwa monyadiwa wa ga Keresete.

Go lemoga Jerusalema yo Mosha

  1. Jerusalema yo mosha o kwa legodimong. Nako le nako fa Baebele e umaka Jerusalema yo Mosha e bua ka ene a fologa go tswa kwa legodimong kwa baengele ba disitseng dikgoro tsa motse gone. (Tshenolo 3:12; 21:2, 10, 12) Motse ono ga o mo lefatsheng ka gonne o tlhalosiwa o le mogolo thata. Baebele ya re bogolo jwa lone bo ne bo lekana le “diferelone di le [12 000].” * (Tshenolo 21:16) Dipota tsa one di boleele jwa dikilometara di ka nna 560, seo se rayang gore di feta mo loaping di bo di fetela le kwa dipolanete di leng gone.

  2. Jerusalema yo Mosha ke balatedi ba ga Jesu kgotsa monyadiwa wa ga Keresete. Jerusalema yo Mosha o bidiwa “mosadi wa Kwana.” (Tshenolo 21:9, 10) Baebele e bitsa Jesu Keresete e re ke Kwana. (Johane 1:29; Tshenolo 5:12) “Mosadi wa Kwana” kgotsa monyadiwa wa ga Keresete o emela Bakeresete ba ba tlileng go ya go kopana le Jesu kwa legodimong. Baebele e dirisa sekai sa monna le mosadi go tshwantsha kamano e Jesu a nang le yone le balatedi ba gagwe. (2 Bakorintha 11:2; Baefeso 5:23-25) Mo godimo ga moo, Baebele ya re “maina a le lesome le bobedi a baaposetoloi ba le lesome le bobedi ba ga Kwana” a kwadilwe mo motheong wa motse ono. (Tshenolo 21:14) Ntlha eno e re thusa go tlhaloganya gore Jerusalema yo Mosha o emela eng, ka gonne Bakeresete botlhe ba ba bileditsweng go ya go tshela kwa legodimong ba “agilwe mo motheong wa baaposetoloi le baporofeti.”—Baefeso 2:20.

  3. Jerusalema yo Mosha ke karolo ya puso ya Modimo. Jerusalema wa bogologolo e ne e le motsemoshate wa Iseraele kwa Kgosi Dafide, morwawe Solomone le dikgosi tse dingwe tsa lotso lwa ga Dafide di neng di busa gone e le dikgosi mo “setulong sa bogosi sa ga Jehofa.” (1 Ditiragalo 29:23) Ka jalo, dikgosi tsa lotso lwa ga Dafide tse di neng di busa mo ‘motseng o o boitshepo’ wa Jerusalema di ne di emela puso ya Modimo. (Nehemia 11:1) Bakeresete ba ba yang go “busa lefatshe e le dikgosi” le Jesu kwa legodimong le bone ba bidiwa Jerusalema yo Mosha, “motse o o boitshepo.”—Tshenolo 5:9, 10; 21:2.

  4. Jerusalema yo Mosha o tlisetsa batho masego. Baebele e tlhalosa Jerusalema yo Mosha a ‘fologa go tswa kwa legodimong’ e leng se se bontshang gore Modimo o mo dirisa go baakanya dilo mo lefatsheng. (Tshenolo 21:2) Mafoko a a reng a ‘fologa go tswa kwa legodimong’ a amanya Jerusalema yo Mosha le Bogosi Jwa Modimo jo a tlileng go bo dirisa go dira gore ‘thato ya gagwe e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’ (Mathaio 6:10) Modimo o ikaeletse go direla batho dilo tse di latelang:

    • Go tlosa boleo. “Noka ya metsi a botshelo” e elela go tswa kwa Jerusalema yo Mosha go nosetsa “ditlhare tsa botshelo” tse di tlileng go “alafa ditšhaba.” (Tshenolo 22:1, 2) Seno se tla thusa go tlosa boleo mo bathong gore ba kgone go tshelela ruri fela jaaka Modimo a ne a batla kwa tshimologong.—Baroma 8:21.

    • Go kopanya batho le Modimo. Boleo bo kgaogantse batho le Modimo. (Isaia 59:2) Mme fa boleo bo sena go tlosiwa, boporofeti jono bo tlile go diragadiwa ka botlalo: “Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone.”—Tshenolo 21:3.

    • Go fedisa go boga le loso. Bogosi Jwa Modimo bo tla “phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a [rona], mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:4.

^ ser. 2 Baroma ba ne ba dirisa ferelone go lekanya boleele jwa dilo mme ferelone e le nngwe e ne e le boleele jwa dimetara di le 185.