Fetela kwa tshedimosetsong

Kagiso mo Lefatsheng—E Tla Tla Jang?

Kagiso mo Lefatsheng—E Tla Tla Jang?

Karabo ya Baebele

Kagiso mo lefatsheng ga e ne e tla ka ntlha ya matsapa a batho, mme e tla tlisiwa ke Bogosi jwa Modimo, puso e e kwa legodimong e busiwa ke Keresete Jesu. Ela tlhoko kafa Baebele e re rutang ka teng ka tsholofelo eno e e molemo.

  1. Modimo o tla “dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe,” a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla tlisa “kagiso mo lefatsheng mo bathong ba a ba amogelang!”—Pesalema 46:9; Luke 2:14, Good News Translation.

  2. Bogosi jwa Modimo bo tla busa lefatshe lotlhe bo le kwa legodimong. (Daniele 7:14) E re ka bo tla bo bo busa lefatshe, bo tla fedisa bosetšhaba, jo e leng jone bo bakang dikgotlhang tse dintsi.

  3. Jesu, Mmusi wa Bogosi jwa Modimo, o bidiwa “Kgosana ya Kagiso,” mme o tla tlhomamisa gore ‘kagiso e se ka ya fela.’—Isaia 9:6, 7.

  4. Batho ba ba ikemiseditseng go tswelela ba lwa ga ba kitla ba letlelelwa go tshela mo Bogosing ka gonne “moya wa [Modimo] o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.”—Pesalema 11:5; Diane 2:22.

  5. Modimo o ruta babusiwa ba gagwe gore ba ka tshela jang ka kagiso. Baebele e bolela jaana e tlhalosa diphelelo tsa thuto eo: “Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:3, 4.

Gone jaanong Basupi ba ga Jehofa ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba setse ba ithuta go nna ka kagiso ba rutiwa ke Modimo. (Mathaio 5:9) Le fa re le batho ba ditso tse dintsi tse di farologaneng e bile re nna mo dinageng di feta 230, re gana go tsaya dibetsa re ya go lwantsha bangwe ka rona.

Basupi ba ga Jehofa ba ithuta ditsela tsa kagiso gompieno