Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele ya re Lefatshe le Sephara?

A Baebele ya re Lefatshe le Sephara?

Karabo ya Baebele

Baebele ga e re lefatshe le sephara. * Le fa Baebele e se buka ya saense, ga e ganetsane le dilo tsotlhe tsa saense. Se Baebele e se buang se ‘tshegediwa’ ke bosupi jo bo ka se kang jwa ganediwa.​—Pesalema 111:8.

 Baebele e kaya eng fa e re ‘dintlha tse nnè tsa lefatshe’?

Fa Baebele e bua ka ‘dintlha tse nnè tsa lefatshe’ kgotsa dikhutlo tse nnê tsa lefatshe ga e bue ka dintlha kgotsa dikhutlo tsa mmatota kgotsa gore go na le kwa lefatshe le felelang teng. (Isaia 11:12; Jobe 37:3) Go na le moo, e dirisa mafoko ano fa e bua ka lefatshe lotlhe. Gape fa Baebele e bua ka batho ba ba tswang kwa “botlhaba, bophirima, bokone le borwa,” tota ya bo e bua ka batho ba ba tswang mo lefatsheng lotlhe.—Luke 13:29.

Go bonala lefoko la Sehebera le le ranotsweng gotwe “dintlha” kgotsa “dikhutlo,” le tswa mo leeleng lengwe le le buang ka “diphuka.” Buka ya The International Standard Bible Encyclopedia ya re gantsi lefoko leno le dirisiwa fa go buiwa ka diphuka tsa nonyane fa e khurumeditse mamphorwana a yone mme gape le kgona go dirisiwa fa go buiwa ka sengwe se go nang le kwa se felelang gone. Gape buka eno ya re Jobe 37:3 le Isaia 11:12 di dirisa lefoko leno fa di bua ka lotshitshi la lewatle kgotsa molelwane o o nang le kwa o felelang gone. *

 Jesu o ne a le kae fa Satane a mo raela?

Fa Diabolo a raela Jesu, o ne a mo isa “kwa thabeng e e kwa godimo ka tsela e e sa tlwaelegang, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one.” (Mathaio 4:8) Go na le batho ba ba dumelang gore temana eno ya re go na le lefelo lengwe mo lefatsheng, le fa o le kwa go lone, o kgonang go bona sengwe le sengwe mo lefatsheng. Mme ga go bonale thaba e temana eno e buang ka yone e le thaba ya mmatota. Go na le mabaka a go bo re rialo.

  • Ga go na thaba epe mo lefatsheng, e e reng o le kwa go yone, o kgonang go bona magosi otlhe a lefatshe.

  • Diabolo ga a bontsha Jesu magosi a lefatshe fela, o mmontshitse le “kgalalelo ya one.” Motho a ka se kgone go bona dilo tseo tsotlhe a le kgakala thata, ka jalo, go bonala Jesu a sa bona dilo tseno ka tsela ya mmatota. Re ka tshwantsha mokgwa o Diabolo a o dirisitseng le fa motho a bontsha yo mongwe ditshwantsho tsa mafelo a a farologaneng mo sekirining sa porojeketa.

  • Mo go Luke 4:5, Baebele e e Boitshepo ya re Diabolo o ile a bontsha Jesu “magosi otlhe a lefatshe ka ponyo ya leitlho” mme re a itse gore motho a ka se kgone go bona dilo tse dintsi jalo ka nako e khutshwane. Seo se raya gore Diabolo o bontshitse Jesu dilo tseo ka tsela nngwe e sele mme e seng ka tsela ya mmatota.

^ ser. 1 Baebele ya re Modimo o “kwa godimo ga kgolokwe ya lefatshe.” (Isaia 40:22) Go na le bomankge ba ba dumalanang le Baebele mme go na le ba ba sa dumalaneng le yone. Le fa bomankge ba sa dumalane ka kgang eno, Baebele yone ga e re lefatshe le sephara.

^ ser. 3 Revised Edition, Bolumo 2, tsebe 4.