Fetela kwa tshedimosetsong

A madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula?

A madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula?

Karabo ya Baebele

Nnyaa. Baebele ga e re go nna le madi go phoso, e bile ga e re madi ke one a bakelang batho mathata otlhe a ba nang le one. Batho ba tlwaetse go re “madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula” mme gone seo ga se se Baebele e se buang. Baebele ya re “go rata madi ke modi wa masula mangwe le mangwe otlhe.” *1 Timotheo 6:10, Baebele e e Boitshepo e dumalana le se Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e se buang.

 Baebele ya reng ka madi?

Baebele ya re fa re dirisa madi sentle, a ka re tswela mosola e bile gape e ka nna “tshireletso” mo go rona. (Moreri 7:12) Gape Baebele e akgola batho ba ba abelang ba bangwe, seo se akaretsa batho ba ba fang ba bangwe madi fa ba a tlhoka.—Diane 11:25.

Mme gape, Baebele e re tlhagisa ka dikotsi tsa go dira gore madi e nne selo se se tlang pele mo matshelong a rona. Ya re: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong.” (Bahebera 13:5) Se re se ithutang ke gore re tshwanetse go dirisa madi sentle mme re se ka ra lwela go huma. Re tshwanetse go kgotsofalela se re nang le sone jaaka dijo, diaparo le mo re nnang gone.—1 Timotheo 6:8.

 Goreng Baebele e re tlhagisa ka go rata madi?

Batho ba ba pelotshetlha ga ba kitla ba bona botshelo jo bo sa khutleng. (Baefeso 5:5) Lengwe la mabaka ke ka gonne bopelotshetlha bo tshwana le kobamelo ya medingwana kgotsa kobamelo ya maaka. (Bakolosa 3:5) Lebaka le lengwe ke gore batho ba ba pelotshetlha ba feleletsa ba dira dilo tse Jehofa a sa di rateng e le gore ba bone se ba se batlang. Diane 28:20 ya re ba ba “potlakelang go nna le dikhumo ga [ba] na go nna [ba] se na molato.” Ba ka feleletsa ba dirile dilo tse di kgatlhanong le molao jaaka go utswa le go bolaya.

Le fa gone lorato lwa madi lo ka se ka lwa dira gore o dire dilo tse di maswe, lo na le ditlamorago tse di botlhoko. Baebele ya re “ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko.”—1 Timotheo 6:9.

 Kgakololo ya Baebele ka madi e ka re tswela mosola jang?

Fa madi a sa re tlhotlheletse go dira dilo tse di sa siameng, Modimo o tla re rata e bile o tla re ema nokeng. Mme Modimo o tshepisa botlhe ba ba lekang go mo itumedisa jaana: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” (Bahebera 13:5, 6) Gape o re solofetsa gore, “Motho wa ditiro tse di ikanyegang o tla nna le masego a mantsi.”—Diane 28:20.

^ ser. 1 Lekwalo leno le ranotswe ka go re: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.”