Fetela kwa tshedimosetsong

GO THUSA LELAPA | GO GODISA BANA

O ka Gakolola Bana ba Gago Jang?

O ka Gakolola Bana ba Gago Jang?

 Se o tshwanetseng go se itse

 Mo ditsong tse dingwe, bana ba atamalane thata le batsadi ba bone mme ba ga tshabe go ba kopa kgakololo. Mme mo go tse dingwe bana ba kopa kgakololo mo ditsaleng tsa bone.

 Fa bana ba kopa kgakololo mo ditsaleng tsa bone, seo se ka dira gore ba se ka ba tlotla batsadi ba bone. Fa ba tsena mo dingwageng tsa bosha, batsadi ba ka ikutlwa e kete ga ba tlhole ba na le taolo mo go bone. Seo ga se gakgamatse, ka gonne fa bana ba fetsa nako e ntsi ba le mmogo, go ka lebega e kete ba godisitswe ke ditsala tsa bone, e seng batsadi.

 Goreng go le motlhofo gore bana ba atamalane thata le ditsala tsa bone go na le go atamalana le batsadi? Ela tlhoko dilo tse di latelang.

  •   Sekolo. Fa bana ba fetsa nako e ntsi ba le mmogo, seo se ka dira gore ba feleletse ba tsaya kgakololo ya dithaka tsa bone e le botlhokwa go feta ya batsadi ba bone. Mokgwa oo o ka oketsega fa bana ba ntse ba gola.

    Bana ba tshwanetse ba batla go amogelwa ke batsadi ba bone, go na le go batla go amogelwa ke bana ba ba tsenang sekolo le bone

  •   Go se fetse nako e ntsi mmogo. Mo malapeng a le mantsi, fa bana ba tswa sekolong, ba fitlhela go se na ope kwa gae ka gonne batsadi ba sa ntse ba le kwa tirong.

  •   Dilo tse basha ba di ratang. Fa bana ba tsena mo dingwageng tsa bosha, ba simolola go bua, go itshwara le go apara ka tsela e basha ba bangwe ba aparang ka yone. Ba tsaya kgakololo ya basha ba bangwe e le botlhoka go feta ya batsadi ba bone.

  •   Kgwebo. Dikgwebo di le dintsi di direla basha dilo tse di farologaneng, jaaka dilo tsa go itlosa bodutu. Mme dilo tseo di dira gore go nne thata gore batsadi ba tlhaloganye bana ba bone. Dr Robert Epstein a re: “Fa basha ba ne ba ka se rate dilo tse dikgwebo di di bapatsang, seo se ne se ka dira gore dikgwebo di le dintsi di se ka tsa atlega.” a

 Se o ka se dirang

  •   Atamalana le ngwana wa gago.

     Baebele e a re: “Mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; o a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.”—Duteronome 6:6, 7.

     Bana ba ka nna le ditsala, mme ditsala tsa bone ga di a tshwanela go tsaya maikarabelo a gago a go nna motsadi. Se se kgatlhang ke gore, basha ba le bantsi ba tlotla batsadi ba bone e bile ba batla go ba itumedisa. Fa o atamalane le bana ba gago, o tla nna le tlhotlheletso e e molemo mo go bone go feta ditsala tsa bone.

     “O tshwanetse go fetsa nako le bana ba gago, o dira dilo tsa letsatsi le letsatsi le bone, jaaka go apaya, go phepafatsa le go ba thusa ka tiro ya sekolo. Dira dilo tse di ba itumedisang—jaaka go tshameka le bone, o lebelele di-movie le bone kgotsa TV. O se ka wa akanya gore o tlhoka go fetsa nako le bana ba gago fela fa lo dira dilo tsa botlhokwa. Fa o fetsa nako e nnye le ngwana wa gago go ka nna thata gore atamalana le ene!”—Lorraine.

  •   Ela tlhoko gore ngwana wa gago ga a itsalanye le dithaka tsa gagwe fela.

     Baebele e a re: “Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane.”—Diane 22:15.

     Batsadi bangwe ba a itumela fa ba bona ngwana wa bone a na le ditsala tse dintsi. Le fa ngwaga a ka lebega a na le ditsala tse dintsi, o tlhoka ditsala tsa dingwaga tse di farologaneng tse di ka mo thusang gore a gole sentle. Gakologelwa gore ditsala ga di ka ke tsa neela ngwana wa gago kgakololo e e lorato le e e tshwanetseng jaaka ya gago.

     “Dithaka tsa ngwana wa gago di ka tswa di na le kitso nngwe. Mme seo ga se reye gore ba na le maitemogelo ka botshelo le botlhale jo bo ka thusang bana ba bangwe go dira ditshwetso tse di siameng. Fa bana ba latela kaelo ya batsadi ba bone ba gola sentle.”—Nadia.

  •   Ba gakolole ka botlhale.

     Baebele e a re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Diane 13:20.

     Fa o fetsa nako le bana ga gago, seo se tla ba solegela molemo le fa ba setse ba godile. Ba tlhomele sekao.

     “Batsadi ke bone ba segolobogolo e ka nnang dikao tse dintle mo baneng ba bone. Fa bana ba rutilwe go rata batsadi ba bone le go ba tlotla, ba tla batla go tshwana le bone fa ba gola.”—Katherine.

a Go tswa mo bukeng ya Teen 2.0—Saving Our Children and Families From the Torment of Adolescence.