Fetela kwa tshedimosetsong

A E TLHAMILWE?

Tsela e Tshoswane Nngwe e Iphimolang Leswe ka Yone

Tsela e Tshoswane Nngwe e Iphimolang Leswe ka Yone

Gore ditshenekegi di kgone go fofa, go pagama le go itse kwa di leng gone, di tlhoka go nna di le phepa. Fa o lebile tshoswane, e na le dilo tse e keteng dinaka mo tlhogong mme dinaka tseo di e thusa go bona tsela e di tsamayang mo go yone, go thusana le tse dingwe le gore e kgone go dupa. Mme fa dinaka tseo di le leswe, go nna thata gore tshoswane e kgone go dira dilo tseo. Alexander Hackmann yo o ithutang ka diphologolo a re “ga o kitla o tsamaya o bona ditshenekegi di le leswe. Di na le tsela e di iphimolang leswe ka yone.”

Akanya ka seno: Hackmann le badirimmogo le ene ba ile ba ithuta tsela e tshoswane nngwe (e e bidiwang carpenter ant) e iphimolang leswe ka yone. Ba lemogile gore fa dinaka tsa tshoswane eo di le leswe, tshoswane e koba leoto la yone gore le tshwane le tang e bo e tshwara lenaka leo e le goga. Mo leotong la tshoswane eno go na le meriri e e sa lekalekaneng e e tshwanang le meno a borashe mme e thusa go tlosa leswe la mofuta mongwe le mongwe mo dinakeng tsa yone.

Bona tsela e tshoswane eno e iphimolang leswe ka yone

Hackmann le badirimmogo le ene ba dumela gore tsela e tshoswane eno e iphimolang leswe ka yone e ka thusa fa go tla mo go phepafatseng mafelo a go direlwang dilo tsa eleketeroniki gone tse motho a tlhokang go nna kelotlhoko thata fa a bereka ka tsone.

O akanyang? A leoto la tshoswane eno le le phepafatsang dinaka tsa yone le itlhagetse fela? Kgotsa a le tlhamilwe?