Baefeso 4:1-32

  • Mmele wa ga Keresete o kopanngwa mmogo (1-16)

    • Banna ba ba nang le bokgoni jwa go dira ditiro tse di farologaneng (8)

  • Botho jo bogologolo le jo bosha (17-32)

4  Ka jalo, nna yo ke leng mo kgolegelong+ ka ntlha ya go direla Morena, ke lo kopa gore lo itshware ka tsela e e bontshang gore lo tshwanela+ pitso e lo e amogetseng,  ka metlha lo le boikokobetso,*+ lo le bonolo, lo le pelotelele,+ lo itshokelana ka lorato,+  lo dirisana ka kagiso fa lo ntse lo leka go nna seoposengwe lo thusiwa ke moya o o boitshepo.+  Go na le mmele o le mongwe,+ le moya o le mongwe,+ fela jaaka lo ne lwa bilediwa mo tsholofelong e le nngwe;+  Morena a le mongwe,+ tumelo e le nngwe, kolobetso e le nngwe;  Modimo a le mongwe le Rara wa batho botlhe, yo o okametseng botlhe, o dirisa botlhe e bile o mo go botlhe.  Mongwe le mongwe wa rona o ne a amogela bopelonomi jo bogolo* jwa Modimo, mme Keresete ke ene yo o neng a re naya mpho eno.+  Gonne Dikwalo tsa re: “E rile a tlhatlogela kwa godimo, o ne a golola ba ba tshwerweng; o ne a abela phuthego banna ba ba nang le bokgoni jwa go dira ditiro tse di farologaneng.”*+  Jaanong polelwana e e reng “a tlhatlogela” e kaya eng? E kaya gore pele ga foo o ne a fologela mo lefatsheng. 10  Ene yo o neng a fologa ke ene yo gape a neng a tlhatlogela+ kwa godimo ga magodimo otlhe,+ gore dilo tsotlhe di tle di diragadiwe. 11  Mme o ne a aba bangwe gore e nne baaposetoloi,+ bangwe gore e nne baporofeti,+ bangwe gore e nne baefangele,*+ bangwe gore e nne badisa le barutisi,+ 12  gore ba thuse* ba ba boitshepo go tsamaya mo tseleng e e siameng, gore ba direle ba bangwe le gore ba age mmele* wa ga Keresete,+ 13  go fitlha rotlhe re nna seoposengwe mo tumelong le mo kitsong e e boammaaruri ka ga Morwa Modimo, gore re tshwane le monna yo o godileng+ go fitlha mo selekanyong se Keresete a neng a godile ka sone. 14  Ka jalo, ga re a tshwanela go tlhola re nna masea, re phailelwa kwa le kwa jaaka e kete re phailwa ke makhubu a lewatle e bile re akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya dithuto+ tse di seng boammaaruri tsa batho ba ba tsietsang ba bangwe. 15  Mme e re ka re bua boammaaruri ka gonne re tlhotlhelediwa ke lorato, a re goleng mo dilong tsotlhe re etse tlhogo, e bong Keresete.+ 16  Go tswa mo go ene, mmele otlhe+ o kopanngwa mmogo e bile karolo nngwe le nngwe e thusa e nngwe gore e neye mmele se o se tlhokang. Fa karolo nngwe le nngwe e dira tiro ya yone sentle, e thusa mmele gore o gole mme seo se dira gore mmele otlhe o nonofe mo loratong.+ 17  Ka jalo, ke bua jaana e bile ke naya bosupi mo Moreneng gore lo se ka lwa tlhola lo tshela jaaka batho ba ditšhaba tse dingwe ba tshela+ ka gonne ba tshela go dumalana le dikakanyo tsa bone tse di se nang mosola.*+ 18  Megopolo ya bone e mo lefifing e bile ba kgaogane le botshelo jo bo tswang kwa Modimong, ka gonne ba sa batle go itse Modimo le ka gonne ba thatafaditse* dipelo tsa bone. 19  E re ka ba sa tlhole ba tlhabiwa ke ditlhong gotlhelele, ba ne ba nwelelela mo boitshwarong jo bo repileng jwa go sa kgathale*+ gore ba dire boitshekologo* jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru. 20  Le fa go ntse jalo, lona ga lo a ka lwa itse Keresete e le motho yo o ntseng jalo, 21  mme lo ne lwa utlwa lwa bo lwa rutiwa ka boammaaruri jo Jesu a neng a bo ruta. 22  Lo ne lwa rutiwa gore lo apole botho jwa lona jwa bogologolo+ jo bo tsamaisanang le tsela e lo kileng lwa bo lo itshwara ka yone pele le jo bo leswafadiwang ke dikeletso tsa jone tse di bosula tse di lo tsietsang.+ 23  Le fa go ntse jalo, tswelelang lo ntšhafatsa tsela e lo akanyang ka yone,*+ 24  e bile lo apare botho jo bosha+ jo Modimo a bo dirileng go ya ka thato ya gagwe; mme botho jono, ruri bo siame e bile bo a ikanyega. 25  Ka jalo, e re ka jaanong lo latlhile maaka, a mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe,+ ka gonne rotlhe re dikarolo tsa mmele o le mongwe.+ 26  Fa lo galefa, lo se ka lwa leofa;+ lo se ka lwa letla gore letsatsi le phirime lo sa ntse lo galefile;+ 27  lo se ka lwa naya Diabolo sebaka.+ 28  A yo o utswang a se ka a tlhola a utswa; go na le moo a a dire ka natla, a dire tiro e e molemo ka diatla tsa gagwe,+ gore a tle a nne le sengwe se a ka se abelang yo o tlhokang.+ 29  A lefoko le le bodileng le se ka la tswa mo molomong wa lona,+ mme a go tswe fela se se molemo go aga batho ba bangwe kafa go tlhokegang ka gone, gore ba tle ba nonotshiwe ke se ba se utlwang.+ 30  Gape, lo se ka lwa hutsafatsa* moya o o boitshepo wa Modimo,+ o Modimo a lo tshwaileng ka one+ gore mo letsatsing la kgololo, lo gololwe ka thekololo.+ 31  Tlogelang mofuta mongwe le mongwe wa kgakalo,+ bogale, tšhakgalo, go goa thata le mafoko a a kgobang,+ mmogo le sengwe le sengwe se se utlwisang botlhoko.+ 32  Mme tshwaranang ka bopelonomi, lo tlhomogelane pelo,+ lo itshwarelane ka pelo yotlhe fela jaaka Modimo le ene a lo itshwaretse ka ntlha ya se Keresete a se dirileng.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ka mogopolo o o ikokobeditseng.”
Seger., “a aba banna gore e nne dimpho.”
Kgotsa “bareri ba dikgang tse di molemo.”
Kgotsa “ba katise.”
Go tewa phuthego.
Kgotsa “tse di lolea; tse di se nang sepe.”
Seger., “kgwaraladitse.”
Kgotsa “boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” Ka Segerika, a·sel′gei·a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “tswelelang lo dirwa basha mo maatleng a a tlhotlheletsang megopolo ya lona.” Seger., “mo moyeng wa megopolo ya lona.”
Kgotsa “utlwisa botlhoko.”