Bagalatia 5:1-26

  • Bakeresete ba golotswe (1-15)

  • Go kaelwa ke moya (16-26)

    • Ditiro tsa mmele o o nang le boleo (19-21)

    • Maungo a moya o o boitshepo (22, 23)

5  Keresete o re golotse gore re se ka ra tlhola re laolwa ke Molao wa ga Moshe. Ka jalo, emang lo sa tshikinyege+ mme lo se ka lwa itetla go nna makgoba gape.+  Nna Paulo, ke lo raya ke re fa lo rupa, se Keresete a se dirileng ga se kitla se lo tswela mosola.+  Gape ke bolelela mongwe le mongwe yo o rupang gore o patelesega go latela Molao otlhe wa ga Moshe.+  Lo kgaogane le Keresete fa e le gore lo bolelwa lo siame ka gonne lo latela molao;+ lo katogetse kgakala le bopelonomi jwa gagwe jo bogolo.*  Mme rona, moya wa Modimo o dira gore re nne re letile ka tlhoafalo e bile re solofetse go bona maduo a go bo re kailwe re siame ka ntlha ya tumelo ya rona.  Gonne fa re le barutwa ba ga Keresete Jesu, go rupa kgotsa go sa rupe ga go na mosola,+ mme tumelo e motho a e bontshang ka ditiro a tlhotlhelediwa ke lorato, ke yone e e nang le mosola.  Lo ne lo dira dilo sentle.*+ Ke mang yo o neng a lo kgoreletsa gore lo se ka lwa tswelela lo ikobela boammaaruri?  Tlhotlheletso eno ga e tswe mo Modimong yo o lo bitsang.  Sebediso se sennye se bedisa bupi jotlhe jo bo dubilweng.+ 10  Ke tshepa gore lona barutwa ba ga Jesu,+ lo tla dumalana le nna; motho ope fela yo o lo tshwenyang,+ le fa e ka tswa e le mang, o tla amogela katlholo e e mo tshwanelang. 11  Mme nna bakaulengwe, fa e le gore ke sa ntse ke ruta batho gore ba rupe, ke ka ntlha yang fa ke sa ntse ke bogisiwa? Fa go ntse jalo, go raya gore kota ya tlhokofatso*+ ga e tlhole e kgopisa ba ba nkganetsang. 12  Ke eletsa gore banna ba ba lo rayang ba re lo rupe ba ikgaole bonna.* 13  Bakaulengwe, Modimo o ne a lo tlhopha gore lo gololesege; lo se ka lwa dirisa kgololesego eno go diragatsa dikeletso tse di sa siamang,+ mme a lorato lo le tlhotlheletse go direlana.+ 14  Gonne Molao otlhe wa ga Moshe o diragaditswe* ka taelo e le nngwe, e e reng: “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.”+ 15  Mme, fa lo nnela go utlwisana botlhoko le go bogisana,+ lo mo kotsing ya go nyeletsana.+ 16  Mme ka re, nnang lo kaelwa ke moya+ mme ga lo kitla lo diragatsa dikeletso tse di sa siamang.+ 17  Gonne dikeletso tse di sa siamang ga di dumalane le moya, mme moya wa Modimo one ga o dumalane le dikeletso tse di sa siamang; dilo tseno di a ganetsana, mo e leng gore ga lo dire dilo tse lo batlang go di dira.+ 18  Mo godimo ga moo, fa e le gore lo kaelwa ke moya wa Modimo, ga lo laolwe ke molao. 19  Jaanong ditiro tsa mmele o o nang le boleo, di kgona go bonala sentle. Ditiro tseo ke boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo,*+ boitshekologo,* boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale,*+ 20  kobamelo ya medingwana,+ go dirisana le badimo,* go nna setlhogo, dikgogakgogano, go nna lefufa, go phatloga ka bogale, manganga, dikgaogano, makoko, 21  bopelotshetlha, botagwa,+ meletlo ya botlhapelwa, le dilo tse di tshwanang le tseno.+ Ke lo tlhagisa go sa le pele ka dilo tseno, ka tsela e ke setseng ke lo tlhagisitse ka yone, gore ba ba dirang dilo tseo ga ba kitla ba rua Bogosi Jwa Modimo.+ 22  Ka fa letlhakoreng le lengwe, maungo a moya o o boitshepo ke lorato, boitumelo,* kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo,+ tumelo, 23  bonolo le boikgapo.+ Ga go na molao ope o o kgatlhanong le dilo tseno. 24  Mo godimo ga moo, ba e leng ba ga Keresete ba bolaile maikutlo le dikeletso tse di sa siamang.+ 25  Fa e le gore re letla moya wa Modimo o kaela matshelo a rona, a re tsweleleng re tsamaya ka thulaganyo re kaelwa ke moya.+ 26  A re se ka ra ikgogomosa,+ ra gaisana,+ ra nna pelotshetlha.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “Lo ne lo siana sentle.”
Kgotsa “ba nne baopafadiwa,” gore ba se ka ba tlhola ba tshwanelega go latela molao o ba neng ba o buelela.
Kgotsa gongwe “o sobokantswe.”
Ka Segerika, por·nei′a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” Ka Segerika, a·sel′gei·a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “boloi.”
Kgotsa “boipelo.”