Baroma 12:1-21

  • Ntshang mebele ya lona e le setlhabelo se se tshelang (1, 2)

  • Dimpho ga di tshwane mme mmele o mongwe (3-8)

  • Kgakololo ya gore Bakeresete ba tshele jang (9-21)

12  Ka jalo bakaulengwe, e re ka Modimo a lo tlhomogetse pelo, ke kopa gore lo ntshe mebele ya lona+ e le setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo+ le se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo lo dirisa bokgoni jwa lona jwa go akanya.+  Mme tlogelang go etsa tsela e batho ba lefatshe leno* ba dirang dilo ka yone. Go na le moo, letlang Modimo gore a fetole tsela e lo akanyang ka yone,+ gore lo iponele+ se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.  Gonne ka ntlha ya bopelonomi jo bogolo* jo Modimo a bo mpontshitseng, ke rotloetsa mongwe le mongwe wa lona gore a se ka a akanya gore o botlhokwa thata.+ Le fa go ntse jalo, a mongwe le mongwe a akanye sentle mme a itebe ka tsela e e tshwanetseng go ya ka selekanyo sa tumelo e Modimo a mo neileng* yone.+  Gonne mmele o na le dikarolo di le dintsi,+ mme dikarolo tseo ga di dire tiro e e tshwanang.  Ka tsela e e tshwanang, le fa re le bantsi, re mmele o le mongwe ka gonne re seoposengwe le Keresete. Mme e re ka re le dikarolo tsa mmele tse di sa tshwaneng, mongwe le mongwe wa rona o ikaegile ka yo mongwe.+  E re ka jaanong re na le dimpho tse di sa tshwaneng go ya ka bopelonomi jo bogolo jo re bo neilweng,+ fa e le gore re neilwe mpho ya go porofeta, a re porofeteng go ya ka tumelo e re nang le yone;  fa e le gore re neilwe bodiredi, a re bo direng ka pelo yotlhe; fa e le gore mongwe o neilwe mpho ya go ruta, a a tswelele a ruta;+  kgotsa yo o kgothatsang,* a a tswelele a kgothatsa;*+ yo o abang,* a a abe ka pelo e ntle;+ yo o okamelang* ba bangwe, a a dire jalo a tlhoafetse;+ yo o utlwelang ba bangwe botlhoko, a a dire jalo a itumetse.+  Lo se ka lwa itira e kete lo rata batho ba bangwe mme lo sa ba rate.*+ Tlhoang se se bosula;+ ngaparelang se se molemo. 10  Ratanang thata jaaka bana ba motho ba ratana. Nnang ba ntlha* go tlotla ba bangwe.+ 11  Dirang ka natla,* lo se ka lwa nna ditshwakga.*+ A moya o o boitshepo o dire gore lo tlhoafale.+ Direlang Jehofa* ka pelo yotlhe.+ 12  Itumeleng ka ntlha ya tsholofelo ya lona. Itshokeng fa lo na le mathata.+ Nnang lo rapela.+ 13  Abelang bakaulengwe ba lona* dilo tse ba di tlhokang.+ Amogelang ba bangwe ka lorato.+ 14  Nnang lo rapelele gore ba ba lo bogisang ba segofadiwe;+ kopang Modimo gore a segofatse batho mme lo se ka lwa bua dilo tse di bosula ka bone.+ 15  Itumeleng le batho ba ba itumelang; lelang le batho ba ba lelang. 16  Akanyetsang ba bangwe fela jaaka lo ikakanyetsa; lo se ka lwa tlhoma mogopolo mo dilong tse di kwa godimo, mme ikokobetseng.*+ Lo se ka lwa akanya gore lo botlhale go feta ba bangwe.+ 17  Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.+ Dirang dilo tse batho ba di tsayang di siame.* 18  Fa go kgonega, dirang sotlhe se lo ka se kgonang go agisana le batho botlhe.+ 19  Bakaulengwe ba me ba ba rategang, lo se ka lwa ipusolosetsa, mme sutelang bogale jwa Modimo;+ ka gonne go kwadilwe jaana: “ ‘Ke tla busolosa; ke tla duela,’ go bua Jehofa.”*+ 20  Mme “fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo neye dijo; fa a nyorilwe, mo neye sengwe gore a nwe; ka gonne fa o dira jalo, o tla bo o koela magala a a tukang mo tlhogong ya gagwe.”*+ 21  Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “tsamaiso eno ya dilo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “abetseng.”
Kgotsa “etelelang pele.”
Kgotsa “yo o nayang ba bangwe dimpho.”
Kgotsa “rotloetsa.”
Kgotsa “rotloetsang.”
Seger., “A lorato lwa lona e nne lo lo se nang boitimokanyo.”
Kgotsa “Etelelang pele.”
Kgotsa “Tlhoafalang.”
Kgotsa “Lo se ka lwa nyahala mo tirong ya lona.”
Seger., “ba ba boitshepo.”
Kgotsa “mme yang le dilo tse di kwa tlase.”
Kgotsa “tse di siameng mo matlhong a batho.”
Go tewa go fokotsa bogale jwa motho le go dira gore a nne bonolo.