Ditiro Tsa Baaposetoloi 15:1-41

  • Kganetsano kwa Antioka ka kgang ya go rupa (1, 2)

  • Kgang eo e isiwa kwa Jerusalema (3-5)

  • Bagolwane le baaposetoloi ba a kopana (6-21)

  • Lekwalo le le tswang kwa setlhopheng se se laolang (22-29)

    • Go ithiba mo mading (28, 29)

  • Diphuthego di kgothadiwa ke lekwalo (30-35)

  • Paulo le Barenabase ba a kgaogana (36-41)

15  Jaanong banna bangwe ba ile ba tla ba tswa kwa Judea mme ba simolola go ruta bakaulengwe ba re: “Fa lo sa rupe go dumalana le molao wa ga Moshe,+ ga lo ka ke lwa bolokwa.”  Mme fa Paulo le Barenabase ba sena go ngangisana le go ganetsana thata le bone, go ne ga rulaganngwa gore Paulo, Barenabase le batho ba bangwe ba ye go kopana le baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema+ ka kgang* eno.  Ka jalo, fa phuthego e sena go ba buledisa* sekgalanyana, banna bano ba ne ba tswelela ka loeto lwa bone ba ralala Fonikia le Samarea, ba tlhalosa ka botlalo gore batho ba ditšhaba tse dingwe ba ne ba simolotse go obamela Modimo,* mme fa bakaulengwe botlhe ba utlwa seno ba ne ba itumela thata.  Fa ba goroga kwa Jerusalema, batho ba phuthego ya koo le baaposetoloi le bagolwane ba ne ba ba amogela ka lorato, mme Paulo le Barenabase ba ne ba ba bolelela dilo tse dintsi tse Modimo a neng a di dirile a ba dirisa.  Le fa go ntse jalo, bangwe ba lekoko la Bafarasai ba jaanong e neng e le badumedi ba ne ba ema mo ditulong tsa bone ba bo ba re: “Ba tshwanetse go rupisiwa le go laelwa gore ba ikobele Molao wa ga Moshe.”+  Ka jalo, baaposetoloi le bagolwane ba ne ba kopana mmogo gore ba sekaseke kgang eno.  Fa ba sena go sekaseka kgang eno thata,* Petere o ne a ba raya a re: “Banna ba gaetsho, bakaulengwe, lo itse sentle gore go tswa bogologolong Modimo o ne a tlhopha nna mo go rona rotlhe, gore ke bolelele batho ba ditšhaba tse dingwe molaetsa wa dikgang tse di molemo mme ba dumele.+  Mme Modimo, yo o bonang se se mo pelong,+ o ne a bontsha gore o a ba amogela ka go ba naya moya o o boitshepo,+ fela jaaka a ile a dira ka rona.  Mme ga a ka a re farologanya le bone ka tsela epe fela,+ go na le moo, o ne a phepafatsa dipelo tsa bone ka ntlha ya tumelo ya bone.+ 10  Jaanong ke ka ntlha yang fa lo leka Modimo ka go rwesa barutwa morwalo o o bokete,+ o borraaronamogolo kgotsa rona re neng re sa kgone go o rwala?+ 11  Go farologana le seo, re na le tumelo ya gore re bolokilwe ka bopelonomi jo bogolo* jwa Morena Jesu,+ ka tsela e e tshwanang le e ba bolokilweng ka yone.”+ 12  Foo botlhe ba ne ba didimala, mme ba ne ba simolola go reetsa Barenabase le Paulo fa ba ba bolelela ditshupo le dikgakgamatso di le dintsi tse Modimo a neng a di dirile mo ditšhabeng a ba dirisa. 13  Fa ba sena go bua, Jakobe o ne a re: “Banna ba gaetsho, bakaulengwe, ntheetseng. 14  Semeone+ o sa tswa go re tlhalosetsa ka botlalo gore jaanong Modimo o amogetse ditšhaba tse dingwe, gore a ntshe batho ba ba tla bidiwang ka leina la gagwe mo go tsone.+ 15  Mme mafoko ano a Baporofeti a dumalana le seno, fela jaaka go kwadilwe go twe: 16  ‘Morago ga dilo tseno ke tla boa ke bo ke tsosa ntlo* ya ga Dafide e e oleng; e bile ke tla aga marope a yone sesha ke bo ke e tsosolosa, 17  gore batho ba ba salang ba tle ba direle Jehofa* ka tlhoafalo, mmogo le batho ba ditšhaba tsotlhe, batho ba ba bidiwang ka leina la me, go bua Jehofa,* yo o dirang dilo tseno,+ 18  yo o saleng a itsiwe go tswa bogologolong.’+ 19  Ka jalo, tshwetso* ya me ke gore re se ka ra tshwenya batho ba ba tswang mo ditšhabeng tse dingwe ba ba batlang go direla Modimo,+ 20  go na le moo, a re ba kwaleleng gore ba tile dilo tse di amanang le kobamelo ya medingwana,+ ba tile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo,*+ ba tile go ja nama ya sepe fela se se bolailweng se sa tshololwa madi e bile ba ithibe mo mading.+ 21  Gonne go tswa metlheng ya bogologolo, go ntse go na le ba ba rerang ba dirisa dibuka tsa ga Moshe mo metseng ka go latelana, ka gonne ka sabata mongwe le mongwe ba bala dibuka tseno mo disinagogeng.”+ 22  Go tswa foo, baaposetoloi le bagolwane, mmogo le phuthego yotlhe, ba ne ba dira tshwetso ya go romela banna ba ba tlhophilweng gore ba ye kwa Antioka ba na le Paulo le Barenabase; ba ne ba roma Judase yo o neng a bidiwa Baresabase le Silase,+ e leng banna ba ba neng ba eteletse bakaulengwe pele. 23  Ba ne ba kwala lekwalo leno ba bo ba le ba naya: “Go tswa kwa bakaulengweng ba lona, e leng baaposetoloi le bagolwane. Re kwalela bakaulengwe ba ba kwa Antioka,+ Siria le Kilikia ba ba tswang mo ditšhabeng tse dingwe re re: Madume! 24  E re ka re utlwile gore bangwe ba dule mo go rona mme ba lo baketse mathata ka se ba ileng ba se bua,+ ba leka go lo faposa, le fa gone re ne re sa ba laela go dira jalo, 25  rotlhe re ile ra dumalana mme ra dira tshwetso ya gore re tlhophe banna bangwe re bo re ba roma kwa go lona ba na le bakaulengwe ba rona ba ba rategang e bong Barenabase le Paulo, 26  banna ba ba ileng ba ntsha matshelo* a bone ka ntlha ya leina la Morena wa rona Jesu Keresete.+ 27  Ka jalo, re romela Judase le Silase, gore le bone ba tle ba lo bolelele dilo tseno.+ 28  Gonne moya o o boitshepo+ o re thusitse go dira tshwetso ya gore re se ka ra lo okeletsa morwalo o mongwe ntle le dilo tseno tse di tlhokegang: 29  tswelelang lo tila dilo tse di ntshediwang medingwana ditlhabelo,+ lo ithiba mo mading,+ lo tila go ja nama ya sepe fela se se bolailweng se sa tshololwa madi+ e bile lo tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.*+ Fa lo tswelela lo tila dilo tseno, dilo di tla lo tsamaela sentle. Re lo eleletsa tse di molemo!”* 30  Ka jalo, banna bano ba ne ba tsamaya ba ya kwa Antioka, mme ba ne ba phutha batho botlhe ba phuthego ya koo ba bo ba ba naya lekwalo. 31  Fa ba sena go le bala, ba ne ba itumelela mafoko ao a a kgothatsang. 32  Mme e re ka Judase le Silase le bone e ne e le baporofeti, ba ne ba kgothatsa bakaulengwe ka dipuo di le dintsi ba bo ba ba nonotsha.+ 33  Fa ba sena go nna nakonyana koo, bakaulengwe ba ne ba ba tsamaisa ka kagiso gore ba boele kwa go ba ba neng ba ba romile. 34  *—— 35  Le fa go ntse jalo, Paulo le Barenabase ba ne ba sala kwa Antioka, ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo tsa lefoko la ga Jehofa,* ba na le ba bangwe ba bantsi. 36  Morago ga malatsinyana Paulo o ne a raya Barenabase a re: “A jaanong re* boele kwa metseng yotlhe e re neng ra rera lefoko la ga Jehofa* kwa go yone mme re etele bakaulengwe go ya go bona gore ba ntse ba tsoga jang.”+ 37  Barenabase o ne a ikemiseditse go tsaya Johane, yo o neng a bidiwa Mareko, gore a tsamaye le bone.+ 38  Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a sa dumalane le kgang ya gore ba tsamaye le ene, ka gonne o ne a ba tlogetse kwa Pamfilia mme a se ka a tsamaya le bone kwa tirong ya go rera.+ 39  Foo ba ne ba omana botlhoko tota, mo e leng gore ba ne ba kgaogana; mme Barenabase+ o ne a tsamaya le Mareko ka mokoro ba ya kwa Kupero. 40  Paulo o ne a tlhopha Silase, mme fa bakaulengwe ba sena go rapela Jehofa* gore a mo tlhokomele, o ne a tsamaya.+ 41  O ne a ya kwa Siria le kwa Kilikia, a nonotsha diphuthego.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kganetsano.”
Kgotsa “felegetsa.”
Kgotsa “ba sokologile.”
Kgotsa “go ganetsana thata.”
Kgotsa “loobo; tente.”
Kgotsa “kakantsho.”
Ka Segerika, por·nei′a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “Lo nne le botsogo jo bontle!”
Ka Segerika, por·nei′a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa gongwe “A re leke ka natla go.”