Genesise 9:1-29

  • Ditaelo tse di amang batho botlhe (1-7)

    • Molao o o malebana le madi (4-6)

  • Kgolagano ya motshe wa godimo (8-17)

  • Dipolelelopele ka ga ditlogolwana tsa ga Noa (18-29)

9  Modimo o ne a segofatsa Noa le bomorwawe a bo a ba raya a re: “Atang lo nne bantsi lo tlatse lefatshe.+  Setshedi sengwe le sengwe sa mo lefatsheng le setshedi sengwe le sengwe se se fofang sa magodimo, le sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng le ditlhapi tsotlhe tsa lewatle, di tla lo boifa e bile di tla lo tshaba. Jaanong di tsentswe mo seatleng sa lona.*+  Lo ka nna lwa ja phologolo nngwe le nngwe e e tshelang.+ Fela jaaka ke lo neile dimela tse di tala, diphologolo tsotlhe le tsone ke a lo di naya gore e nne dijo tsa lona.+  Nama e e nang le botshelo* jwa yone, e leng madi a yone,+ ke yone fela e lo sa tshwanelang go e ja.+  Mo godimo ga moo, setshedi sengwe le sengwe se se tshololang madi a lona ke tla se bona molato. Fa motho a tsholola madi a motho yo mongwe, ke tla mmona molato ka gonne ke morwarraagwe.+  Ope fela yo o bolayang motho,* le ene o tla bolawa ke motho,+ ka gonne Modimo o dirile motho mo setshwanong sa gagwe.+  Fa e le lona, atang lo nne bantsi mme lo oketsege thata mo lefatsheng.”+  Go tswa foo, Modimo o ne a raya Noa le bomorwawe a re:  “Jaanong ke dira kgolagano le lona+ le bana ba lona 10  le setshedi* sengwe le sengwe se se nang le lona, dinonyane, diphologolo le ditshedi tsotlhe tse di mo lefatsheng tse di nang le lona, tsotlhe tse di neng tsa tswa mo arakeng, e leng ditshedi tsotlhe tse di mo lefatsheng.+ 11  Ruri ke dira kgolagano le lona: Ga nkitla ke tlhola ke fedisa ditshedi tsotlhe ka morwalela e bile ga nkitla ke tlhola ke senya lefatshe ka morwalela.”+ 12  Mme Modimo o ne a oketsa a re: “Seno ke sesupo sa kgolagano e ke e dirang le lona le setshedi* sengwe le sengwe se se nang le lona, e e tla tswelelang go fitlha mo dikokomaneng tse di latelang. 13  Ke baya motshe wa godimo mo lerung, mme e tla nna sesupo sa kgolagano fa gare ga me le lefatshe. 14  Nako nngwe le nngwe fa ke tlisa leru mo godimo ga lefatshe, foo motshe wa godimo o tla bonala mo lerung. 15  Ruri ke tla gakologelwa kgolagano ya me e ke e dirileng le lona le setshedi* sengwe le sengwe sa mofuta mongwe le mongwe; e bile metsi ga a kitla a tlhola a nna morwalela gore a fedise ditshedi tsotlhe.+ 16  Mme motshe wa godimo o tla bonala mo lerung, mme ke tla o bona ke bo ke gakologelwa kgolagano e e nnetseng ruri e e fa gare ga me le ditshedi* tsotlhe tsa mofuta mongwe le mongwe tse di mo lefatsheng.” 17  Modimo o ne a boeletsa se a se boleletseng Noa a re: “Seno ke sesupo sa kgolagano e ke e dirang le setshedi sengwe le sengwe se se mo lefatsheng.”+ 18  Bomorwa Noa ba ba neng ba tswa mo arakeng e ne e le Sheme, Hame le Jafethe.+ Moragonyana Hame o ne a nna rraagwe Kanana.+ 19  Ba bararo bano e ne e le bomorwa Noa, mme batho botlhe ba ba nnang mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ba tswa mo go bone.+ 20  Jaanong Noa o ne a simolola go lema mme a jala tshimo ya morara.* 21  Fa a sena go nwa beine a bo a tlhapelwa, o ne a ikapola a le mo tenteng ya gagwe. 22  Hame, rraagwe Kanana, o ne a bona rraagwe a sa apara mme a bolelela Sheme le Jafethe kwa ntle. 23  Ka jalo, Sheme le Jafethe ba ne ba tsaya seaparo ba se baya mo magetleng a bone ba bo ba tsena ba tsamaya ka sammamorago. Ba ne ba apesa rraabone ba ntse ba lebile go sele, mme ga ba a ka ba bona rraabone a sa apara. 24  Fa Noa a sena go tlhapogelwa mme a utlwa se morwawe yo mmotlana a se dirileng, 25  o ne a re: “A Kanana+ a hutsege. A a nne motlhanka* wa bomorwarraagwe.”+ 26  Mme o ne a oketsa jaana: “A go bakwe Jehofa, Modimo wa ga Sheme,Mme a Kanana a nne motlhanka wa gagwe.+ 27  A Modimo a neye Jafethe naga e kgolo,Mme a a age mo ditenteng tsa ga Sheme. A le ene, Kanana a nne motlhanka wa gagwe.” 28  Morago ga Morwalela, Noa o ne a tswelela a tshela dingwaga di le 350.+ 29  Ka jalo, dingwaga tsotlhe tse Noa a di tshetseng di ne di le 950, go tswa foo o ne a swa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mo taolong ya lona.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “yo o tshololang madi a motho.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “motlhanka wa maemo a a kwa tlase thata.”