Isaia 65:1-25

  • Jehofa o atlhola ba ba obamelang medingwana (1-16)

    • Modimo wa Masego le modimo yo o laolang bokamoso (11)

    • “Batlhanka ba me ba tla ja” (13)

  • Magodimo a masha le lefatshe le lesha (17-25)

    • Ba tla aga matlo; ba tla jala masimo a morara (21)

    • Ga ba kitla ba dira ka natla ba direla lefela (23)

65  “Ke itetlile gore ke itsiwe ke batho ba ba neng ba sa botse ka nna;Ke itetlile gore ke bonwe ke batho ba ba neng ba sa mpatle.+ Ke ne ka raya setšhaba se se neng se sa bitse leina la me ka re, ‘Ke fano, ke fano!’+   Letsatsi le letsatsi ke ne ke otlololela batho ba ba tlhogoethata diatla tsa me,+Ba ba tsamayang mo tseleng e e sa siamang,+Ba ba latelang dikakanyo tsa bone;+   Batho ba ba nnang ba ntlhapatsa ba sa iphitlhe,+Ba ba ntshang setlhabelo mo ditshingwaneng+ e bile ba kuisa mosi wa setlhabelo mo godimo ga ditena.   Ba nna mo mabitleng,+E bile ba lala mo mafelong a a fitlhegileng,*Ba ja nama ya kolobe,+E bile moro wa dilo tse di leswe* o mo dijaneng tsa bone.+   Ba re, ‘Emela foo; o se ka wa nkatamela,Gonne ke boitshepo go go feta.’* Bano ke mosi mo marobeng a dinko tsa me, molelo o o tukang letsatsi lotlhe.   Go kwadilwe fa pele ga me;Ga nkitla ke ema fela,Le fa go ntse jalo, ke tla ba duela,+Ke tla ba duela ka botlalo*   Ka ntlha ya melato ya bone le ka ntlha ya melato ya borraabonemogolo,”+ go bua Jehofa. “E re ka ba ne ba kuisa mosi wa setlhabelo mo dithabengE bile ba nkgoba mo dithoteng,+Sa ntlha, ke tla lekanya dituelo tsa bone ka botlalo.”*   Seno ke se Jehofa a se buang: “Fela jaaka beine e ntšha e fitlhelwa mo ngataneng ya morara*E bile mongwe a re, ‘O se ka wa le senya, ka gonne go na le sengwe se se molemo* mo go lone,’ Ke tla dira fela jalo ka ntlha ya batlhanka ba me;Ga nkitla ke ba senya botlhe.+   Ke tla ntsha ditlogolwana* mo go JakobeE bile ke tla ntsha yo o tla ruang dithaba tsa me mo go Juda;+Batho ba me ba ke ba tlhophileng ba tla di rua,E bile batlhanka ba me ba tla aga gone.+ 10  Sharona+ e tla nna mafulo a dinkuLe Mokgatšha* wa Akore+ e tla nna lefelo le dikgomo di ikhutsang mo go lone,Lefelo la batho ba me ba ba mpatlang. 11  Mme lona lo bangwe ba batho ba ba tlogelang Jehofa,+Ba ba lebalang thaba ya me e e boitshepo,+Ba ba rulaganyetsang modimo wa Masego tafole,Le ba ba tlatsang dikopi ka beine e e tlhakantsweng ba bo ba isetsa modimo yo o laolang bokamoso. 12  Ke tla lo neelela tšhaka,+Mme lotlhe lo tla ikoba fa fatshe gore lo bolawe setlhogo,+Ka gonne ke ne ka lo bitsa, mme ga lo a ka lwa araba,Ke ne ka bua, mme ga lo a ka lwa reetsa;+Lo ne lwa nna lwa dira se se bosula mo matlhong a me,E bile lo ne lwa tlhopha se se sa intumediseng.”+ 13  Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Batlhanka ba me ba tla ja, mme lona lo tla tshwarwa ke tlala.+ Batlhanka ba me ba tla nwa,+ mme lona lo tla tshwarwa ke lenyora. Batlhanka ba me ba tla itumela,+ mme lona lo tla tlhabiwa ke ditlhong.+ 14  Bonang! Batlhanka ba me ba tla goa ka boitumelo ka ntlha ya dipelo tse di itumetseng,Mme lona lo tla lela ka ntlha ya dipelo tse di botlhokoE bile lo tla bokolela ka ntlha ya moya o o hutsafetseng. 15  Lo tla itirela leina le batho ba me ba ke ba tlhophileng ba tla lo kgobang ka lone,E bile Morena Molaodimogolo Jehofa o tla bolaya mongwe le mongwe wa lona,Le fa go ntse jalo, o tla bitsa batlhanka ba gagwe ka leina le lengwe;+ 16  Gore ope fela yo o batlang go segofadiwa mo lefatshengA tle a segofadiwe ke Modimo wa boammaaruri,*Le gore ope fela yo o dirang maikano mo lefatshengA tle a ikane ka Modimo wa boammaaruri.*+ Gonne matshwenyego* a nako e e fetileng a tla bo a lebetswe;A tla bo a tlositswe fa pele ga matlho a me.+ 17  Gonne ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha;+Mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa,E bile ga di kitla di tla mo pelong.+ 18  Ka jalo, itumeleng lo bo lo ipele ka bosakhutleng ka ntlha ya se ke se bopang. Gonne ke dira gore Jerusalema e nne sengwe se se tla ipedisangE bile ke dira gore batho ba gagwe ba itumele.+ 19  Ke tla ipela ka ntlha ya Jerusalema ke bo ke itumela ka ntlha ya batho ba me;+Ga go kitla go tlhola go utlwiwa modumo wa go lela kgotsa selelo sa matshwenyego mo go ene.”+ 20  “Mo lefelong leo, ga go kitla go tlhola go nna le losea lo lo tshelang malatsi a le mmalwa fela,Kgotsa motho yo o godileng yo o sa tsheleng lobaka lo loleele. Gonne ope fela yo o swang a na le dingwaga di le lekgolo, o tla tsewa e le mosimanyana fela,Mme moleofi o tla hutsiwa, tota le fa a na le dingwaga di le lekgolo.* 21  Ba tla aga matlo ba bo ba nna mo go one,+E bile ba tla jala masimo a morara* ba bo ba ja maungo a one.+ 22  Ga ba kitla ba aga go bo go nna o sele,E bile ga ba kitla ba jala go bo go ja batho ba bangwe. Gonne malatsi a batho ba me a tla nna jaaka malatsi a setlhare,+E bile batho ba me ba ke ba tlhophileng ba tla itumelela tiro ya diatla tsa bone ka botlalo. 23  Ga ba kitla ba dira ka natla ba direla lefela,+Kgotsa ba tshola bana ba ba tsholela matshwenyego,Gonne ke bana* ba ba segofaditsweng ke Jehofa,+Mmogo le ditlogolwana tsa bone.+ 24  Ke tla araba, tota le pele ga ba goela kwa go nna;Fa ba sa ntse ba bua, ke tla ba utlwa. 25  Phiri le kwanyana di tla fula mmogo,Tau e tla ja lotlhaka fela jaaka poo,+Mme noga e tla ja lorole. Ga di kitla di utlwisa ope botlhoko kgotsa di senya sepe mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo,”+ go bua Jehofa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “itshekologileng.”
Kgotsa gongwe “mo matlwaneng a go lebelela.”
Kgotsa “Gonne ke tla fetisetsa boitshepo jwa me mo go wena.”
Seheb., “mo sehubeng sa bone.”
Seheb., “mo sehubeng sa bone.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “go na le tshegofatso.”
Seheb., “losika.”
Kgotsa “Lebala le le Kwa Tlase.”
Kgotsa “yo o ikanyegang.” Seheb., “Amen.”
Kgotsa “yo o ikanyegang.” Seheb., “Amen.”
Kgotsa “mathata.”
Kgotsa gongwe “Mme yo o leofang a ise a nne le dingwaga di le lekgolo o tla tsewa e le yo o hutsegileng.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “losika.”