Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Thutamarope e Tshegetsa Baebele?

A Thutamarope e Tshegetsa Baebele?

A Thutamarope e Tshegetsa Baebele?

THUTAMAROPE e solegela baithuti ba Baebele molemo, ka gonne dilo tse ba di epololang di ba thusa go itse ka botshelo, maemo, dingwao le dipuo tsa metlha ya go kwalwa ga Baebele. Thutamarope gape e na le tshedimosetso e e mosola malebana le go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele, jo bo jaaka go wa ga Babelona wa bogologolo, Ninife le Ture. (Jeremia 51:37; Esekiele 26:4, 12; Sefania 2:13-15) Le fa go ntse jalo, thuto eno ya saense e na le mo e tlhaelang teng. Dilo tse di epolotsweng di tshwanetse tsa tlhalosiwa mme ditlhaloso tse batho ba di neelang di ka nna tsa nna le diphoso kgotsa tsa tlhoka go fetolwa.

Tumelo ya Bakeresete ga e a ikaega ka dilo tse di epolotsweng tse di jaaka dinkgwana tse di thubegileng, ditena tse di bodileng, mabota a a wang, go na le moo, e ikaegile ka boammaaruri jotlhe jwa Baebele. (2 Bakorintha 5:7; Bahebera 11:1) Ga go na pelaelo gore go tsamaisana ga Baebele, go bua boammaaruri ga yone, go diragadiwa ga boporofeti jwa yone, le dilo tse dingwe tse dintsi di neela bosupi jo bo kgotsofatsang jwa gore “lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Le fa go ntse jalo, sekaseka dilo tse dintsi tse di epolotsweng ke baithutamarope tse di bontshang gore tota dipego tsa Baebele di ile tsa diragala.

Setlhopha sa baithutamarope se se ileng sa epolola dilo kwa Jerusalema ka 1970 se ile sa bona matlotla a a sheleng. Nahman Avigad yo o neng a etelela setlhopha pele o ne a kwala jaana: “Motho yo o kgonang go lemoga dilo tseno o ne a kgona go bona sentle gore go diragetse eng. Kago eo e ne e sentswe ke molelo mme mabota le siling di ne di wele.” Mo phaposing nngwe go ne go na le marapo [1] a letsogo, mme menwana ya lone e ne e otlolotswe e batla go tshwara setepisi.

Fa fatshe go ne go gasagantswe madi a tshipi [2], a e neng e le a ngwaga wa bonè wa fa Bajuda ba ne ba tsuologetse Roma—69 C.E. Dilo di ile tsa gasaganngwa pele ga moago oo o wa. Avigad o ne a re: “Fa re bona seno, re ne ra gakologelwa kafa Josephus a ileng a tlhalosa ka teng tsela e masole a Roma a ileng a thukutha matlo ka yone fa motse o sena go gapiwa.” Bakwalahisitori ba tlhalosa gore nako ya fa Roma e ne e gapa Jerusalema e ne e le ka 70 C.E.

Dipatlisiso di bontsha gore marapo ao e ne e le a mosadi yo o mo dingwageng tsa bo20. Biblical Archaeology Review ya re: “Mosadi yo mosha yo o neng a le mo phaposing ya boapeelo ya Ntlo e e Shang o ne a wela fa fatshe mme o ne a leka go tshwara setepisi gaufi le kgoro ka nako ya fa a swa. Molelo o ne wa anama ka bonako jaana . . . mo e leng gore o ne a sa kgone go falola mme a welwa ke matlhekge a a neng a wa a ntlo.”

Tiragalo eno e re gakolola boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le Jerusalema, jo bo ileng jwa bolelelwa pele dingwaga tse di ka nnang 40 pelenyana: “Baba ba gago . . . ba tla go phatlakanyetsa fa fatshe le bana ba gago ba ba mo go wena, mme ga ba na ba tlogela leje mo godimo ga leje mo go wena.”—Luke 19:43, 44.

Dilo tse di bonweng ke baithutamarope tse di tsamaisanang le se se bolelwang ke Baebele di akaretsa le maina a batho bangwe ba ba umakilweng mo Dikwalong. Dilo tse di epolotsweng tseno di fedisa dipuo tsa batshwayadiphoso ba ba bolelang gore bakwadi ba Baebele ba itlhametse batho bangwe ba go buiwang ka bone kgotsa ba ile ba feteletsa dilo fa ba ne ba bua ka go itsege ga bone.

Mokwalo o o Gabilweng wa Maina a Baebele

Nako nngwe bakanoki bangwe ba maemo a a kwa godimo ba ne ba akanya gore Kgosi ya Siria e bong Saragone II, yo leina la gagwe le tlhagang mo Baebeleng mo go Isaia 20:1, ga a ise a ko a nne teng. Le fa go ntse jalo, ka 1843, gaufi le Khorsabad ya motlha wa segompieno, Iraq, mo molatswaneng wa Noka ya Tigris, go ne ga epololwa ntlo ya segosi ya ga Saragone [3]. E ne e le bogolo jwa diheketara di le 10. E re ka Saragone I e sa tlhole e le leina le le sa itsegeng, gone jaanong ke nngwe ya dikgosi tsa Asiria tse di itsegeng thata. Mo go nngwe ya dipego [4], tsa gagwe o bolela gore o ile a gapa motse wa Baiseraele wa Samarea. Go ya ka tatelano ya ditiragalo tsa Baebele, Samarea e ile ya fenngwa ke Baasiria ka 740 B.C.E. Saragone o bega gape gore o ile a gapa Ashedoda, a tlhomamisa gape se se bolelwang ke Isaia 20:1.

Fa baithutamarope ba ntse ba epolola mo matlotleng a motse wa bogologolo wa Babelona e gone jaanong e leng Iraq, ba ile ba ribolola matlapanakwalelo a cuneiform a le 300 gaufi le Kgoro ya Ishtar. Go ya ka nako e Kgosi ya Babelona e bong Nebukadenesare a neng a busa ka yone, mokwalo o o gabilweng o ne o akaretsa lenaane la maina, a mo go one go neng go na le “Yaukine kgosi ya naga ya Yahude.” Leina leno ke la ga Kgosi Jehoiakine wa naga ya Juda, yo o neng a isiwa botshwarwa kwa Babelona ka nako ya fa Nebukadenesare a ne a fenya Jerusalema lekgetlho la ntlha ka 617 B.C.E. (2 Dikgosi 24:11-15) Barwa ba batlhano ba ga Jehoiakine le bone ba ne ba umakiwa mo matlapanakwalelong ano.—1 Ditiragalo 3:17, 18.

Ka ngwaga wa 2005, fa baithutamarope ba ntse ba epa mo lefelong le ba neng ba solofetse go bona ntlo ya segosi ya ga Kgosi Dafide gone, ba ile ba bona kago e kgolo ya leje e ba neng ba dumela gore e ne ya senngwa fa Bababelona ba ne ba senya Jerusalema dingwaga tse di fetang 2 600 tse di fetileng, ka nako ya moporofeti wa Modimo e bong Jeremia. Ga go tlhomamisiwe gore a tota moago oo e ne e le matlotla a ntlo ya segosi ya ga Dafide. Le fa go ntse jalo, moithutamarope e bong Eilat Mazar o ne a lemoga sengwe se se kgatlhang se se kgethegileng—mokwalo o o gabilweng wa sekano sa letsopa [5] o o bophara jwa sentimetara e le 1 o o balegang jaana: “Ke la ga Jehukale morwa Shelemiyahu morwa Shovi.” Go bonala mokwalo ono o ne o gabilwe ka sekano sa ga Jehukale (kgotsa Jukale), modiredimogolo mongwe wa Mojuda yo o umakiwang mo Baebele yo go tweng o ne a ganetsa Jeremia.—Jeremia 37:3; 38:1-6.

Mazar o bolela gore Jehukale ke ene fela “modiredi wa bobedi wa segosi,” morago ga ga Gemaria, morwa Shafane yo leina la gagwe le tlhagang mo mokwalong o o gabilweng ka sekano o o fitlhetsweng mo Motseng wa ga Dafide. Baebele e tlhalosa Jehukale morwa Shelemia (Shelemiyahu) e le kgosana ya Juda. Pele ga sekano seno se ribololwa, o ne a itsege fela mo Dikwalong.

A ba Ne ba Kgona go Bala le go Kwala?

Baebele e bontsha gore Baiseraele ba bogologolo e ne e le batho ba ba neng ba kgona go bala le go kwala. (Dipalo 5:23; Joshua 24:26; Isaia 10:19) Mme batshwayadiphoso ba ganetsana le seo, ba bolela gore go ne go tlwaelegile gore ditiragalo tsa Baebele di fetisiwe ka molomo, selo se e neng e le mokgwa o o neng o ka se ka wa ikanngwa. Ka 2005 kgopolo eno e ne ya supiwa fa e se boammaaruri fa baithutamarope ba ba neng ba dira kwa Tel Zayit, e e leng fa gare ga Jerusalema le Mediterranean, ba ne ba bona tlhaka ya bogologolo, e gongwe e leng tlhaka ya bogologolo go di gaisa tsotlhe ya Sehebera [6] e e kileng ya epololwa, e gabilwe mo phatsheng ya leje la kalaka.

Bakanoki bangwe ba akantsha gore e re ka dilo tse di epolotsweng tseno di ribolotswe mo e ka nnang ka lekgolo la bolesome la dingwaga B.C.E., go tshwanetse ga bo go ne go na le “thapiso e e tlwaelegileng ya bakwadi,” “setso sa mofuta wa maemo a a kwa godimo” e bile e le “tsamaiso ya molao wa Iseraele o o neng o gola ka bonako mo Jerusalema.” Ka jalo, go farologana le se batshwayadiphoso ba neng ba se bolela, go bonala mo e ka nnang bogologolo ka lekgolo la bolesome la dingwaga B.C.E., Baiseraele ba ne ba itse go bala le go kwala mme ba tshwanetse ba bo ba ne ba ile ba kgona go kwala hisitori ya bone.

Dipego Tsa Asiria di Neela Bosupi jo bo Oketsegileng

Asiria, e e kileng ya bo e le mmusomogolo o o maatla, e tlhaga gangwe le gape mo dipegong tsa Baebele, mme dilo tse dintsi tse di epolotsweng ke baithutamarope mo nageng eo di neela bosupi jwa gore Dikwalo di bua boammaaruri. Ka sekai, mo dilong tse di epolotsweng mo lefelong le e neng e le Ninife wa bogologolo, motsemogolo wa Asiria, go ne ga bonwa letlapa le le betlilweng [7] mo ntlong ya segosi ya ga Kgosi Senakaribe, le bontsha kafa masole a Asiria a neng a eteletse batshwarwa ba Bajuda pele go ya botshwarwa morago ga gore Lakishe e we ka 732 B.C.E. O ka nna wa bala pego ya Baebele e e mo go 2 Dikgosi 18:13-15.

Dipego tsa ga Senakaribe [8], tse di bonweng kwa Ninife, di tlhalosa letsholo la gagwe la sesole ka nako ya puso ya Kgosi ya Juda e bong Hesekia, yo dipego tseno di mo umakang ka leina. Dipego tsa matlapanakwalelo a cuneiform tsa babusi ba ba farologaneng di bua ka Dikgosi tsa Juda e bong Ahase le Manase, mmogo le Dikgosi tsa Iseraele e bong Omri, Jehu, Jehoashe, Menahema le Hoshea.

Mo dipegong tsa gagwe Senakaribe o ikgantsha ka go atlega ga gagwe mo sesoleng, mme se se botlhokwa thata ke gore ga a umake sepe ka ga go gapa Jerusalema. Lebaka la go bo a sa umake seno ke bosupi jo bo bontshang gore pego ya Baebele e boammaaruri, ka gonne e bontsha gore kgosi eno ga e ise e ko e gape Jerusalema mme e ne ya fenngwa ke Modimo. Morago ga foo, Senakaribe yo o neng a tlhabilwe ke ditlhong o ne a boela Ninife, kwa Baebele e bolelang gore o ne a fitlha a bolawa ke barwa ba gagwe. (Isaia 37:33-38) Se se kgatlhang ke gore, mekwalo e mebedi e e gabilweng ya Asiria e neela bosupi ka polao eno.

Ka ntlha ya boikepo jwa batho ba Ninife, baporofeti ba ga Jehofa e bong Nahume le Sefania ba ne ba bolelela pele gore motse oo o tla nyelediwa ruri. (Nahume 1:1; 2:8–3:19; Sefania 2:13-15) Boporofeti jwa bone bo ile jwa diragadiwa fa ditlhopha tse pedi tsa sesole, se sengwe e le sa ga Nabopolassar, kgosi ya Babelona mme se sengwe e le sa ga Cyaxares wa Momeda di ne tsa gapa Ninife ka 632 B.C.E. Dilo tse di epolotsweng foo le matlotla a teng di ile a tlhomamisa gape gore dipego tsa Baebele di boammaaruri.

Mo motseng wa bogologolo wa Nuzi, o o kwa ntlheng ya botlhaba jwa Noka ya Tigris e bile e le kafa borwabotlhaba jwa Ninife, o o neng wa ribololwa mo dingwageng tse di fa gare ga 1925 le 1931, go ne ga ribololwa dilo tse dintsi, tse di akaretsang matlapanakwalelo a letsopa a le 20 000. E re ka matlapanakwalelo ano a ne a kwadilwe ka puo ya kwa Babelona, a ne a na le tshedimosetso e ntsi go akaretsa le dingwao tsa semolao tse di tshwanang le tsa motlha wa ditlhogo tsa lotso tse di tlhalosiwang mo go Genesise. Ka sekai, ditemana di bontsha gore medimo ya lelapa, e gantsi e neng e le difikantswe tse dinnye tse di dirilweng ka letsopa, di dirisiwa fela jaaka makwalo a semolao a setsha, a a neng a thusa beng ba ditsha gore ba kgone go bona boswa jwa bone. Ngwao eno e ka re thusa go tlhaloganya lebaka la go bo Ragele mosadi wa tlhogo ya lotso e bong Jakobe a ne a tsaya medimo ya lelapa kgotsa “terafime,” e e neng e le ya ga rraagwe e bong Labane, fa lelapa la ga Jakobe le ne le fuduga. Go a utlwala go bo Labane a ne a batla terafime eo.—Genesise 31:14-16, 19, 25-35.

Boporofeti jwa ga Isaia le Silendara ya ga Kurose

Mokwalo o o gabilweng wa cuneiform o o mo silendareng ya bogologolo ya letsopa e e tshwantshitsweng fano, e tlhomamisa pego e nngwe ya Baebele. Mokwalo ono o o itsegeng e le Silendara ya ga Kurose [9] o ne wa epololwa mo lefelong la bogologolo la Sippar mo Euferatese, dikilometara di le 32 go tswa kwa Baghdad. Mokwalo ono o tlhalosa ka go fenngwa ga Babelona ke Kurose yo Mogolo, le mothei wa Mmusomogolo wa Peresia. Se se gakgamatsang ke gore, dingwaga di ka nna 200 pele ga foo, Jehofa, ka moporofeti wa gagwe e bong Isaia, o ne a bolela jaana ka mmusi mongwe wa Bameda le Baperesia yo o neng a tla bidiwa Kurose: “‘Ke modisa wa me, mme sotlhe se ke se ratang o tla se diragatsa ka botlalo’; le fa ke bua ka Jerusalema ke re, ‘O tla agiwa sesha.’”—Isaia 13:1, 17-19; 44:26–45:3.

Ntlha e e botlhokwa ke gore, letlapa leno la silendara le umaka se Kurose a neng a se dira—se se farologanang thata le se bafenyi ba bangwe ba bogologolo ba neng ba se dira—e leng go busetsa batshwarwa ba ba neng ba tshwerwe ke puso e e neng e busa pele ga gagwe, kwa metseselegaeng ya bone. Hisitori ya Baebele le ya lefatshe e neela bosupi jwa gore tota Kurose o ne a golola Bajuda ba ba neng ba fitlha ba aga Jerusalema sesha.—2 Ditirafalo 36:23; Esera 1:1-4.

Le fa gone thutamarope ya Baebele e le selo se sesha mo go tsa saense, e setse e le nngwe ya ditiro tse dikgolo tsa patlisiso e e thusitseng ka tshedimosetso e e botlhokwa. Mme jaaka re bone, dilo tse dintsi tse di ribolotsweng, di supa kafa Baebele e leng boammaaruri ka teng le kafa e tlhomameng ka teng, ka dinako tse dingwe le mo ditlhalosong tse dinnye thata.

GO BONA TSHEDIMOSETSO E E OKETSEGILENG

A Baebele e ka go thusa go tshela botshelo jo bo itumetseng le jo bo nang le bokao? DVD ya diura di le pedi ya The Bible—A Book of Fact and Prophecy, e akaretsa setlhogo se se botlhokwa seno mme e na le dipuisano tse di itumedisang. —E teng ka dipuo di le 32.

Bibela a Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?

A o tlhoka bosupi jo bo oketsegileng jwa go bona gore ga go na mainane mo Baebeleng e bile ga e ikganetse? A dikgakgamatso tse di tlhalosiwang mo Baebeleng di boammaaruri? Sekaseka mabaka a a mo bukeng eno ya ditsebe di le 192.—E gatisitswe ka dipuo di le 56.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Alexander the Great: Roma, Musei Capitolini

Totatota Baebele e Ruta Eng?

Dikgaolo di le 19 tsa kgatiso eno ya go ithuta di bua ka thuto nngwe le nngwe e e botlhokwa mo Baebeleng e bile di tlhalosa boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe le ka batho.—Gone jaanong e teng ka dipuo di le 162.

Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibela

Buka eno e e nang le ditshwantsho tse dintle e e kwaletsweng thata bana, e bua ka batho ba le 116 le ditiragalo—tsotlhe di latelana go ya ka nako e di diragetseng ka yone.—E teng ka dipuo di le 194.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

Coins: Generously Donated by Company for Reconstruction & Development of Jewish Quarter, Jerusalem Old City

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

Society for Exploration of Land of Israel and its Antiquities

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 16]

3: Musée du Louvre, Paris; 4: Photograph taken by courtesy of the British Museum; 5: Gabi Laron/Institute of Archaeology/Hebrew University © Eilat Mazar

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]

6: AP Photo/Keith Srakocic; 7, 8: Photograph taken by courtesy of the British Museum

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

Photograph taken by courtesy of the British Museum