Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bontle jo bo Gakgamatsang

Bontle jo bo Gakgamatsang

Bontle jo bo Gakgamatsang

“Ka bonako fela ke ne ka simolola go rata dipitse. Di dintle thata mme di na le popego e e tlhomologileng.”—TOMASZ, MONGWE YO E LENG MOITSE MO GO RUENG LE MO GO GODISENG DIPITSE.

BATHO ba le bantsi ba leba dipitse e le diphologolo tse dintle go gaisa mme gantsi di ratiwa ka ntlha ya bontle jwa tsone le matlhagatlhaga a tsone a a sa feleng fa di ema ka maoto a tsone a kwa morago, di itaya fa fatshe ka ditlhakwana tsa tsone, di khinkhinyega ka boitumelo le go tabogela kwa pele ka bopelokgale. Ruri di dintle.

Go ralala makgolokgolo a dingwaga, mo ditlelaemeteng tse di sa tshwaneng le mo mafelong a a farologaneng, go ile ga nna le mefuta e e farologaneng ya dipitse. Pitse ya Arabia e e sa kopanngwang le mefuta e mengwe ya dipitse e tsewa e le ntle go gaisa mefuta e mengwe. E tsewa e le pitse e e matlhagatlhaga, e e nang le maatla, e e lobelo e bile e le botlhale mme seo se dira gore batho ba rate go e dirisa mo metshamekong.

Se se kgatlhang ke gore, Poland, naga e e kwa Bogare jwa Yuropa, e na le hisitori e telele ya go rua le go godisa dipitse tsa Arabia. Go ya ka batho ba ba ruang le go godisa dipitse le baitse ba tsone, dingwe tsa dipitse tsa Arabia tse di tlhwatlhwakgolo ke tse di amanang thata ka losika le tsa kwa Poland. Ke eng fa go ntse jalo? Re boditse batho ba e leng baitse mo go rueng le mo go godiseng dipitse potso eno le tse dingwe.

Kafa Barati ba Dipitse ba Lebang Mofuta Ono ka Teng

Sa ntlha, a re ithuteng mo go oketsegileng ka pitse ya Arabia e e sa kopanngwang le mefuta e mengwe ya dipitse. Mofuta ono ga o bolo go amanngwa le dinaga tsa Botlhabagare. Tomasz, moitse wa go rua dipitse, o tlhalosa jaana: “Go ralala makgolokgolo a dingwaga, merafe ya Ba-Bedouin e ile ya godisa le go boloka dipitse tsa Arabia di sa kopanngwa le dipitse tse dingwe. Ka gonne batho bano ba ile ba di tlhopha le go di tlhokomela ka kelotlhoko, go ile ga nna le dipitse tse di tlhwatlhwakgolo tsa Arabia. Gantsi dipitse tseno di na le mmala o bokwebu, o khunou kgotsa o o bohibidu jo bo borokwa; mme ka dinako tse dingwe di dintsho.”

Żaneta, yo o ruileng le go godisa dipitse tsa Arabia a re: “Di dintle ka tsela e e tlhomologileng e bile di tsewa e le mofuta wa dipitse tse di sa kopanngwang le tse dingwe le tse di tshelang nako e telele go gaisa mefuta e mengwe.” Ga di itsege fela ka bogale jwa tsone mme gape di itsege ka bopelokgale le maatla a tsone. Makgwafo a pitse ya Arabia a a nonofileng—a a mo sehubeng sa yone se segolo—a dira gore e kgone go taboga sekgala se se telele.

Go Tswa Arabia go ya Poland

Re ne ra botsa Tomasz, yo o nang le polasi ya dipitse jaana: “Tota dipitse tsa Arabia di ne tsa fitlha jang kwa Poland?” O tlhalosa jaana: “Di ka tswa di ile tsa goroga la ntlha le morongwa mongwe wa kgosi yo o neng a tswa kwa go lengwe la maeto a gagwe a mantsi mme a ya kwa lekgotleng la segosi la kwa Stambul ka lekgolo la bo16 la dingwaga. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore thulaganyo ya go rua le go godisa dipitse kwa Poland e ne ya simolola kwa bofelong jwa lekgolo la bo18 la dingwaga.” Izabela Pawelec-Zawadzka, moitse mongwe wa go rua le go godisa dipitse tsa Arabia, o gatelela seabe se Motlotlegi mongwe yo o bidiwang Wacław Rzewuski a nnileng le sone. Jaaka moitse wa setso sa Botlhaba, o ne a “nna mosimolodi le morulaganyi wa maeto a go tlisa dipitse go tswa kwa Arabia,” a tlisa dipitse di le 137 tse di sa kopanngwang le mefuta e mengwe ya dipitse kwa Yuropa.

Go nna pelotelele le go tlhoafala ga ga Rzewuski go ile ga dira gore go nne le polasi ya ntlha ya dipitse tsa Arabia kwa Poland kwa Janów Podlaski, kwa Botlhaba jwa Poland, ka ngwaga wa 1817. Tomasz o tlhalosa jaana: “Kwa tshimologong go ne go lebega dilo di tla tsamaya sentle. Barui ba ba nang le maitemogelo ba ne ba tlhokomela dipitse. Mme dintwa tse pedi tsa lefatshe, tse di neng tsa runya go ralala bogare jwa Yuropa, di ne tsa senya dipolasi tsa dipitse tsa kwa Poland. Bontsi jwa dipitse di ne tsa swa mme tse dingwe tsa tshaba fa tse dingwe tsone di ne tsa utswiwa.” Le fa go ntse jalo, nakonyana morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe, thulaganyo ya go rua le go godisa dipitse e ne ya tswelela pele gape ka katlego.

Gone jaanong, dipitse tsa Arabia di godisiwa mo dipolasing tsa dipitse tse di ka nnang 30 kwa Poland. Go godisa dipitse ka tsela eno go go saleng go dirwa ka dingwaga di le 200, go dirile gore go nne le dipitse tsa boleng jo bo kwa godimo. Ka jalo, Poland e nnile nngwe ya mafelo a konokono a go rua le go godisa dipitse tsa Arabia mme seo se ngokile baitse le barati ba dipitse ba le bantsi go ralala lefatshe go tla kwa dipontshong le kwa difantising tsa botlhokwa tse di tshwarelwang koo ngwaga le ngwaga.

Tlhokomelo ya Letsatsi le Letsatsi ya Dipitse Tsa Arabia

Go godisa dipitse tsa boleng jo bo kwa godimo tse di nang le tatelano ya losika lo lo tlhomologileng, go tlhoka gore barui ba dipitse ba di tlhokomele sentle. Małgorzata, yo le ene a nang le polasi ya dipitse, o tlhalosa jaana: “Go tlhokomela dipitse tsa Arabia ga se kgetsi e potlana. Re tlhoka go nna le thulaganyo e e tshwanetseng e bile e le e e tekatekano ya go fepa dipitse tseno tse di matlhagatlhaga e le gore di nne di itekanetse le gore di lebege sentle. Dipitse tse di namagadi tse di dusang di tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng.” * Dipitse tsa Arabia di tshwanelwa ke dijo tsa mofuta ofe?

Małgorzata o tswelela jaana: “Re simolola letsatsi ka go fepa dipitse bojang jo bo omisitsweng, jo bo nang le dikotla tsotlhe tse di tlhokegang e bile di na le dibitamine le diminerale tse di tlhokegang. Outshe e e tswakantsweng le moroko kgotsa lotlhaka lo lo segilweng ke tsone tse segolobogolo di nang le dikotla; barele le moroko wa korong le tsone di molemo. Mme tota dipitse di rata furu e e tala—bojang kgotsa losereng mmogo le ditapole, digwete le di-beetroot. Ka nako ya mariga, gantsi barui ba reka furu e e setseng e tswakantswe mme e na le diporoteine tse dintsi. Jaaka karolo ya dijo tsa tsone, dipitse tsa Arabia gape di tlhoka go mona letswai—dikwete tsa letswai tse di nang le diminerale le ditlhatsana tse di okobatsang bogale jwa tsone. Mme gone, ga go na pelaelo gore tota le bojang jo bo omisitsweng kgotsa furu di ka se gaise mafulo a bojang. Mme se sengwe gape, dipitse di tlhoka go nna le metsi a a phepa ka dinako tsotlhe—di ka se ka tsa nwa metsi a a leswe.”

Go tlhokomela dipitse tsa Arabia sentle go akaretsa go tlhokomela matlalo le meriri ya tsone ka dinako tsotlhe. Seo se raya go di phepafatsa ka kelotlhoko, go di sidila ka bonolo ka borashe jo bo kgethegileng le go di solasola ka letsogo. Le fa go ntse jalo, jaaka Tomasz a tlhalosa, go na le se sengwe gape se se tlhokwang go dirwa: “Go botlhokwa go phepafatsa ditlhakwana tsa tsone letsatsi le letsatsi ka gonne go thibela gore di se ka tsa tshwarwa ke malwetse a a farologaneng, go akaretsa le kankere. Mme segolobogolo re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re phepafatsa matlho, marobana a dinko, dipounama le ditsebe tsa dipitse.” Żaneta o oketsa jaana: “Gore pitse e nne e itekanetse le go lebega sentle, e tlhoka go nna le mo e ka kgonang go taboga gone mme gape e tlhoka moshawa, seretse kgotsa bojang jo e ka ipitikang mo go jone. Fa pitse e fufula fa e sena go khobakhoba kgotsa go taboga, e tshwanetse go apesiwa kobo mme go tswa foo e bo e phepafadiwa.”

Baitse ba gatelela botlhokwa jwa go amega ka dilo tse di rileng tse di tlhokwang ke pitse nngwe le nngwe. Małgorzata o tlhalosa jaana: “Go dumelwa gore dipitse tsa Arabia di kgona go lemoga gore motho o ikutlwa jang ka tsone—di anaanela go nna le batho, go amiwa le go tlamparelwa. Go e bontsha lorato ka tsela e e ntseng jalo go dira gore di tshepe motho yo o di palamang mo e leng gore di ineela ka botlalo mo mothong yoo. Di itsege ka go khinkhinyega ka boitumelo fa o nyenya le tsone, o di tlamparela kgotsa o di naya sengwenyana se se monate—se se jaaka segwete kgotsa lenathwana la sukiri. Batho ba ba ratang dipitse ba itumelela go di tlhokomela.” Tomasz o tlhalosa tsela e a ikutlwang ka yone ka tsone: “Ka bonako fela ke ne ka simolola go rata dipitse. Di dintle thata mme di na le popego e e tlhomologileng. Mme go dira gore di go tshepe ga go motlhofo. Go ntsere dingwaga di le dintsi.”

Isagwe ya Pitse

Fa e sale bogologolo, batho ba ile ba kgatlhiwa ke go bona bontle, lobelo, majato, maatla le botlhale jwa dipitse, segolobogolo mofuta wa dipitse tsa Arabia mme ba dirile gore ba nne le kamano e e tlhomologileng le tsone. Ka maswabi, kamano eo e ile ya dirisiwa ka tsela e e sa siamang mo dintweng tse di setlhogo, tse mo go tsone dipitse di le makgolokgolo di ileng tsa swa. Le fa go ntse jalo, mo pusong ya Bogosi jwa Modimo, batho ba tla dirisa dipitse ka boikaelelo jo bo siameng fela—go galaletsa Mmopi wa tsone e bong Jehofa Modimo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Morui wa dipitse a ka swetsa ka gore pitse e e namagadi e ka tsala leng. Gantsi e ka tsala ngwaga le ngwaga mme e ka se ka ya tsala gangwe le gape. Mo nakong ya yone ya botshelo ya dingwaga di le 25 go ya go di le 30, pitse e namagadi e ka kgona go tsala dipetsana di le 15 go ya go di le 18.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Pitse e namagadi le petsana

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Tlhokomelo ya Letsatsi le Letsatsi ya Pitse ya Arabia e Akaretsa

1. Go borasha letlalo le moriri wa yone ka kelotlhoko

2. Go phepafatsa ditlhakwana tsa yone

3. Go e bontsha lorato

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Dipheke di tshameka mo kapokong