Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha ba Botsa Jaana

Ditsala Tsa me Tsa Boammaaruri ke Bomang?

Ditsala Tsa me Tsa Boammaaruri ke Bomang?

“Cori o nthutile dilo di le dintsi tse ke neng ke sa di itse. Fa ke na le ene, ke kopana le batho ba basha, ke leka dilo tse disha e bile ke itumelela go ya gongwe le gongwe kwa re yang gone. Go nna tsala ya ga Cori eleruri go fetotse botshelo jwa me!”—Tara. *

A go utlwala go sa kgonege go nna le botsala jwa mofuta o o ntseng jalo? Fa e le gore go ntse jalo, o se ka wa kgobega marapo. O dikologilwe ke batho ba ba ka nnang ditsala tsa gago. Setlhogo seno se tla go thusa go bona gore batho bao ke bomang.

‘KE DIKOLOGILWE ke ditsala mme ga ke na ditsala.’ Ke tsela e Shayna wa dingwaga di le 21 a tlhalosang kafa go utlwalang ka teng go dikologiwa ke batho ba le bantsi mme o sa ikutlwe o atamalane le ope wa bone. Boikutlo jo bo ntseng jalo bo ka tswa bo tlwaelegile segolobogolo mo bathong ba ba dirisang mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet. Serena wa dingwaga di le 22 a re: “O ka nna le batho ba le bantsi mo lenaaneng la gago la ditsala e bile o lebega o itsege mme boammaaruri ke gore lenaane leo le ka tswa le se na mosola wa sepe.” *

Ke eng se o ka ratang go nna le sone—batho ba le bantsi mo lenaaneng la gago la ditsala kgotsa ditsala di le mmalwa tsa boammaaruri? Le fa bobedi jwa tsone bo na le melemo mengwe, tsala ya boammaaruri e ka go thusa fa o na le mathata e bile e ka go kgothaletsa go nna motho yo o botoka. (1 Bakorintha 16:17, 18) Dirisa dintlha tse di latelang go go thusa go bona gore ke mang mo bathong ba o ba tlwaetseng yo a ka tswang a setse a bontsha dinonofo tsa tsala ya boammaaruri.

TSALA YA BOAMMAARURI E A IKANYEGA

“Tsala ya me e ne e tle e mpolelele diphiri tsa gagwe mme ka ntlha ya seo le nna ke ne ka akanya gore ke ka mo tshepa ka tsa me. Ka jalo, letsatsi lengwe ke ne ka mmolelela gore ke kgatlhegela mosimane mongwe. Abo seo e ne e le phoso jang ne! Ka bonako fela o ne a tsamaya a bolelela batho ba bangwe ka gone!”—Beverly.

“Nka bolelela tsala ya me Alan sengwe le sengwe mme ke a itse gore ga a kitla a tsamaya a bolelela batho ba bangwe ka sone.”—Calvin.

Mo basheng bano ba ba fa godimo, ke ofe yo o neng a na le tsala ya boammaaruri? Ke mang mo ditsaleng tsa gago yo o tla ikutlwang o gololesegile go mmulela mafatlha? * Baebele ya re, “molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe.”—Diane 17:17.

  1. Fa tlase fano, kwala maina a ditsala tse pedi tse o lemogileng gore di a ikanyega. ․․․․․

  2. ․․․․․

TSALA YA BOAMMAARURI E IINTSHA SETLHABELO

“Ka nako nngwe mo botsaleng, motho yo mongwe o tla nonofa go feta yo mongwe. Tsala ya boammaaruri e a lemoga fa o le bokoa mme o dira sengwe ka bonako go go thusa. Gone ke boammaaruri gore tsala eo le yone e solofela gore le wena o tla mo direla se se tshwanang fa a tlhoka thuso.”—Kellie.

“Ke ne ke na le tsala e ntšha fa mmè a ne a tlhokafala. Re ne re ise re atamalane thata mme re ne re rulagantse go ya lenyalong mmogo. Go ile ga direga gore letsatsi le mmè a neng a tla fitlhwa ka lone e ne e le letsatsi le re neng re tshwanetse go ya lenyalong ka lone. Ke ne ka gakgamala fa tsala ya me e ne e tla phitlhong ya ga mmè go na le gore e ye lenyalong. Ka yone nako eo, ke ne ka lemoga gore ke tsala ya boammaaruri!”—Lena.

Ke mang mo ditsaleng tsa gago yo o bontshang moya go iintsha setlhabelo? Tsala ya boammaaruri e tla ‘nna e batle, e seng molemo wa yone, fa e se wa motho yo mongwe.’—1 Bakorintha 10:24.

Fa tlase fano, kwala maina a ditsala tse pedi tse di bontshitseng gore di na le moya wa go iintsha setlhabelo.

  1. ․․․․․

  2. ․․․․․

TSALA YA BOAMMAARURI E GO THUSA GO NNA MOTHO YO O BOTOKA

“Batho bangwe ba lebeletse gore ke ikanyege mo go bone kgotsa gore ke dumalane le bone le fa seo se kaya gore ke tlogele mekgwa e e siameng kgotsa ke dire sengwe se se kgatlhanong le segakolodi sa me. Batho ba ba ntseng jalo ga se ditsala tsa boammaaruri.”—Nadeine.

“Kgaitsadiake ke tsala ya me e kgolo. O nkgothaletsa go dira dilo tse ke sa tlwaelang go di dira mme o nthusa gore ke nne motho yo o botsalano le go feta. O mpolelela boammaaruri tota le fa e le selo se ke sa batleng go se utlwa.”—Amy.

“Fa ke ne ke lebane le mathata, ditsala tsa me tse dikgolo di ne di sa leke go dira fela gore ke lebale ka one; ba ne ba sa tshabe go nneela kgakololo ba sa fitlhe sepe. Ba bangwe ba ne ba leta gore ke rarabolole mathata a me ke le nosi kgotsa ba leka go dira gore ke lebale ka one. Ba ne ba sa lemoge gore go na le sengwe se se phoso.”—Miki.

“Tsala ya me e bona bokgoni jo ke nang le jone go gaisa motho ope fela mme e nkgothaletsa go fitlhelela mekgele ya me. E mpolelela boammaaruri jaaka bo ntse fa go tlhokega gore e dire jalo—mme ke rata seo!”—Elaine.

A ditsala tsa gago di go thusa go fitlhelela bokgoni jwa gago kgotsa a o tshwanelwa ke go tlogela melao e o ipeetseng yone gore ba go amogele? Diane 13:20 ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”

Fa tlase fano, kwala maina a ditsala tse pedi tse di go thusitseng go nna motho yo o botoka.

  1. ․․․․․

  2. ․․․․․

Leba maina a o a kwadileng mo dikarolong tse tharo tse di fa godimo. Fa e le gore leina la motho mongwe le tlhaga mo dikarolong tsotlhe tse tharo, motho yoo ke tsala ya boammaaruri! Kafa letlhakoreng le lengwe, fa e le gore ga o kgone go akanya ka motho ope yo o nang le dilo tse go builweng ka tsone fa godimo, o se ka wa kgobega marapo. O ka tswa o dikologilwe ke batho ba e ka nnang ditsala tsa boammaaruri. Go ka nna ga tsaya nako gore o di bone. * Fa o ntse o letile seo, dira bojotlhe gore o nne tsala e e molemo. Elena wa dingwaga di le 20 a re: “Ka metlha ke leka gore ke nne ke le gone go thusa ditsala tsa me. Fa ba tlhoka go direlwa sengwe, ke a ba thusa. Fa ba tlhoka go bua, ke a ba reetsa. Fa ba tlhoka go lela, ke a ba tshegetsa.”

Gone ke boammaaruri gore o ka tswa o tlwaetse batho ba le bantsi mme seno se botoka go na le gore o tsalane fela le batho ba le mmalwa mme o bo o sa itsalanye le ba bangwe. (2 Bakorintha 6:13) Mme a o ne o ka se rate go nna le ditsala di le mmalwa tsa boammaaruri tse di “tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego”? (Diane 17:17) Jean wa dingwaga di le 20 a re: “Go molemo go itse batho ba le bantsi mme gone go tshwana fela le fa o na le diaparo di le dintsi tse di lebegang di le dintle mo khaboteng ya diaparo mme di sa go lekane. Ka metlha o apara fela diaparo tse o itseng gore di a go tshwanela. Mme ke se o se dirang le ka ditsala tsa gago tse dikgolo.”

 

^ ser. 3 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 5 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet, bona ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana” mo dimakasineng tsa Tsogang! tsa July le August 2011.

^ ser. 10 Ka dinako tse dingwe go boloka sengwe e le sephiri ga go botlhale—ka sekai, go didimala fa e le gore tsala ya gago e dirile sengwe se se masisi se se phoso, e na le go akanya ka go ipolaya kgotsa e dira sengwe se se ka mo tsenyang mo kotsing. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona dimakasine tsa Tsogang! tsa December 2008, tsebe 19-21 le May 2008, tsebe 26-29.

^ ser. 29 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng, “Basha ba Botsa Jaana . . . A ke Tlhoka Ditsala Tse di Botoka?” mo makasineng wa Tsogang! wa March 2009.