Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Bojalwa

Bojalwa

A go nwa bojalwa go phoso?

“Beine go re itumedisa, leokwane la motlhware go re ipedisa le senkgwe go re naya maatla.”Pesalema 104:15, “Good News Translation.”

SE BATHO BA SE BUANG

Mo malapeng a le mantsi, bojalwa ke senō se se tlwaelegileng se se nowang fa go jewa. Mo go a mangwe, go nwa bojalwa ga go a dumelelwa gotlhelele. Ke eng fa batho ba leba bojalwa ka ditsela tse di sa tshwaneng? Ba tlhotlhelediwa ke dilo tse di farologaneng tse di jaaka setso, mathata a botsogo le bodumedi.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele e kgala botagwa le go nwa phetelela mme ga e kgale go nwa bojalwa mo go lekaneng. (1 Bakorintha 6:9, 10) Gone ke boammaaruri gore go tswa bogologolong, banna le basadi ba ba neng ba obamela Modimo ba ne ba nwa beine, senō se se umakiwang makgetlho a feta makgolo a le mabedi mo Baebeleng. (Genesise 27:25) Moreri 9:7 ya re: “O je dijo tsa gago ka boipelo mme o nwe beine ya gago ka pelo e e itumetseng.” E re ka beine e dira gore motho a itumele, gantsi e ne e nowa kwa meletlong e e jaaka ya manyalo. Jesu Keresete o ne a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha kwa moletlong o o ntseng jalo—a fetola metsi go nna “beine e e monate.” (Johane 2:1-11) Gape beine e ne e dirisediwa kalafi.—Luke 10:34; 1 Timotheo 5:23.

 A Baebele e baya selekanyo sa gore go tshwanetse ga nowa bojalwa jo bo kana kang?

[Lo se ka lwa] dirwa batlhanka ke beine e ntsi.”Tito 2:3.

LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO ITSE

Ngwaga le ngwaga, malapa a mantsi a aparelwa ke mathata ka gonne mongwe wa batsadi kgotsa batsadi ka bobedi ba nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Gape go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng go felela ka gore motho a we gantsi le go tlhagelwa ke dikotsi tse dingwe, go akaretsa dikotsi tsa dikoloi. Mme fa nako e ntse e ya, go nwa bojalwa mo go feteletseng go ka senya boboko, pelo, sebete le mala.

SE BAEBELE E SE BUANG

Go lekanyetsa dilo fa o nwa le fa o ja ke selo sa botlhokwa se Modimo a batlang re se dira. (Diane 23:20; 1 Timotheo 3:2, 3, 8) Fa motho a se na boikgapo, Modimo ga a mo amogele. Baebele ya re: “Beine ke mosotli, bojalwa jo bo tagang bo a fudua, mme mongwe le mongwe yo o timetswang ke jone ga a botlhale.”—Diane 20:1.

Tsela nngwe e bojalwa bo ka timetsang motho yo o seng botlhale ka yone ke ka go koafatsa maikemisetso a gagwe a go dira se se siameng. Hosea 4:11 ya re: “Beine le beine e e monate ke dilo tse di tlosang boitlhomo jo bo molemo.” Monna mongwe yo o bidiwang John o ne a ithuta thuto eno botlhoko. * Fa a sena go omana le mosadi wa gagwe, o ne a ya kwa hoteleng, a nwa mo go feteletseng a bo a dira boaka—ditiro tse morago a neng a di ikotlhaela fela thata mme a ititaya sehuba gore a ka se tlhole a di dira gape. Go nwa bojalwa mo go feteletseng go ka ama botsogo jwa rona, ga koafatsa maikemisetso a rona a go dira se se siameng ga ba ga senya kamano ya rona le Modimo. Gape Baebele ya re matagwa a ka se bone botshelo jo bo sa khutleng.—1 Bakorintha 6:9, 10.

Ke leng go nwa go sa tshwanelang?

“Batho ba ba akanyang sentle ba tla bona bothata ba bo ba bo tila, motho yo o sa akanyeng ene o tla ya ka tlhamalalo kwa go jone mme morago a bo a ikwatlhaya.”Diane 22:3, “Good News Translation.”

LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO ITSE

World Book Encyclopedia ya re “bojalwa ke seokobatsi se se maatla.” Ka jalo, go ka nna le maemo kgotsa dinako dingwe tse tota le go nwa selekanyo se sennye sa bojalwa go tla bong go se botlhale.

SE BAEBELE E SE BUANG

Gantsi batho ba “ya ka tlhamalalo kwa [bothateng]” ka gonne ba nole ka nako e e sa tshwanelang. Baebele ya re “sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng,” go akaretsa le nako ya go se kgome bojalwa. (Moreri 3:1) Ka sekai, motho a ka tswa a le monnye thata go nwa bojalwa go ya ka molao, e ka tswa e le motho yo o neng a lemaletse bojalwa mme a leka go bo tlogela kgotsa a ka tswa a nwa melemo e e sa tsamaisaneng sentle le bojalwa. Mme mo bathong ba le bantsi, ‘nako e e tlhomilweng’ ya go se kgome bojalwa ke pele ga ba ya tirong le fa ba le kwa tirong, segolobogolo fa e le gore ba dirisa metšhine e e kotsi. Ruri batho ba ba botlhale ba tsaya botshelo le botsogo e le dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tse di tswang kwa Modimong. (Pesalema 36:9) Re bontsha go tlotla dimpho tseno ka go latela melaometheo ya Baebele malebana le gore re dirise bojalwa jang.

^ ser. 11 Leina le fetotswe.