Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | KE ENG FA O TSHWANETSE GO TSWELELA O TSHELA?

Ka Gonne Thuso e Gone

Ka Gonne Thuso e Gone

“Latlhela[ng] tlhobaelo yotlhe ya lona mo [Modimong], ka gonne o a lo kgathalela.”—1 PETERE 5:7.

Go swa go ka lebega go le botoka go na le go tshela fa o akanya gore ga go na sepe se se ka dirwang go tokafatsa boemo jwa gago. Mme sekaseka dingwe tsa dilo tse di ka go thusang.

Thapelo. Thapelo ga se selo fela se se dirang gore o ikutlwe botoka; le gone ga se selo se o se dirang fela ka gonne o se na kgoro ya botso. Ke puisano ya mmatota le Jehofa Modimo yo o go kgathalelang. Jehofa o batla gore o mmolelele dilo tse o tshwenyegang ka tsone. Tota e bile Baebele e re rotloetsa jaana: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.”—Pesalema 55:22.

Ke eng fa o sa bue le Modimo ka thapelo gompieno? Dirisa leina la gagwe, Jehofa, mme o bue le ene go tswa pelong. (Pesalema 62:8) Jehofa o batla gore o mo itse, o nne tsala ya gagwe. (Isaia 55:6; Jakobe 2:23) Thapelo ke mokgwa wa puisano o o ka o dirisang nako nngwe le nngwe, gongwe le gongwe.

Go ya ka American Foundation for Suicide Prevention, “ka metlha dipatlisiso di bontsha gore bontsi jwa batho ba ba ipolayang—diperesente di le 90 kgotsa go feta—ba ne ba na le bolwetse bongwe jo bo amanang le tlhaloganyo fa ba ne ba ipolaya. Le fa go ntse jalo, gantsi malwetse ano a ne a sa lemogiwa kgotsa a sa alafiwa sentle”

Batho ba ba amegang ka wena. Botshelo jwa gago bo botlhokwa mo bathong ba bangwe—go akaretsa ditsala le ba lelapa la gago ba ba ka tswang ba setse ba kile ba go bolelela gore ba amega ka wena. Batho ba ba amegang ka wena ba akaretsa le batho ba o ka tswang o ise o tsamaye o kopane le bone. Ka sekai, fa Basupi ba ga Jehofa ba le mo bodireding, ba a tle ba kopane le batho ba ba tlaletsweng, ba bangwe ba bone ba ileng ba bolela gore ba ne ba tlhoka thuso fela thata mo ba neng ba akanya go ipolaya. Go rera ka ntlo le ntlo go dirile gore Basupi ba ga Jehofa ba nne le tshono e e tlhomologileng ya go thusa batho ba ba ntseng jalo. Basupi ba ga Jehofa ba latela sekao sa ga Jesu ka go amega ka beng ka bone. Ba amega le ka wena.Johane 13:35.

Go bona thuso mo go ba ba nang le bokgoni. Gantsi dikakanyo tsa go ipolaya di bontsha gore motho o na le bolwetse bongwe jwa maikutlo, jo bo jaaka clinical depression. Ga go tlhabise ditlhong go lwala bolwetse bongwe jwa maikutlo—fela jaaka go sa tlhabise ditlhong go lwala bolwetse bongwe jwa mo mmeleng. Tota e bile, go tshwenyega mo maikutlong go ile ga bidiwa “mofikela wa tlhaloganyo.” Mongwe le mongwe a ka tshwenyega mo maikutlong—mme a ka alafiwa. *

GAKOLOGELWA SENO: Gantsi ga go motlhofo go intsha mo mosimeng o o boteng wa go tshwenyega mo maikutlong. Mme o ka kgona go tswa fa mongwe a go tshwara ka seatla a go ntsha.

SE O KA SE DIRANG GOMPIENO: Batla ngaka e e itsegeng ka go kgona go alafa malwetse a go fetofetoga maikutlo a a jaaka go tshwenyega mo maikutlong.

^ ser. 8 Fa maikutlo a go ipolaya a le maatla e bile a sa fele, batla metswedi e o ka bonang thuso kwa go yone—mogala o o lelediwang go thusa batho gore ba se ka ba ipolaya kgotsa lephata la thuso ya potlako kwa bookelong. Batho ba ba berekang mo mafelong ao ba thapiseditswe go go thusa.