Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A LE TLHAMILWE?

Letlalo le le Monyang Metsi la Mokgantitswane wa Thorny Devil

Letlalo le le Monyang Metsi la Mokgantitswane wa Thorny Devil

MOKGANTITSWANE wa kwa Australia o o bidiwang thorny devil (Moloch horridus) o monya metsi a motlhaba, bongola le mouwane. Morago moo, o isa metsi ao kwa molomong wa yone gore o a a nwe. O dira seo jang? Karabo e ka bonwa mo letlalong le le gakgamatsang la mokgantitswane ono.

Meselenyana e e mo godimo ga letlalo e kopana le e ka fa tlase ga letlalo gore e kgone go isa metsi kwa matlhakoreng a molomo wa thorny devil

Akanya ka seno: Letlalo la mokgantitswane ono le apesitswe ke makwapa. Baitsesaense bangwe ba re metsi kgotsa marothodi a a mo makwapeng a elelela mo letlalong a bo a tsena mo go lone ka meselenyana kgotsa ka diphatlha tse di fa gare ga makwapa. Meselenyana eno e mennye e kopane e bile e isa metsi kwa matlhakoreng a molomo wa one.

Mme gone mokgantitswane ono o fetisa jang metsi—go tswa mo maotong, go feta mo mmeleng a ya kwa molomong—o emelane le maatlakgogedi? E bile o kgona jang go monya metsi mo dilong tse di kolobileng ka go ikgotlha ka tsone?

Babatlisisi ba ile ba lemoga kafa thorny devil e dirang seno ka gone. Mesele e e mo makwapeng e kopana le e e mo letlalong la yone e e tsamaisang metsi. Mesele eo ya metsi e bopegile ka tsela e e dirang gore e kgone go monya metsi, le eleng ka go emelana le maatlakgogedi. Ka jalo, letlalo la mokgantitswane ono le dira jaaka sepontšhe.

Moeteledipele wa Biomimicry Institute e bong Janine Benyus a re didirisiwa tsa thekenoloji tse di dirang jaaka mokgantitswane ono di ka thusa baenjenere go dira dilo tse di kgonang go monya metsi a a mo loaping gore a tsidifatse dikago fa go tlhokega le go dira metsi a a nowang.

O akanyang? A letlalo le le kgonang go monya metsi la thorny devil le nnile gone ka bolone fela? Kgotsa a le tlhamilwe?