Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Botshelo bo Setse bo go Utlwaletse

Fa Botshelo bo Setse bo go Utlwaletse

GO MONATE fa dilo di tsamaya sentle mo botshelong mme go na le dilo tse di ka dirang gore o ipotse gore tota o sa ntse o tshelelang.

Ka sekai, Sally * o ile a senyegelwa ke dilo tsa gagwe fa go ne go na le setsuatsue kwa United States. Sally a re: “Ke ne ke utlwile botlhoko mo e neng e kete nkare lefatshe phatloga ke tsene.”

Selo se sengwe se se ka dirang gore go nne thata go itshoka, ke fa o tlhokafaletswe. Janice wa kwa Australia a re: “Fa ke sena go tlhokafalelwa ke bana ba basimane ba babedi, ke ne ke phatlogile pelo, ke tlaletswe e bile ke sa itse gore ke direng. Ke ne ka bolelela Modimo gore ga ke tlhole ke kgona go itshokela botlhoko jono, ga ke tlhole ke batla go tshela e bile a ntlogele ke swe!”

Daniel le ene o ne a utlwa botlhoko thata fa a utlwa gore mosadi wa gagwe o ne a ratana le monna yo mongwe. Daniel a re: “Fa mosadi wa me a mpolelela gore o ntse a ratana le monna yo mongwe, e ne e kete motho o ntlhabile ka sengwe mo pelong. Nako le nako fa ke akanya ka kgang eno, ke ne ke utlwa botlhoko jo le nna ke neng ke sa bo tlhaloganye.”

Makasine ono o tla go thusa go bona gore ke eng fa o tshwanetse go tswelela o itshokile le:

A re tlotle ka selo sa ntlha se se ka dirang gore go nne thata go itshoka: fa o wetswe ke masetlapelo.

^ ser. 3 Go na le maina mangwe a a fetotsweng mo makasineng ono.