Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | FA MONGWE YO O MO RATANG A TLHOKAFALA

A go Hutsafala go Phoso?

A go Hutsafala go Phoso?

A o kile wa kubugelwa ke bolwetse ka nakwana? Gongwe o ile wa fola ka bonako wa ba wa lebala ka tiragalo eo. Mme gone, go hutsafala ga go a nna jalo. Dr. Alan Wolfelt o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya, Healing a Spouse’s Grieving Heart: “Ga go ka ke gatwe khutsafalo e a fela.” Le fa go ntse jalo, o ne a oketsa jaana: “Fa nako e ntse e ya e bile ba bangwe ba go ema nokeng, khutsafalo ya gago e tla kokobela.”

Ka sekai, ela tlhoko kafa tlhogo ya lotso e bong Aborahame a ileng a itshwara ka teng fa a ne a tlhokafalelwa ke mosadi. Baebele ya re ‘Aborahame o ne a simolola go hutsafalela Sara le go mo lelela.’ Mafoko a a reng ‘o ne a simolola,’ a naya kgopolo ya gore go ne ga tsaya nako a ntse a lepalepana le khutsafalo. * Sekai se sengwe ke sa ga Jakobe, yo a neng a tsiediwa gore a dumele gore morwawe e bong Josefa o bolailwe ke sebatana. O ne a hutsafala “malatsi a le mantsi” mme ba lelapa la gagwe ga ba a ka ba kgona go mo gomotsa. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, loso lwa ga Josefa lo ne lo sa ntse lo mo amile maikutlo.—Genesise 23:2; 37:34, 35; 42:36; 45:28.

Aborahame o ne a lela fa mosadi wa gagwe yo a mo ratang thata e bong Sara a ne a tlhokafala

Go ntse jalo le gompieno ka batho ba le bantsi ba ba hutsafaditsweng ke loso lwa ba ba atamalaneng thata le bone. Ela tlhoko dikai tse pedi tse di latelang.

  • “Monna wa me e bong Robert, o ne a tlhokafala ka July 9, 2008. Moso wa fa a tla tlhokafala mo kotsing ya koloi, o ne o tshwana fela le malatsi a mangwe. Morago ga sefitlholo, fela jaaka re tlwaetse go dira fa a ya tirong, re ne ra atlana, ra tlamparelana re bo re laelana ka gore ‘ke a go rata.’ Le fa go fetile dingwaga di le thataro, ke sa ntse ke utlwile botlhoko. Ga ke dumele gore ke tla tsamaya ke kgaotsa go hutsafalela Rob.”—Gail wa dingwaga tse 60.

  • “Le fa go fetile dingwaga di feta 18 mosadi wa me yo ke mo ratang thata a tlhokafetse, ke sa ntse ke mo gopola e bile ke mo hutsafalela. Nako le nako fa ke bona sengwe sa tlholego se se kgatlhang, ke akanya ka ene, e bile ke akanya kafa a neng a tla itumela ka teng fa a bona se ke se bonang.”—Etienne wa dingwaga tse 84.

Tota ke ga tlholego gore motho a nne le maikutlo ao a a utlwisang botlhoko e bile e le ka lobaka lo loleele. Mongwe le mongwe o hutsafala ka tsela ya gagwe, ka jalo, go tla bo go se botlhale go atlhola motho yo mongwe ka ntlha ya tsela e a tsibogelang masetlapelo ka yone. Mo godimo ga moo, re ka nna ra tlhoka go tila go ikatlhola fa go bonala e kete re tsibogela masetlapelo ka tsela e e feteletseng. Re ka lepalepana jang le khutsafalo?

^ ser. 4 Morwa Aborahame e bong Isake le ene o ne a hutsafala lobaka lo loleele. Jaaka go tlhalosiwa mo setlhogong se se reng, “Etsa Tumelo ya Bone,” se se mo makasineng ono, Isake o ne a sa ntse a hutsafaditswe ke loso lwa ga mmaagwe e bong Sara, le fa go ne go setse go fetile dingwaga di le tharo.—Genesise 24:67.