Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

ETSA TUMELO YA BONE | DAFIDE

“Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”

“Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”

DAFIDE o leka go feta mo gare ga masole a a ntseng a tshaba. Matlho a bone a tletse letshogo fa ba ntse ba tshaba ka ntlha ya baba ba bone. Ke eng se se ba tshositseng thata jaana? Dafide o tshwanetse a bo a ne a ba utlwa ba ntse ba boaboeletsa lefoko le le lengwe. E ne e le leina la monna mongwe. Fa Dafide a leba, o bona monna yo o ronokang a ema mo mokgatšheng, mokaloba yo o goletseng kwa godimo thata go gaisa ope fela yo Dafide a kileng a mmona.

Goliathe! Dafide o ne a kgona go tlhaloganya lebaka la go bo masole a Iseraele a ne a mo tshaba, e ne e le serintlha sa motho. Fa a sa apara seaparo sa gagwe sa ntwa, bokete jwa gagwe bo ka tswa bo ne bo lekana le jwa banna ba babedi ba ba maatla. Mme o ne a tshwere dibetsa tsa ntwa e bile e le motlhabani yo o maatla thata yo o nang le maitemogelo. Goliathe o ne a goa a galefile a gwetlha ntwa. Akanya fela o utlwa lentswe la gagwe le le maatla le utlwala mo dithabeng fa a ntse a sotla masole a Iseraele le kgosi ya one e bong Saulo. O ne a ba raya a re ba romele lesole lepe fela go tla go mo lwantsha gore ntwa eno e kgone go fela ka bonako!—1 Samuele 17:4-10.

Baiseraele ba ne ba mo tshaba. Kgosi Saulo le ene o ne a mo tshaba. Dafide o ne a bolelelwa gore go ne go setse go fetile kgwedi maemo a ntse jalo! Fa Goliathe a ntse a sotla Baiseraele letsatsi le letsatsi, go ne go se ope wa masole a Bafilisitia le a Baiseraele yo o neng a batla go simolola ntwa. Dafide o ne a tshwenyegile thata. Go ne go tlhabisa ditlhong tota go bona gore kgosi ya Iseraele le masole a gagwe, go akaretsa le bomogoloe Dafide ba bararo, ba ne ba tshaba mokaloba yono! Mo go Dafide, Goliathe yono wa moheitane o ne a sa sotle masole a Iseraele fela, o ne a tlontlolola Modimo wa Iseraele e bong Jehofa! A go ne go na le sengwe se lekawana leno le neng le ka se dira? Ke eng se re ka ithutang sone ka tumelo ya ga Dafide?—1 Samuele 17:11-14.

“MO TLOTSE, GONNE YO KE ENE!”

Mma re boele morago dikgwedi di le mmalwa. Go ne go setse go le lotlatlana fa Dafide a ntse a disitse dinku golo gongwe kwa dithabeng tse di gaufi le Bethelehema. E ne e le lekawana la maratagolejwa, gongwe a sa ntse a le mo dingwageng tsa bolesome, mosimane yo mohibitswana yo o nang le matlho a mantle. Fa a le nosi, o ne a tshameka harepa. O ne a kgatlhwa ke popo ya Modimo e bile e le setswerere mo mminong ka gonne o ne a fetsa nako e ntsi a ikatisa. Maitseboa mangwe Dafide o ne a bidiwa. Rraagwe o ne a batla go mmona ka bonako.—1 Samuele 16:12.

O ne a fitlhela rraagwe e bong Jese a tlotla le monnamogolo mongwe. E ne e le moporofeti yo o ikanyegang e bong Samuele. Jehofa o ne a mo rometse gore a ye go tlotsa ngwana mongwe wa ga Jese gore e nne kgosi e e latelang ya Iseraele! Samuele o ne a setse a bone bomogoloe Dafide ba le supa mme Jehofa o ne a mmoleletse gore ga a tlhophe ope wa bone. Fa Dafide a goroga, Jehofa o ne a raya Samuele a re: “Mo tlotse, gonne yo ke ene!” Samuele o ne a bula lenaka le le nang le oli e e kgethegileng mme a e tshela mo tlhogong ya ga Dafide fa pele ga bomogoloe. Go tloga ka nako eo, botshelo jwa ga Dafide bo ne jwa fetoga. Baebele ya re: “Moya wa ga Jehofa wa simolola go dira mo go Dafide go tloga ka letsatsi leo go ya pele.”—1 Samuele 16:1, 5-11, 13.

Dafide o ne a ikokobetsa mme a galaletsa Jehofa ka ntlha ya go bo a kgonne go fenya dibatana tsa naga

A Dafide o ne a simolola go ikgodisa ka gonne a tloditswe go nna kgosi e e latelang? Nnyaa, o ne a ikemiseditse go leta Jehofa gore a dirise moya wa gagwe go mo itsise gore ke leng a tshwanetseng go sikara maikarabelo a go nna kgosi ya Iseraele. Fa a ntse a letile jalo, o ne a tswelela ka tiro ya gagwe ya go nna modisa. E ne e le tiro e a neng a e rata e bile a e dira ka bopelokgale. Letsomane la ga rraagwe le kile la tlhaselwa makgetlo a mabedi, nako nngwe ke tau mme mo lekgetlong lengwe ke bera. Dafide ga a ka a ema kgakala a bo a leka go leleka dibatana tseno. Go na le moo, o ne a simolola go lwa le tsone go sireletsa letsomane la ga rraagwe. Mo makgetlong ao oomabedi, o ne a bolaya dibatana tseo!—1 Samuele 17:34-36; Isaia 31:4.

Fa nako e ntse e ya, Dafide o ne a bidiwa gape. Kgosi Saulo o ne a utlwetse ka ene. Le fa gone Saulo e ne e sa ntse e le motlhabani yo o maatla, Jehofa o ne a sa tlhole a mo amogela ka gonne a ile a tlhokomologa ditaelo tsa Modimo. Jehofa o ne a sa tlhole a mo ema nokeng ka moya wa gagwe mme seo se ne se dira gore gangwe le gape kgosi e nne le moya o o bosula—e nne bogale, e belaele batho le go rata ntwa. Fa moya oo o o bosula o mo tsene, mmino e ne e le one fela o dirang gore a ikutlwe botoka. Banna bangwe ba ga Saulo ba ne ba utlwaletse gore Dafide ke rammino le motlhabani. Ka jalo, Dafide o ne a bidiwa gore e tle go nna rammino mo ntlong ya ga Saulo le go nna motsholadibetsa wa gagwe.—1 Samuele 15:26-29; 16:14-23.

Basha ba ka ithuta go le gontsi mo tumelong ya ga Dafide. Ela tlhoko gore o ne a fetsa nako e ntsi a dira dilo tse di neng di mo atametsa gaufi le Jehofa. Gape o ne a nna pelotelele fa a ntse a ithuta go nna le bokgoni jwa go dira ka diatla mme seo sa dira gore a bone tiro motlhofo. Sa botlhokwa le go feta, o ne a latela kaelo ya moya wa ga Jehofa. Ruri rotlhe re ithuta dithuto tsa botlhokwa mo sekaong sa gagwe!—Moreri 12:1.

“O SE KA WA LETLA PELO YA MONNA OPE YA PHUTLHAMA MO TENG GA GAGWE”

Fa Dafide a ntse a direla Saulo, gantsi o ne a ya gae go ya go disa letsomane la ga rragwe, ka dinako tse dingwe a tsamaya lobaka lo loleele. Nako nngwe Jese o ne a romela Dafide gore a ye go tlhola bomogoloe ba bararo ba e neng e le masole a ga Saulo. Dafide o ne a reetsa rraagwe mme a tseela bomogoloe dilwana tse ba neng ba di tlhoka a ya kwa Mokgatšheng wa Ela. Fa a goroga, o ne a gamaregile tota go bona seemo se re tlotlileng ka sone kwa tshimologong. Mephato e mebedi eno ya sesole e ne e eme e lebane mo matlhakoreng a mabedi a mokgatšha ono.—1 Samuele 17:1-3, 15-19.

Dafide o ne a sa kgone go itshokela se a se bonang. Go tla jang gore masole a Modimo yo o tshelang e bong Jehofa, a tshabe motho fela yo o sa reng sepe, le gone e le moheitane? Dafide o ne a tsaya gore Goliathe o sotla Jehofa ka tlhamalalo. Ka jalo, o ne a simolola go tlotla le masole gore ba ka fenya Goliathe jang. Go ise go ye kae, mogoloe Dafide e bong Eliabe o ne a utlwa se Dafide a neng a se bua. O ne a kgalema Dafide ka bogale, a mo latofatsa gore o ne a tlile go leba batho ba bolawa kwa ntweng. Mme Dafide o ne a mo araba a re: “Ke dirile eng jaanong? A e ne e se lefoko fela?” Go tswa foo, o ne a nna a bua ka bopelokgale kafa Goliathe a ka fenngwang ka teng mme mongwe o ne a bolelela Saulo se Dafide a neng a se bua. Kgosi e ne ya laela gore Dafide a tlisiwe kwa go ene.—1 Samuele 17:23-31.

Dafide o ne a bua jaana ka Goliathe a leka go kgothatsa kgosi: “O se ka wa letla pelo ya monna ope ya phutlhama mo teng ga gagwe.” Saulo le banna ba gagwe ba ne ba kgobegile marapo thata ka ntlha ya ga Goliathe. Gongwe ba ne ba dirile phoso ya go ipapisa le mokaloba yono, ba ipona ba fitlha mo mpeng ya gagwe ka boleele. Ba ne ba akanya kafa mokaloba yono a tlileng go ba fenya ka gone le go ba nyeletsa ka bonako. Mme Dafide ene o ne a sa akanye jalo. Jaaka re tla ithuta, o ne a bona bothata jono ka tsela e e farologaneng gotlhelele le ya bone. Ka jalo, o ne a ithaopela go lwa le Goliathe.—1 Samuele 17:32.

Saulo o ne a raya Dafide a re: “O ka se ka wa kgona go ya go tlhabana le Mofilisitia yo, gonne o mosimanyana fela, mme ene ke monna wa ntwa go tloga bosimaneng jwa gagwe.” A tota Dafide e ne e le mosimanyana fela? Nnyaa, mme o ne a le monnye tota gore a ka nna lesole e bile a ka tswa a ne a lebega a le mosha. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a itsege e le motlhabani yo o pelokgale e bile a ka tswa a ne a ela go wetsa dingwaga tsa bolesome ka nako eo.—1 Samuele 16:18; 17:33.

Dafide o ne a tlhomamisetsa Saulo gore o tla fenya ka go mmolelela se a se dirileng ka tau le ka bera. A o ne a ikgantsha? Nnyaa. Dafide o ne a itse gore go tlile jang gore a fenye. O ne a re: “Jehofa, yo o nkgolotseng mo leroong la tau le mo leroong la bera, ke ene yo o tla nkgololang mo seatleng sa Mofilisitia yono.” Saulo o ne a bua jaana a itlhobogile: “Tsamaya, mme e kete Jehofa a ka nna le wena.”—1 Samuele 17:37.

A o ka rata go nna le tumelo e e tshwanang le ya ga Dafide? Ela tlhoko gore tumelo ya ga Dafide e ne e theilwe mo dilong tsa mmatota. O ne a dumela mo Modimong ka gonne a mo itse e bile a bone kafa a ileng a mo thusa ka gone. O ne a itse gore Jehofa ke Mosireletsi yo o lorato le gore ke Modiragatsi wa ditsholofetso tsa gagwe. Fa re batla go nna le tumelo e e ntseng jalo, re tshwanetse go nna re ithuta ka Modimo yo o kwadileng Baebele. Fa re tshela go dumalana le se re ithutang sone, re tla lemoga gore diphelelo tse di molemo di tla nonotsha tumelo ya rona.—Bahebera 11:1.

“JEHOFA O TLA GO TSENYA MO SEATLENG SA ME”

Kwa tshimologong, Saulo o ne a leka go apesa Dafide diaparo tsa gagwe tsa ntwa. Diaparo tseno tsa ga Saulo di ne di batla di tshwana le tsa ga Goliathe e bile di dirilwe ka kopore. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a leka go tsamaya a apere diaparo tseo tse di bokete mme o ne a lemoga gore ga di na go mo thusa. O ne a sa katisediwa go nna lesole, ka jalo, o ne a sa tlwaela go apara diaparo tsa ntwa, segolobogolo seaparo sa ga Saulo yo e neng e le monna yo moleele go ba gaisa botlhe mo Iseraele! (1 Samuele 9:2) O ne a di apola mme a apara seaparo se a neng a tlwaetse go se apara, se se neng se thusa modisa gore a kgone go sireletsa letsomane la gagwe.—1 Samuele 17:38-40.

Dafide o ne a tsaya thobane ya gagwe, a tsenya beke mo legetleng mme a tsaya motsekedi. Motsekedi e ka tswa e ne e le sebetsa sa maemo a a kwa tlase, mme gone se ne se le kotsi thata. Motsekedi e ne e le kgole e e dirilweng ka letlalo e o kgonang go tsenya leje mo go yone mme e ne e le sebetsa se badisa ba neng ba se rata. Modisa o ne a tsenya leje mo motsekeding, a bo a o dikolosa thata, go tswa foo a bo a tlogela kgole e le nngwe mme leje le bo le tswa ka lebelo le le kwa godimo thata. E ne e le sebetsa se se kotsi thata jaana mo ka dinako dingwe go neng go na le masole mangwe a a neng a se dirisa mo ntweng.

A tlhometse ka sebetsa, Dafide o itlhaganelela go ya go kopana le mmaba wa gagwe. Akanya fela Dafide a ntse a rapela fa a ntse a inama mo karolong e e omeletseng ya mokgatšha a sela maje a matlhano a a borethe. Go tswa foo, o ya kwa lefelong la ntwa, a sa tsamaye go na le moo, a taboga!

Goliathe o ne a akanya eng fa a bona Dafide? Re bala jaana: “A simolola go mo nyatsa ka gonne e ne e le mosimanyana fela e bile a le mohibidu, a na le ponalo e ntle.” Goliathe o ne a goa a re: “A ke ntša, mo e leng gore o tla kwa go nna ka dinthe?” Go bonala a ne a bona fela beke ya ga Dafide e seng motsekedi o a neng a o tshwere. O ne a tlhapatsa Dafide ka modimo wa Bafilisitia mme a ikana gore o tla tsaya setopo sa mmaba yono yo a mo nyaditseng a bo a se naya dinonyane le dibatana tsa naga. —1 Samuele 17:41-44.

Go tla go fitlha le gompieno, mafoko a Dafide a neng a mo raya one a sa ntse a dirisiwa le ke batho ba ba nang le tumelo mo Modimong. Akanya fela o utlwa lekawana leno le goa Goliathe le re: “O tla kwa go nna ka tšhaka le ka lerumo le ka lerumo le le konopiwang, mme nna ke tla kwa go wena ka leina la ga Jehofa wa masomosomo, Modimo wa mela ya tlhabano ya Iseraele, ene yo o mo kgobileng.” Dafide o ne a itse gore maatla a motho le dibetsa tsa gagwe ga di botlhokwa thata. Goliathe o ne a tlontlolotse Jehofa Modimo mme Jehofa o ne a tlile go mo araba. Jaaka Dafide a ile a tlhalosa, “tlhabano ke ya ga Jehofa.”—1 Samuele 17:45-47.

Ga se gore Dafide o ne a sa bone gore Goliathe e ne e le serintlha sa motho le gore o ne a tshwere dibetsa. Le fa go ntse jalo, ga a ka a letla gore dilo tseo di mo tshose. Ga a ka a dira phoso e Saulo le masole a gagwe ba neng ba e dira. Dafide ga a ka a ipapisa le Goliathe. Go na le moo, o ne a mo leba ka tsela e Jehofa a neng a mo leba ka yone. Goliathe o ne a le moleele thata mo bathong ba bangwe ka gonne o ne a le boleele jwa dimetara di le 2,9 mme gone, a o ne a feta Molaodimogolo wa lobopo lotlhe? Boammaaruri ke gore, o ne a lekana fela le tshoswane, e Jehofa a neng a tlile go e fedisa!

Dafide o ne a tabogela kwa mmabeng wa gagwe, a ntse a ntsha leje mo bekeng. O ne a le tsenya mo motsekeding a bo a o dikolosa mo tlhogong go fitlha o letsa molodi. Goliathe o ne a atamela Dafide, gongwe motshodi wa thebe ya gagwe a le fa pele ga gagwe. Boleele jwa ga Goliathe bo ka tswa bo ne bo sa mo thuse ka sepe ka gonne motshodi wa thebe ya gagwe o ne a sa kgone go tsholeletsa thebe kwa godimo gore e sireletse tlhogo ya mokaloba yono. Mme ke gone kwa Dafide a neng a batla go mo itaya gone.—1 Samuele 17:41.

Dafide o ne a lemoga gore tota le mokaloba ga se sepe fa a bapisiwa le Jehofa Modimo

Dafide o ne a kolopa leje leo. Le bone jaaka le ya kwa tlhogong ya mokaloba yono. Jehofa o ne a tlhomamisa gore Dafide o tla kolopa leje leo gangwe fela. Leje leo le ne la betsa Goliathe mo tlhogong mme la nwelelela mo phatlheng ya gagwe. Mokaloba yoo o ne a wela fa fatshe ka sefatlhego! Gongwe motshodi wa gagwe wa thebe o ne a tlhanola direthe ka ntlha ya letshogo. Dafide o ne a tsaya tšhaka ya ga Goliathe mme a mo kgaola tlhogo ka yone.—1 Samuele 17:48-51.

Kgabagare, Saulo le masole a gagwe ba ne ba nna pelokgale. Ba ne ba goa ka lentswe le le kwa godimo mme ba lelekisa Bafilisitia. Go ne ga nna fela jaaka Dafide a ne a boleletse Goliathe fa a ne a re: “Jehofa . . . o tla lo tsenya mo seatleng sa rona.”—1 Samuele 17:47, 52, 53.

Gone jaanong batho ba ga Modimo ga ba nne le seabe mo dintweng. Nako eo e fetile. (Mathaio 26:52) Mme re sa ntse re tlhoka go etsa tumelo ya ga Dafide. Le rona re tshwanetse go tsaya Jehofa e le Motho wa mmatota, e le Modimo a le mongwe fela yo re tshwanetseng go mo direla le go mo tlotla. Ka dinako tse dingwe, re ka tsaya mathata a rona e kete ke mokaloba yo re ka se kgoneng go mo fenya mme fa a bapisiwa le maatla a ga Jehofa a a sa feleng, mathata ao a mannye fela thata. Fa re tsaya Jehofa e le Modimo wa rona e bile re na le tumelo mo go ene fela jaaka Dafide, ga go na mathata kgotsa dikgwetlho dipe tse di tla re tshosang. Ga go na sepe se se palelang Jehofa!