Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dibisikiti Tsa Dintša

Dibisikiti Tsa Dintša

NICK, yo o nnang kwa Oregon, U.S.A. a re: “Mo masimologong a ngwaga wa 2014, ke ne ka simolola go tsamaya le dintša tsa me tse pedi tse dinnye mo gare ga toropo kwa ke neng ke nna gone. Gantsi Basupi ba ne ba ema mo toropong ka kolotsana ya bone ya dikgatiso. Ba ne ba apere sentle, ba dumedisa mongwe le mongwe yo o fetang e bile ba smaela.

“Basupi ba ne ba se pelontle fela mo bathong, ba ne ba le pelontle le mo dintšeng tsa me. Letsatsi lengwe Elaine yo o neng a eme gaufi le kolotsana ya dikgatiso, o ne a naya dintša tsa me tse pedi dibisikiti tsa dintša. Fa e sa le ka nako eo, fela fa ke feta gaufi le kolotsana eo ya dikgatiso, dintša tsa me di ne di batla go tsamaela gaufi le Basupi bao gore ba di neye dibisikiti.

“Fa dikgwedi di ntse di feta, dintša di ne di itumelela go ja dibisikiti mme nna ke ne ke itumelela go tlotla le Basupi bao ka bokhutshwane. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa batle go tlotla le bone ka lobaka lo loleele. Ke ne ke setse ke fetile dingwaga di le 70, e bile ke ne ke sa itse gore Basupi ba dumela eng. Mme e re ka ke ne ke swabisitswe ke dikereke tse dintsi tse di ipitsang tsa Bokeresete, ke ne ke bona go le botoka gore ke ipalele Baebele ke le nosi.

“Ka yone nako eo, ke ne ka bona Basupi ba bangwe mo dikarolong tse dingwe tsa toropo ba eme gaufi le dikolotsana tsa bone tsa dikgatiso. Le bone ba ne ba le botsalano ka metlha. Nako le nako ba ne ba araba dipotso tsa me ba dirisa Baebele e bile seo se ne sa dira gore ke ba tshepe le go feta.

“Letsatsi lengwe Elaine o ne a mpotsa jaana, ‘A o a dumela gore diphologolo ke mpho e e tswang kwa Modimong?’ Ke ne ka mo raya ka re, ‘Ee, ke a dumela!’ Go tswa foo, Elaine o ne a mpalela Isaia 11:6-9. Seo se ne sa dira gore ke batle go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele. Mme gone, ke ne ke sa ntse ke sa batle go tsaya dikgatiso dipe mo go bone.

“Mo malatsing a a neng a latela, ke ne ka itumelela go tlotla le Elaine le monna wa gagwe e bong Brent ka bokhutshwane, mme metlotlo eo e ne e itumedisa tota. Ba ne ba akantsha gore ke bale Baebele go simologa mo go Mathaio go fitlha kwa go Ditiro gore ke tlhaloganye gore go nna Mokeresete go kaya eng. Ke ne ka dira jalo. Go ise go ye kae, ke ne ka dumela gore Brent le Elaine ba nthute Baebele. Seo se diragetse mo bogareng jwa ngwaga wa 2016.

“Beke le beke ke ne ke nna ke lebile pele go ithuta Baebele le go ya kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Ke ne ke itumetse tota ka gonne se ke neng ke se ithuta se ne se tswa mo Baebeleng. Morago ga ngwaga le dikgwedinyana, ke ne ka kolobediwa. Gone jaanong ke na le dingwaga di le 79, e bile ke lebogela go bo ke ile ka bona bodumedi jwa boammaaruri. Jehofa o ntshegofaditse ka go ntetla gore ke nne mongwe wa batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng.”