Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Alisa

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Turkey

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Turkey

BAKERESETE ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ile ba tsaya matsapa a magolo gore ba kgone go fitlhelela batho ba le bantsi ka ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (Math. 24:14) Bangwe ba ne ba ya go rera kwa dinageng tse dingwe. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a ya kwa kgaolong e gompieno e bidiwang Turkey mme o ne a rera teng ka nako ya maeto a gagwe a borongwa. * Dingwaga di ka nna 2 000 moragonyana, ka 2014, batho ba ga Jehofa ba ne ba nna le seabe mo letsholong le le kgethegileng la go rera kwa nageng eo. Ke eng fa go ne ga rulaganngwa letsholo leo? Ke bomang ba ba neng ba nna le seabe mo go lone?

“GO DIRAGALA ENG?”

Go na le baboledi ba ka nna 2 800 kwa Turkey mme naga eno yone e na le baagi ba feta dimilione di le 79. Seno se raya gore mmoledi a le mongwe o tlhoka go rerela batho ba le 28 000. Ka ntlha ya seo, baboledi ba kgonne go fitlhelela palo e nnye fela ya banni ba kwa nageng eo. Boikaelelo jwa letsholo le le kgethegileng e ne e le gore baboledi ba kgone go fitlhelela batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang mme ba dire jalo mo lobakeng lo lokhutshwane lwa nako. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna 550 ba ba buang Se-Turkey ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ne ba ya kwa Turkey mme ba rera le baboledi ba mo lefelong leo ka nako ya letsholo le le kgethegileng. Ba ne ba fitlhelela eng?

Go ne ga neelwa bosupi jo bogolo. Phuthego nngwe ya kwa Istanbul e ne ya kwala jaana: “Fa batho ba re bona, ba ne ba re botsa go re: ‘A go na le kopano e e kgethegileng fano? Re bona Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi!’” Phuthego ya kwa toropong ya Izmir e ne ya kwala jaana: “Monna mongwe yo o berekang kwa lefelong la dipalangwa tsa botlhe o ne a ya kwa mogolwaneng mongwe a bo a mmotsa jaana, ‘Go diragala eng? A lo okeditse tiro e lo e dirang?’” Eleruri batho ba ne ba lemoga letsholo leo.

Steffen

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ne ba itumelela letsholo leo. Steffen, yo o tswang kwa Denmark, a re: “Letsatsi le letsatsi ke ne ka kgona go rerela batho ba ba iseng ba ko ba utlwe ka Jehofa. Ke ne ka lemoga gore eleruri ke dira gore leina la Modimo le itsiwe.” Jean-David wa kwa Fora o ne a kwala jaana: “Re ne ra fetsa diura di le dintsi re rera mo mmileng o le mongwe. Go ne go itumedisa tota! Batho ba le bantsi ba ne ba sa itse Basupi ba ga Jehofa. Kwa magaeng a mantsi, re ne re kgona go bua le beng ba matlo, re ba bontsha dibidio e bile re ba tlogelela dikgatiso.”

Jean-David (mo gare)

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 550 ba ile ba tsamaisa dikgatiso di ka nna 60 000 mo dibekeng di le pedi fela! Eleruri letsholo leo le ne la dira gore go neelwe bosupi jo bogolo.

Ba ne ba tlhagafalela bodiredi. Letsholo leo le le kgethegileng le ne la dira gore bakaulengwe ba kwa lefelong leo ba tlhagafale tota. Bontsi jwa bone ba ne ba simolola go akanyetsa tirelo ya nako e e tletseng. Tota e bile, go ne ga nna le babulatsela ba ka metlha ba ba oketsegileng ba le 82 mo dikgweding di le 12 tsa morago ga letsholo leo.

Şirin

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ne ba tlhalosa kafa letsholo leo le ileng la tokafatsa bodiredi jwa bone ka gone fa ba sena go boela kwa dinageng tsa bone. Kgaitsadi Şirin yo o tswang kwa Jeremane o ne a kwala jaana: “Go ne go le motlhofo gore bakaulengwe ba kwa Turkey ba rere le fa ba se mo bodireding. Ke ne ke tshaba go rera ke se mo bodireding. Le fa go ntse jalo, letsholo le le kgethegileng, go rapela le sekao sa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Turkey, di nthusitse gore ke kgone go dira sengwe se pele se neng se mpalela. Ke ne ke kgona go rera le go tsamaisa dikgatiso fa ke le mo tereneng. Jaanong ga ke tlhole ke tshaba go rera ke se mo bodireding.”

Johannes

Johannes wa kwa Jeremane, o ne a re: “Ke ne ka ithuta dithuto tsa botlhokwa tse di ka nthusang go tokafatsa bodiredi jwa me. Ruri bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Turkey ba batla go rerela batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng. Ba rera dikgang tse di molemo nako le nako fa go nna le tshono ya go dira jalo. Ke ne ka swetsa ka gore le nna ke dire se se tshwanang fa ke boela kwa Jeremane. Mme gone jaanong ke kgona go rerela batho ba le bantsi go feta pele.”

Zeynep

Zeynep wa kwa Fora a re: “Letsholo leno le ne la nthusa go tokafatsa bodiredi jwa me fela thata. Le ne la nthusa gore ke nne pelokgale le go feta le gore ke tshepe Jehofa ka tsela e e oketsegileng.”

Baboledi ba ne ba atamalana fela thata. Tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng ba neng ba ratana e bile ba utlwana ka teng, ga e lebalesege. Jean-David yo go builweng ka ene pelenyana a re: “Re ne ra utlwa moya o o molemo wa go amogela baeng o bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba na le one. Ba ne ba re amogela mme ra nna ditsala tsa bone le ba malapa a bone. Ba ne ba re amogela mo magaeng a bone. Ke ne ke itse gore re karolo ya bakaulengwe ba lefatshe lotlhe; ke ne ke badile ka kgang eno makgetlo a le mantsi mo dikgatisong tsa rona. Mme mo lekgetlong leno ke ne ka itemogela boammaaruri jwa seo. Ke ne ke le motlotlo go nna motlhanka wa ga Jehofa e bile ke a mo leboga go bo a nneile tshiamelo eno.”

Claire (mo gare)

Claire wa kwa Fora, a re: “Go sa kgathalesege gore a mongwe o ne a tswa kwa Denmark, Fora, Jeremane kgotsa Turkey, rotlhe re ne re le lelapa. Go ne go ntse jaaka e kete Modimo o dirile gore go se ka ga nna le melelwane epe ya bosetšhaba.

Stéphanie (mo gare)

Stéphanie yo o tswang kwa Fora, a re: “Letsholo le le kgethegileng le ne la re bontsha gore ga re kopanngwe ke setso kgotsa puo, go na le moo, re kopanngwa ke tsela e rotlhe re ratang Jehofa ka yone.”

GO NNILE LE MELEMO E E NNELANG RURI

Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ne ba simolola go akanyetsa go fudugela kwa Turkey gore ba thuse ka tiro e kgolo ya go rera e e sa ntseng e tlhoka go dirwa. Ba le mmalwa ba setse ba fudugetse teng. Ruri re anaanela tiro ya bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba ithaopetseng go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone.

Ka sekai, akanya ka setlhopha se sennye sa baboledi ba le 25 se se kwa lefelong lengwe. Go ne ga feta dingwaga di le dintsi go na le mogolwane a le mongwe fela mo go sone. Akanya fela gore baboledi ba setlhopha seo ba ne ba itumela thata jang fa ka 2015 bakaulengwe ba le barataro go tswa kwa Jeremane le kwa Netherlands ba ne ba tla go ba thusa!

GO RERA KWA GO NANG LE TLHOKEGO GONE

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le lobaka ba direla kwa Turkey, ba ikutlwa jang ka botshelo jwa bone koo? Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe, go thata mme gone go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone ruri go molemo tota. Akanya ka se bangwe ba bone ba ileng ba se bua:

Federico

Mokaulengwe mongwe yo o nyetseng yo o mo dingwageng tsa bo40 e bong Federico o ne a fudugela kwa Turkey a tswa Spain. O tlhalosa jaana: “E re ka ke sena dithoto di le dintsi, ke gololesegile e bile ke kgona go tlhoma mogopolo mo dilong tsa botlhokwa thata.” A Federico o kgothaletsa ba bangwe go dira se se tshwanang? A re: “Ee, go ntse jalo! Fa o fudugela kwa nageng e nngwe gore o thuse batho gore ba itse Jehofa, tota o a bo o mo letla gore a go dirise. Seno se dira gore o lemoge gore ruri Jehofa o go tlhokometse fela thata.”

Rudy

Mokaulengwe mongwe wa kwa Netherlands yo o nyetseng e bile a le mo dingwageng tsa bo50 e bong Rudy a re: “Ruri go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone go a nkgotsofatsa e bile go a itumedisa go rerela batho ba le bantsi ba ba iseng ba utlwe boammaaruri. Go bona kafa batho ba itumelang ka gone fa ba amogela boammaaruri go a itumedisa.”

Sascha

Mokaulengwe mongwe yo o nyetseng yo o mo masimologong a dingwaga tsa bo40 e bong Sascha o ne a fudugela kwa Turkey a tswa Jeremane. A re: “Nako le nako fa ke le mo bodireding, ke kopana le batho ba e leng la ntlha ba utlwa boammaaruri. Go thusa batho bano gore ba itse Jehofa ruri go a kgotsofatsa.”

Atsuko

Kgaitsadi mongwe yo o nyetsweng yo o mo bogareng jwa dingwaga tsa bo30 e bong Atsuko o ne a fudugela kwa Turkey a tswa Japane. A re: “Mo nakong e e fetileng, ke ne ke batla gore Haramagedona e tle ka bonako. Mme fa ke sena go fudugela mo Turkey, ke ne ka leboga go bo Jehofa a sa ntse a le pelotelele. Fa ke ntse ke bona kafa Jehofa a kaelang tiro ya gagwe ka gone, ke tlhotlheletsega go atamalana le ene fela thata.”

Kgaitsadi mongwe yo o mo masimologong a dingwaga tsa bo30 e bong Alisa o ne a fudugela kwa Turkey a tswa Russia. A re: “Go direla Jehofa ka tsela eno go nthusitse gore ke bone bomolemo jwa gagwe.” (Pes. 34:8) Gape a re: “Jehofa ga se Rre wa me fela, mme gape ke Tsala ya me e e molemo e ke kgonang go e itse botoka fa ke ntse ke lebana le maemo a a farologaneng. Ke na le maitemogelo a le mantsi a a itumedisang e bile ke segofaditswe ka ditsela di le dintsi!”

‘LEBANG MASIMO’

Letsholo le le kgethegileng la go rera kwa Turkey, le ne la dira gore batho ba le bantsi ba utlwe dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le mafelo a le mantsi a go iseng go rerwe kwa go one. Letsatsi le letsatsi bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba fudugetseng kwa Turkey ba kopana le batho ba ba iseng ba ko ba utlwe ka Jehofa. A o ka rata go ya go direla kwa lefelong le le ntseng jalo? Fa go le jalo, re go kgothaletsa gore o ‘tsholetse matlho a gago mme o lebe masimo, gore a masweu go ka rojwa.’ (Joh. 4:35) A o ka kgona go ya go thusa kwa mafelong a kwa go one ‘masimo a siametseng go ka rojwa’? Fa go le jalo, simolola go dira dithulaganyo tse di tla dirang gore o kgone go fitlhelela mokgele oo. Re go tlhomamisetsa jaana: Fa o nna le seabe mo go rereng dikgang tse di molemo kwa ‘dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe,’ o tla nna le masego a a ka se lekanngweng le sepe.—Dit. 1:8.

^ ser. 2 Bona boroutšhara jwa setlhogo se se reng, ‘Bona Lefatshe le le Molemo,’ ts. 32-33.