Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo O a Go Kgathalela

Modimo O a Go Kgathalela

BAEBELE e na le kgakololo e e di gaisang tsotlhe e e ka re thusang, ka gonne e tswa kwa Modimong. Ga se buka ya kalafi, mme gone e ka re thusa ka ditsela tse di farologaneng gore re itshokele maemo a a ngomolang pelo, dikakanyo tse di tlhobaetsang, kutlobotlhoko le mathata a botsogo a re ka nnang le one no mmeleng kgotsa mo tlhaloganyong.

Sa botlhokwa thata, Baebele e re netefaletsa gore Mmopi wa rona, e bong Jehofa Modimo, a o tlhaloganya se re se akanyang le kafa re ikutlwang ka gone go gaisa motho ope yo mongwe. O ikemiseditse go re thusa gore re kgone go itshokela mathata ape fela a re kopanang le one. Ka sekai, ela tlhoko ditemana tseno tse pedi tsa Baebele tse di gomotsang:

“Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; o boloka ba ba kgobegileng marapo.”​—PESALEMA 34:18.

“Gonne nna Jehofa, Modimo wa gago, ke tshwara seatla sa gago sa moja, nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Ke tla go thusa.’”​—ISAIA 41:13.

Mme gone, Jehofa o re thusa jang gore re kgone go itshokela malwetse a tlhaloganyo? Jaaka o tla bona mo ditlhogong tse di latelang, Jehofa o bontsha ka ditsela di le dintsi gore ruri o a re kgathalela.

a Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.