Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Huma le go Rutega go Dira Gore o Nne le Bokamoso?

A go Huma le go Rutega go Dira Gore o Nne le Bokamoso?

Batho ba le bantsi ba akanya gore batho ba ba humileng le ba ba tumileng ba na le bokamoso jo bo itumedisang. Ba dumela gore batho ba ba yang yunibesithing ba ka kgona go dirisana sentle le batho ba bangwe, ba ka dira gore go nne monate kwa lapeng le gore ba ka kgona go nna batho setšhabeng. Gape ba akanya gore fa ba rutegile ba ka bona ditiro tse di duelang madi a mantsi le gore madi ao a tla dira gore ba itumele.

SE BATHO BANGWE BA SE DUMELANG

Akanya ka se Zhang Chen, wa kwa China a se buang. A re: “Ke ne ke akanya gore ke tshwanetse go ya kwa yunibesithing gore ke kgone go nna le dikirii e e tla nthusang go bona tiro e e duelang madi a mantsi le e e tla dirang gore ke itumelele botshelo.”

E re ka batho ba le bantsi ba tshwenyegile ka bokamoso jwa bone, ba ya kwa di yunibesithing tse di tumileng kwa mafatsheng a mangwe. Seno se ne se direga go fitlha go nna le dithibelo ka ntlha ya bolwetse jwa COVID-19. Ka 2012, Organisation for Economic Co-operation and Development e ne ya re: “Diperesente di le 52 tsa batho ba ba leng kwa diyunibesithing tse di kwa dinageng tse dingwe ba tswa kwa Asia.”

Batsadi ba le bantsi ba bereka ka thata gore bana ba bone ba kgone go ya kwa diyunibesithing tse di kwa dinageng tse dingwe. Qixiang, yo o nnang kwa Taiwan, a re: “Batsadi ba rona ba ne ba se na madi a a kalo, mme ba ne ba re isa rotlhe re le banê kwa kholetšheng e e kwa United States.” Batsadi ba gagwe ba ne ba tsena mo dikolotong e le fela gore ba kgone go ba duelela.

DITLAMORAGO TSA SENO KE ENG?

Gantsi batho ba ba gagamalelang go rutega le go huma ba feleletsa ba tlhakane tlhogo

Go rutega go ka tokafatsa matshelo a rona, mme ga go ka ke ga dira gore re tshele re tshele jaaka re ne re eleditse. Ka sekai, le fa bangwe ba duelela dikoloto tse di ba thusitseng go ya go ithutela dilo dingwe kwa yunibesithing, ga ba kgone go bona tiro e ba e batlang. Rachel Mui o ne a bua jaana mo lekwalodikgannyeng la Singapore’s Business Times, a re: “Go lebega batho ba le bantsi ba ba tswang yunibesithing ba sa kgone go bona tiro.” Jianjie yo o nnang kwa Taiwan e bile gone jaanong a na le dikirii ya doctorate a re: “Batho ba le bantsi ga ba kgone go bona ditiro tsa dilo tse ba di ithutetseng.”

Gantsi batho ba ba bonang ditiro tsa dilo tse ba di ithutetseng, ga ba di itumelele jaaka ba ne ba solofetse. Fa Niran a tswa kwa yunibesithing kwa Yuropa, o ne a boela kwa gabone kwa Thailand a bo a bona tiro e a e batlang. A re: “Gone dikirii ya me e ne ya nthusa go bona tiro e e duelang madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, gore ke nne le madi a mantsi, ke ne ke tshwanetse go bereka diura tse di oketsegileng. Le fa go ntse jalo khampani e ne ya swetsa ka gore e fokotse badiri mme ke ne ke le mongwe wa badiri bao. Ke ne ka lemoga gore ga go na tiro epe e e ka dirang gore o nne le bokamoso jo bo itumedisang.”

Tota le batho ba ba humileng kgotsa ba ba lebegang ba humile, ba sa ntse ba na le mathata a lelapa, ba a tle ba lwale gape ba tshwenyega ka madi. Katsutoshi, yo o nnang kwa Japane, a re: “Gone ke ne ke kgona go reka sengwe le sengwe se ke se batlang, mme ke ne ke tshwenngwa ke go bona batho ba gaisana, ba fufegelana le go bona ba bangwe ba kgerisiwa.” Mmê mongwe yo o nnang kwa Vietnam yo o bidiwang Lam, a re: “Ke tlhola ke bona batho ba leka ka natla go bona tiro e e duelang madi a mantsi mme gantsi tiro eo, e dira gore ba ikutlwe ba sa itshepe, ba nne le mathata a botsogo, ba nne fela ba lapile le gore ba gatelelwe mo maikutlong.”

Batho ba le bantsi ba ikutlwa jaaka Franklin. Ba akanya gore go na le dilo tse di botlhokwa thata go gaisa go rutega le go huma. Go na le gore ba ikokoanyetse dithoto, ba leka go nna batho ba ba siameng le go direla batho ba bangwe dilo tse di molemo. A go dira jalo go tla dira gore ba nne le bokamoso jo bo itumedisang? Re tla bona karabo mo setlhogong se se latelang.