Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEFATSHE LE TLHAKATLHAKANE

4 | O se Ka wa Felelwa ke Tsholofelo

4 | O se Ka wa Felelwa ke Tsholofelo

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Go tlhobaela ka dilo tse di bosula tse di diragalang mo lefatsheng go ka dira gore batho ba lwale mo maikutlong le mo mmeleng. Bontsi jwa batho ba ba ileng ba amiwa ke dilo tse di diragalang mo lefatsheng ba akanya gore dilo ga di na go tokafala. Ba dira eng?

  • Bangwe ba bone ga ba batle go akanya ka se se tla diragalang mo nakong e e tlang.

  • Ba bangwe ba nwa thata kgotsa ba dirisa diokobatsi go dira gore ba se ka ba akanya ka mathata a bone.

  • Bangwe ba re go ka bo go le botoka fa ba ne ba sule. Ba re: “Ga go na mosola wa go bo ke tshela.”

Se o Tlhokang go se Itse

  • Mathata mangwe ga a nnele ruri, dilo di ka fetoga o sa solofela.

  • Tota le fa seemo sa gago se sa fetoge, go na le dilo dingwe tse o ka di dirang tse di ka go thusang gore o itshoke.

  • Baebele e re solofetsa gore mathata otlhe a batho a tla fela.

Se o Ka se Dirang Gone Jaanong

Se Baebele e se buang: “Le ka motlha lo se ka lwa tlhobaela ka letsatsi le le latelang, ka gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le na le mathata a lone.”—Mathaio 6:34.

O se ka wa tlhobaela thata ka se se tla diragalang kamoso ka gonne go ka dira gore o se ka wa dira dilo tse o tlhokang go di dira gompieno.

Fa o tshwenyega thata ka dilo tse di bosula tse di ka nnang tsa diragala, go tla dira gore o nne le seterese le go feta go bo go dira gore o felelwe ke tsholofelo.

Baebele e Dira Gore re Nne le Tsholofelo ya Mmatota

Bogologolo mopesalema o ne a rapela Modimo a re: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tselana ya me.” (Pesalema 119:105) Lefoko la Modimo le ntse fela jalo.

Fa go le lefifi, lobone lo re thusa go bona fa re tsamayang teng. Baebele e re kaela ka tsela e e tshwanang, e kgona go re bontsha tsela fa re tlhoka go dira tshwetso e e bokete.

Lesedi le kgona go re bonesetsa kgakala. Ka tsela e e tshwanang, Baebele e kgona go re bontsha gore dilo di tla tokafala fa nako e ntse e tsamaya.