Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO THUSA BA BA SWETSWENG

Se o Ka se Dirang fa o Tlhokafaletswe

Se o Ka se Dirang fa o Tlhokafaletswe

Go na le dilo tse dintsi tse go tweng motho o tlhoka go di dira fa a tlhokafaletswe, dingwe tsa tsone di thusa go feta tse dingwe. Gongwe seo se dirwa ke gore batho ga ba hutsafale ka tsela e e tshwanang. Se se thusang motho yo mongwe se ka nna sa se ka sa thusa yo mongwe.

Mme go na le dikakantsho dingwe tse di ileng tsa kgona go thusa batho ba le bantsi. Gantsi di buiwa ke baitse e bile di dumalana le kgakololo e e mo bukeng ya bogologolo e leng Baebele.

1: LETLA BA LOSIKA LE DITSALA GORE BA GO THUSE

  • Baitse ba re go dira jalo go thusa thata gore motho yo o tlhokafaletsweng a kgone go itshoka. Mme ka dinako tse dingwe motho yoo a ka tswa a batla go nna a le nosi. Gongwe a ka nna a fela pelo fa batho ba bangwe ba leka go mo thusa. Go tlwaelegile go ikutlwa jalo.

  • O se ka wa tsaya gore o tlhoka go nna o le mo gare ga batho ka dinako tsotlhe mme gone o se ka wa ba thibela fa ba leka go go thusa. Nnete ke gore o tlile go ba tlhoka mo nakong e e tlang. Bua le bone sentle fa o ba bolelela dilo tse o di tlhokang le tse o sa di tlhokeng.

  • Leka go bona gore ke nako efe e o tlhokang go nna o le nosi ka yone le e o tlhokang go nna le batho ka yone.

BAEBELE YA RE: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe . . . Gonne fa . . . mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe.”—Moreri 4:9, 10.

2 Ja Sentle O Bo O Ipha Nako Ya Go Ikatisa

  • Go ja dijo tse di nang le dikotla go tla thusa mmele wa gago gore o se ka wa tsenwa ke malwetse. Leka go ja maungo, merogo le dijo tse di se nang mafura a mantsi.

  • Nwa metsi a mantsi le dino tse dingwe tse di siametseng mmele wa gago.

  • Fa o se na keletso ya dijo, ja dijo tse dinnye. O ka nna wa kopa ngaka ya gago gore e go neye dilo tse o ka di jang kgotsa tse o ka di nwang fa o sa eletse go ja. *

  • Go ikatisa go ka go thusa gore o se ka wa akanya thata ka dilo tse di utlwisang botlhoko. Batho ba bangwe ba dirisa nako ya go ikatisa gore ba kgone go akanya ka motho yo o tlhokafetseng mme ba bangwe ba e dirisa gore ba emise go akanya ka ene.

BAEBELE YA RE: “Ga go ope yo o kileng a tlhoa mmele wa gagwe, mme o a o otla, o a o babalela.” —Baefeso 5:29, Tswana Central.

3: IPHE NAKO E E LEKANENG YA GO ROBALA

  • Go robala go botlhokwa, segolo jang mo bathong ba ba tlhokafaletsweng ka gonne ba lapa thata.

  • O se ka wa nwa dilo tse di nang le khafeine kgotsa bojalwa jo bontsi ka gonne bo ka dira gore o se ka wa kgona go robala.

BAEBELE YA RE: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.”—Moreri 4:6.

4: LEKA DITSELA TSE DINGWE TSE DI KA GO THUSANG

  • Se lebale gore batho ba hutsafala ka ditsela tse di sa tshwaneng. Ka jalo, fa nako e tsamaya, o tlile go bona tsela e e go berekelang.

  • Batho ba bantsi ba bone go thusa go bua le ba bangwe ka kutlobotlhoko e ba leng mo go yone mme go na le ba ba sa rateng go bua ka maikutlo a bone. Baitse ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng fa go tla mo ntlheng eno. Fa e le gore o batla go bua le motho yo mongwe mme o okaoka, simolola ka go bua le tsala ya gago.

  • Batho bangwe ba thusiwa ke go lela fa ba utlwile botlhoko mme ba bangwe ba kgona go itshokela botlhoko joo ntle le go lela thata.

BAEBELE YA RE: “Pelo e itse botlhoko jwa yone.”—Diane 14:10, Tswana Central.

5: TILA MEKGWA E E KOTSI

  • Batho bangwe fa ba tlhokafaletswe ba nwa thata kgotsa ba dirisa diritibatsi go leka go okobatsa botlhoko jo ba bo utlwang. Go dira jalo go kotsi. Dilo tseo di ka okobatsa botlhoko ka nakwana fela mme fa nako e ntse e ya di ka nna le diphelelo tse di maswe. Se dire dilo tse di ka tsenyang botshelo jwa gago mo kotsing.

BAEBELE YA RE: “A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe.”—2 Bakorintha 7:1.

6: DIRISA NAKO YA GAGO SENTLE

  • Batho bangwe ba dirisa nako ya bone e ntsi ba dira ditiro tse di ba thusang gore ba se ka ba akanya thata ka kutlobotlhoko e ba leng mo go yone.

  • Go batla ditsala tse disha, go ithuta tiro nngwe kgotsa go itlosa bodutu go ka go thusa gore o se ka wa akanya thata ka motho yo o tlhokafetseng.

  • Fa nako e ntse e ya, o tla lemoga gore ga o tlhole o fetsa nako e ntsi o akanya ka motho yo o tlhokafetseng e bile kutlobotlhoko ya gago e a okobala.

BAEBELE YA RE: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, . . . nako ya go lela le nako ya go tshega; nako ya go hutsafala le nako ya go tlolaka.”—Moreri 3:1, 4.

7: ITIRELE THULAGANYO YA LETSATSI LE LETSATSI

  • Leka go nna le thulaganyo ya dilo tse o di dirang letsatsi le letsatsi.

  • Go nna le thulaganyo ya dilo tse di jaaka go robala, go ya tirong le go dira dilo dingwe go tla go thusa gore o kgone go tswelela ka botshelo.

  • Nna o tshwaregile ka ditiro tse di go thusang gore o se ka wa tlhoma mogopolo mo kutlobotlhokong ya gago.

BAEBELE YA RE: “Ga a kitla a gakologelwa malatsi a botshelo jwa gagwe gantsi, ka gonne Modimo wa boammaaruri o dira gore a tshwarege ka go ipela ga pelo ya gagwe.”—Moreri 5:20.

8: TILA GO DIRA DITSHWETSO KA LEPOTLAPOTLA

  • Batho ba e reng fa ba sena go tlhokafalelwa ba bo ba dira ditshwetso tsa botlhokwa ka bonako, ba feleletsa ba di ikwatlhaela moragonyana.

  • Fa go kgonega, leta nakonyana e telele pele o fuduga, o tlogela tiro kgotsa o aba dilo tsa motho yo o tlhokafetseng.

BAEBELE YA RE: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.”—Diane 21:5.

9: GOPOLA MOTHO YO O TLHOKAFETSENG

  • Batho ba bantsi ba ba tlhokafaletsweng ba bona go thusa go dira dilo tse di ba gopotsang motho yoo.

  • O ka kokoanya difotho, dilo dingwe kgotsa go kwala buka ka dilo tse o batlang go di gopola ka motho yo o tlhokafetseng.

  • Baya dilo tse di go gopotsang motho yo o tlhokafetseng mme o di lebe morago fa o siame.

BAEBELE YA RE: “Gakologelwa malatsi a bogologolo.”—Duteronome 32:7.

10: ETELA LEFELO LENGWE

  • O ka nna wa akanyetsa go etela lefelo lengwe.

  • Fa o sa kgone go eta, o ka nna wa dira sengwe se se go itumedisang se se jaaka go tsamaya mo sekgweng, go etela musiamo kgotsa go tsaya loeto ka koloi.

  • Go dira selo se o sa tlwaelang go se dira letsatsi le letsatsi le gone go thusa gore o kgone go itshoka.

BAEBELE YA RE: “Tlang, lona ka bolona, re yeng kwa thoko mo lefelong le le se nang batho mme lo ikhutse go sekae.”—Mareko 6:31.

11: THUSA BA BANGWE

  • Se lebale gore go ipha nako ya go thusa batho ba bangwe go ka dira gore le wena o ikutlwe botoka.

  • Gongwe o ka simolola ka go thusa batho ba le bone ba amilweng ke loso lwa motho yo o tlhokafetseng ba ba jaaka ditsala kgotsa ba losika ba ba ka tswang ba tlhoka go kgothadiwa.

  • Go thusa le go kgothatsa ba bangwe go ka dira gore o boe gape o itumele le go dira gore o kgone go tswelela ka botshelo.

BAEBELE YA RE: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

12: DIRA GORE DILO TSA BOTLHOKWA DI TLE PELE

  • Go tlhokafalelwa ke motho yo o mo ratang go ka go thusa go lemoga gore ke dilo dife tse di tlhokang go tla pele mo botshelong.

  • Dirisa tshono eno go sekaseka botshelo jwa gago.

  • Dira diphetogo fa go tlhokega.

BAEBELE YA RE: “Go botoka go ya kwa ntlong ya khutsafalo go na le go ya kwa ntlong ya mokete, ka gonne seo ke bokhutlo jwa batho botlhe; mme yo o tshelang o tshwanetse go go isa pelong.”—Moreri 7:2.

Nnete ke gore ga go na sepe se se tlileng go fedisa botlhoko jwa go tlhokafalelwa ke motho yo o mo ratang. Mme go na le batho ba bantsi ba ba thusitsweng ke go dirisa dikakantsho tse re buileng ka tsone mo setlhogong seno. Dikakantsho tseno ga se tsone fela tse motho a ka di dirisang fa a tlhokafaletswe. Mme fa o dirisa dingwe tsa tsone o ka kgona go itshoka le go tswelela ka botshelo.

^ ser. 13 Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi.