Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A DI TLHAMILWE?

Ditlhale Tse Ditshesane Tsa Setshedi se se Nnang mo Kgapetleng

Ditlhale Tse Ditshesane Tsa Setshedi se se Nnang mo Kgapetleng

SETSHEDI sa mo lewatleng se se nnang mo kgapeng se se bidiwang mussel se ingangatlela mo majeng, mo dikoteng kgotsa ka fa tlase ga sekepe. Mme gone, go farologana le ditshedi tse dingwe tsa mo metsing, sone se kgona go lepelela ka go itshwarelela ka ditlhale tse di tshesane tse di bidiwang byssus. Le fa ditlhale tseno di thusa setshedi seno gore se kgone go ja le go tsamaya, di lebega di le di tshesane thata go ka emelana le makhubu a lewatle. Ditlhale tseno di thusa jang mussel gore e kgone go lepelela mme gone e sa tsewe ke makhubu a lewatle?

Akanya ka seno: Ditlhale tseno di gagametse mo letlhakoreng le setshedi seno se itsetsepelang ka lone mme mo go le lengwe ga di a gagamala e bile di kgona go phuthologa. Babatlisisi ba lemogile gore setshedi seno se dirisa diperesente di le 80 tsa maatla a sone mo letlhakoreng le se itsetsepelang ka lone mme se dirisa diperesente di le 20 mo letlhakoreng le se sa itsetsepeleng ka lone. Ka jalo, ditlhale tseno di kgona go emelana le makhubu a a maatla fa a ntse a di phailela kwa le kwa.

Porofesa Guy Genin a re se ba se fitlheletseng mo dipatlisisong tseno se a “gakgamatsa,” a bo a re: “Setshedi seno se thusiwa ke tsela e e kgatlhang e ditlhale tseno di leng ka yone.” Baitsesaense ba dumela gore mokgwa o ditlhale tseno di leng ka one, o ka dirisiwa mo dilong tse di farologaneng tse di jaaka go kgomaretsa dilo mo dikagong le mo dikepeng tse di tsamayang mo tlase ga lewatle, go kopanya mesifa le marapo le go tswala fa go dirilweng karo gone. Porofesa J. Herbert Waite, wa kwa Yunibesithi ya California kwa Santa Barbara, U.S.A. a re: “Tlhago e tletse ka dilo di le dintsi tse re ka ithutang tsone fa go tla mo mekgweng ya go ngaparetsa dilo.”

O akanyang? A ditlhale tse di tshesane tsa setshedi seno sa mo lewatleng di itlhagetse fela? Kgotsa a di tlhamilwe?