Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jerusalema wa Bogologolo o Sentswe Leng?—Karolo ya Ntlha

Jerusalema wa Bogologolo o Sentswe Leng?—Karolo ya Ntlha

Jerusalema wa Bogologolo o Sentswe Leng?—Karolo ya Ntlha

Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa go Itse; Se Bosupi bo se Bontshang

Seno ke setlhogo sa ntlha mo go tse pedi tse di tla tlhagang mo dimakasineng tse di latelanang tsa Tora ya Tebelo tse di tlotlang ka dipotso tsa bakanoki mabapi le kgang ya gore Jerusalema wa bogologolo o ne a senngwa leng. Ditlhogo tseno tse pedi di naya dikarabo tsa dipotso tse di akabaditseng babadi bangwe, mme dikarabo tseno di diretswe dipatlisiso ka kelotlhoko e bile di theilwe mo Baebeleng.

“Go ya ka borahisitori le baithutamarope, go dumelwa gore Jerusalema o ile a senngwa ka 586 kgotsa ka 587 B.C.E. * Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba re o sentswe ka 607 B.C.E.? Lo itse jang gore o sentswe ka ngwaga oo?”

POTSO eno e kwadilwe ke mongwe wa batho ba ba balang dikgatiso tsa rona. Mme ke ka ntlha yang fa re ka kgatlhegela go itse gore tota Kgosi Nebukadenesare II wa Babelona o sentse motse wa Jerusalema leng? Sa ntlha, ka gonne tiragalo eo e ne ya tlisa phetogo e kgolo mo hisitoring ya batho ba Modimo. Mokwalahisitori mongwe o ne a re e ne ya felela ka “masetlapelo a magolo thata.” Ka nako eo go ne ga senngwa tempele e e neng e sa bolo go dirisiwa thata mo kobamelong ya Modimo Mothatayotlhe ka dingwaga di feta 400. Mopesalema mongwe wa Baebele o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Wena Modimo, . . . ba tlontlolotse tempele ya gago e e boitshepo. Ba tlogetse Jerusalema e le marope.”—Pesalema 79:1, Baebele ya God’s Word. *

Sa bobedi, ka gonne go itse ngwaga o o tlhomameng o “masetlapelo [ano] a magolo thata” a simologileng ka one le go tlhaloganya kafa go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri kwa Jerusalema go diragaditseng boporofeti bongwe jo bo rileng jwa Baebele ka gone go tla nonotsha tsela e o ikanyang Lefoko la Modimo ka yone. Ka jalo ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba bua ka letlha le le katologaneng ka dingwaga di le 20 le letlha le batho ba le bantsi ba le tsayang e le lone? Ka bokhutshwane fela re ka re, ke ka ntlha ya bosupi jo bo mo Baebeleng ka boyone.

“Dingwaga di le Masome a Supa” di Diragadiwa mo go Bomang?

Dingwaga pele Babelona a senngwa, moporofeti wa Mojuda e bong Jeremia o ne a bua ntlha e e botlhokwa e e ka re thusang go tlhaloganya tatelano ya ditiragalo e e tlhalosiwang mo Baebeleng. O ne a tlhagisa “botlhe ba ba nnang mo Jerusalema” a re: “Naga eno yotlhe e tla nna lefelo le le swafetseng, mme ditšhaba tseno di tla direla kgosi ya Babelona ka dingwaga di le masome a supa.” (Jeremia 25:1, 2, 11, New International Version) Moraganyana moporofeti o ne a oketsa a re: “Jehofa o buile jaana, ‘E tla re dingwaga di le masome a supa di wela kwa Babelona ke tla lebisa tlhokomelo ya me kwa go lona, mme ke tla tlhomamisa mo go lona lefoko la me le le molemo ka go lo busetsa mo lefelong leno.’” (Jeremia 29:10) Go ne ga diragala eng ka “dingwaga di le masome a supa”? Mme lobaka loo lwa nako lo re thusa jang go bona letlha le Jerusalema e sentsweng ka lone?

Mo boemong jwa go re dingwaga di le 70 “kwa Babelona,” dithanolo di le dintsi tsa re ‘di diragalela Babelona.’ (Baebele e e Boitshepo) Ka jalo, bakwalahisitori bangwe ba re lobaka lono lwa dingwaga tse 70 lo ne lo lebisitswe mo Mmusomogolong wa Babelona. Go ya ka tatelano ya ditiragalo e e mo metsweding e e seng ya bodumedi, Bababelona ba ne ba laola naga ya bogologolo ya Juda le Jerusalema ka dingwaga di ka nna 70, go simolola mo e ka nnang ka 609 B.C.E. go fitlha ka 539 B.C.E. fa motsemogolo wa Babelona o ne o gapiwa.

Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore dingwaga tse 70 e ne e tla nna nako ya kotlhao e e botlhoko e e tswang kwa Modimong—e lebagane segolobogolo le batho ba Juda le Jerusalema, ba ba neng ba dirile kgolagano ya go ikobela Modimo. (Ekesodo 19:3-6) Fa ba ne ba gana go boa mo ditseleng tsa bone tse di bosula, Modimo o ne a re: “Ke tla laela . . . Nebukadenesare kgosi ya Babelona . . . kgatlhanong le naga eno le banni ba yone le kgatlhanong le ditšhaba tsotlhe tse di ba dikologileng.” (Jeremia 25:4, 5, 8, 9, NIV) Le fa ditšhaba tse di fa gaufi le tsone di ne di tla amiwa ke bogale jwa Babelona, Jeremia o ne a re go senngwa ga Jerusalema le dingwaga di le 70 tsa botshwarwa ke “kotlhao ya batho ba me,” gonne Jerusalema e ne e “leofile thata.”—Dikhutsafalo 1:8; 3:42; 4:6, NIV.

Ka jalo go ya ka Baebele, dingwaga di le 70 e ne e le nako e Juda e neng e otlhaiwa botlhoko thata ka yone mme Modimo o ne a dirisitse Bababelona go diragatsa kotlhao eno e e botlhoko. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a raya Bajuda a re: “Fa dingwaga di le masome a supa di sena go wela, . . . ke tla . . . lo busetsa mo lefelong leno”—naga ya Juda le Jerusalema.—Jeremia 29:10, NIV.

“Dingwaga di le Masome a Supa” di Simologile Leng?

Mokwalahisitori yo o tlhotlheleditsweng e bong Esera, yo o neng a tshela fa dingwaga di le 70 tsa boporofeti jwa ga Jeremia di sena go diragadiwa, o ne a kwala jaana ka Kgosi Nebukadenesare: “O ne a isa masalela a a neng a falotse tšhaka botshwarwa kwa Babelona, mme ba ne ba nna batlhanka ba gagwe le ba bomorwawe go fitlha bogosi jwa Peresia bo simolola go busa. Naga e ne ya boloka bosabata; e ne ya bona boikhutso mo nakong yotlhe ya fa e swafaditswe, go fitlha dingwaga di le masome a supa di wela fela jaaka go ne go boletse lefoko la MORENA ka Jeremia.”—2 Ditiragalo 36:20, 21, NIV.

Ka jalo, dingwaga tse 70 e ne e tla nna nako e ka yone naga ya Juda le Jerusalema e neng e tla “boloka bosabata.” Seno se ne se bolela gore naga e ne e se kitla e lengwa—go ne go ka se ka ga jalwa peo kgotsa ga pomiwa masimo a mofine mo go yone. (Lefitiko 25:1-5, NIV) Ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga batho ba Modimo, ba maleo a bone a ka tswang a ne a akaretsa go se boloke dingwaga tsotlhe tsa Sabata, ba ne ba tla otlhaiwa ka gore naga ya bone e nne e sa lengwe e bile go sa nne ope mo go yone ka dingwaga di le 70.—Lefitiko 26:27, 32-35, 42, 43.

Naga ya Juda e ne ya swafadiwa leng mme ya nna e sa lengwe? Tota Bababelona ba ba neng ba eteletswe pele ke Nebukadenesare ba ne ba tlhasela Jerusalema gabedi, ka dingwaga tse di sa tlhomaganang. Dingwaga di le 70 di simologile leng? Ruri e ka se nne morago ga fa Nebukadenesare a ne a dikaganyeditse Jerusalema lekgetlho la ntlha. Ka ntlha yang? Le fa gone ka nako eo Nebukadenesare a ne a tsaya batho ba le bantsi kwa Jerusalema a ba isa botshwarwa kwa Babelona, o ne a tlogela ba bangwe. Gape ga a ka a senya motse ka boone. Ka dingwaga di le dintsi morago ga phuduso eno ya ntlha, ba ba neng ba setse kwa Juda, “setlhopha sa batho ba maemo a a kwa tlase,” ba ne ba itshedisa ka go lema mo nageng ya bone. (2 Dikgosi 24:8-17) Le fa go ntse jalo, go ne ga nna le phetogo e kgolo moragonyana.

Botsuolodi jwa Bajuda bo ne jwa dira gore Bababelona ba ye kwa Jerusalema gape. (2 Dikgosi 24:20; 25:8-10) Ba ne ba senya motse go akaretsa le tempele ya one e e boitshepo ba bo ba isa banni ba one ba le bantsi botshwarwa kwa Babelona. Pele go wela dikgwedi tse pedi, “batho botlhe [ba ba neng ba setse mo nageng eo] go simolola ka ba bannye go ya go ba bagolo, go akaretsa le balaodi ba masole, ba ne ba tshabela kwa Egepeto ka ntlha ya go boifa Bababelona.” (2 Dikgosi 25:25, 26, NIV) Ka nako eo, ka Tishri (September/October), e leng kgwedi ya bosupa ya Bajuda ya ngwaga oo ke gone fela go neng go ka twe naga, e jaanong e neng e swafetse e bile e sa lengwa, e ne e simolotse go boloka Sabata. Modimo o ne a dirisa Jeremia go bolelela Bajuda ba ba neng ba tshabetse kwa Egepeto jaana: “Lo bone masetlapelo otlhe a ke a tliseditseng Jerusalema le metse yotlhe ya Juda. Bonang, gompieno e swafetse mme ga go na ope yo o nnang mo go yone.” (Jeremia 44:1, 2, English Standard Version) Ka jalo go lebega tiragalo eno e ne e tshwaya go simologa ga dingwaga tse 70. Mme e ne e le ka ngwaga ofe? E le gore re arabe potso eno, re tshwanetse go bona gore nako eo e ne ya fela leng.

“Dingwaga di le Masome a Supa” di ne Tsa Fela Leng?

Moporofeti Daniele yo o neng a tshela go fitlha ka nako ya fa “bogosi jwa Peresia bo simolola go busa,” o ne a le teng kwa Babelona mme a bala nako go bona gore dingwaga di le 70 di ne di tshwanetse go fela leng. O ne a kwala jaana: “Nna, Daniele ke ne ka lemoga mo dibukeng palo ya dingwaga tse, go ya ka lefoko le MORENA a le boleletseng Jeremia moporofeti, di tshwanetseng go feta pele tshwafalo ya Jerusalema e fela, ke gore, dingwaga di le masome a supa.”—Daniele 9:1, 2, ESV.

Esera o ne a tlhatlhanya ka boporofeti jwa ga Jeremia mme a amanya go fela ga “dingwaga di le masome a supa” le nako ya fa “MORENA a ne a tlhotlheletsa pelo ya ga Kurose kgosi ya Peresia gore a ntshe lefoko.” (2 Ditiragalo 36:21, 22, NIV) Bajuda ba ne ba gololwa leng? Taelo ya gore ba boe kwa botshwarwa e ne ya ntshiwa mo “ngwageng wa ntlha wa ga Kurose kgosi ya Peresia.” (Bona lebokose le le reng  “Letlha la Botlhokwa mo Hisitoring.”) Ka jalo, ka letlhabula la 537 B.C.E., Bajuda ba ne ba boetse Jerusalema go ya go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri.—Esera 1:1-5; 2:1; 3:1-5.

Ka jalo, go ya ka tatelano ya ditiragalo tsa Baebele, dingwaga tse 70 e ne e le lobaka lo lo tlhomameng lwa nako lo lo wetseng ka 537 B.C.E. Fa re bala dingwaga tse 70 go ya kwa morago, go raya gore lobaka loo lo simologile ka 607 B.C.E.

Mme fa e le gore bosupi jo bo tswang mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng bo bontsha sentle gore Jerusalema o sentswe ka 607 B.C.E., ke ka ntlha yang fa metswedi e mentsi ya tshedimosetso e re o sentswe ka 587 B.C.E.? E ikaegile ka metswedi e le mebedi ya tshedimosetso—mekwalo ya bakwalahisitori ba bogologolo le lenaane la ga Ptolemy. A metswedi eno ya tshedimosetso e ka ikanngwa go feta Dikwalo? Mma re bone.

Bakwalahisitori ba Bogologolo—Ba Boammaaruri go le Kae?

Bakwalahisitori ba ba neng ba tshela mo e ka nnang ka nako ya fa Jerusalema e ne e senngwa, ba naya tshedimosetso e e sa dumalaneng malebana le dikgosi tsa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona. * (Bona lebokose le le reng  “Dikgosi Tsa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona.”) Tsela e tatelano ya ditiragalo e tlhalosiwang ka yone go dirisiwa tshedimosetso eno ya bone ga e dumalane le e e mo Baebeleng. Mme gone mekwalo ya bone e ikanyega go le kana kang?

Mongwe wa bakwalahisitori ba ba neng ba tshela e se lobaka thata morago ga motlha wa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona e ne e le Berossus, “moperesiti wa ga Bel” wa kwa Babelona. Buka ya gagwe ya ntlha, Babyloniaca, e e kwadilweng mo e ka nnang ka 281 B.C.E., e latlhegile, mme go setse fela dikapetla tsa yone tse di neng tsa bolokwa mo dibukeng tsa bakwalahisitori ba bangwe. Berossus o ne a re o dirisitse “dibuka tse di neng di bolokilwe ka kelotlhoko kwa Babelona.”1 A tota Berossus e ne e le mokwalahisitori yo o ka ikanngwang? Akanya ka sekai se le sengwe.

Berossus o ne a kwala gore Kgosi Senakeribe wa Asiria o ne a busa morago ga “puso ya ga morwarraagwe”; mme “a tlhatlhangwa ke morwawe [Esarhaddon yo o neng a busa] ka dingwaga di le 8; mme go tswa foo ga latela Sammuges [Shamash-shuma-ukin] ka dingwaga di le 21.” (III, 2.1, 4) Le fa go ntse jalo, mekwalo ya hisitori ya kwa Babelona e e kwadilweng lobaka lo loleele pele ga motlha wa ga Berossus ya re Senakeribe o ne a tlhatlhama rraagwe e bong Saragone II, e seng morwarraagwe mo setulong sa bogosi; Esarhaddon o ne a busa dingwaga di le 12, e seng 8; mme Shamash-shuma-ukin ene a busa dingwaga di le 20 e seng 21. Le fa mokanoki R. J. van der Spek a ne a dumela gore Berossus o ne a dirisa pego ya ditiragalo tsa kwa Babelona, o ne a kwala jaana: “Seno se ne se sa mo thibele go oketsa le go tsenya ditlhaloso tsa gagwe.”2

Bakanoki ba bangwe ba leba Berossus jang? S. M. Burstein, yo o neng a dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka dibuka tsa ga Berossus o ne a re: “Mo nakong e e fetileng gantsi Berossus o ne a tsewa e le mokwalahisitori.” Le fa go ntse jalo, o ne a konela ka go re: “Mme dibuka tsa gagwe ga di tshwanelege go ka nna tsa mokwalahisitori. Tota le mo dikapetleng tse di sa ntseng di le teng gompieno tsa Babyloniaca go na le diphoso di le dintsi tse di gakgamatsang malebana le dintlha tse di ka tlhaloganngwang motlhofo . . . Ga go amogelesege gore mokwalahisitori a ka dira diphoso tse di ntseng jalo, mme gone boikaelelo jwa ga Berossus e ne e se go kwala hisitori.”3

Go ya ka dintlha tse di fa godimo, o akanyang? A tota go ka twe tsela e Berossus a neng a bala nako ka yone e ne e nepile mo makgetlhong otlhe? Mme go tweng ka bakwalahisitori ba bangwe ba bogologolo ba gantsi ba neng ba dirisa mekwalo ya ga Berossus go tlhalosa tatelano ya ditiragalo? A tota go ka twe ditshwetso tse ba neng ba di dira ka hisitori di ka ikanngwa?

Lenaane la ga Ptolemy

Lenaane la Dikgosi la ga Claudius Ptolemy, moithutadinaledi wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. le lone le dirisiwa go tshegetsa letlha le le tlwaetsweng la 587 B.C.E. Lenaane la dikgosi la ga Ptolemy le tsewa le le botlhokwa thata go tshegetsa tatelano ya ditiragalo tsa hisitori ya bogologolo, go akaretsa motlha wa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona.

Ptolemy o ne a rulaganya lenaane la gagwe dingwaga di ka nna 600 motlha wa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona o sena go fela. Ka jalo o ne a itse jang gore kgosi ya ntlha mo lenaaneng la gagwe e simolotse leng go busa? Ptolemy o ne a tlhalosa gore ka go dirisa dipalo tsa thutadinaledi, tse dingwe tsa tsone di neng di theilwe mo dinakong tsa diphifalo tsa ngwedi, o “kgonne go bona gore Nabonassar o simolotse leng go busa,” ene yo e leng kgosi ya ntlha mo lenaaneng la gagwe.4 Ka jalo, Christopher Walker wa British Museum a re lenaane la ga Ptolemy e ne e le “leano le le itiretsweng la gore le neye baithutadinaledi tatelano ya ditiragalo e e latelanang sentle” mme le ne “le sa direlwa go naya bakwalahisitori rekoto e e tlhomameng ya gore dikgosi di simolotse leng go busa le gore di sule leng.”5

Leo Depuydt, mongwe wa batho ba ba neng ba buelela Ptolemy thata, o ne a kwala jaana: “Ga go bolo go itsiwe gore Lenaane leno le boammaaruri go ya ka thutadinaledi, mme seo ka bosone ga se kaye gore le ka ikanngwa mo go tsa hisitori.” Fa Moporofesa Depuydt a ne a bua ka lenaane leno la dikgosi o ne a oketsa ka go re: “Fa go tliwa mo kgannyeng ya dikgosi tse di busitseng pelenyana [go akaretsa ka motlha wa dikgosi tsa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona], Lenaane leno le ne le tla tshwanelwa ke go bapisiwa le mekwalo ya cuneiform go bona gore kgosi nngwe le nngwe e busitse leng.”6

“Mekwalo ya cuneiform” e e re thusang go bona gore lenaane la ga Ptolemy le nepile go le kana kang mo dilong tsa hisitori ke eng? E akaretsa dipego tsa ditiragalo tsa Babelona, manaane a dikgosi le matlapanakwalelo a dipego tsa madi—mekwalo ya cuneiform e e kwadilweng ke bakwadi ba ba neng ba tshela mo motlheng wa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona kgotsa e seng morago thata ga motlha oo.7

Lenaane la ga Ptolemy le farologana jang le mekwalo eo ya cuneiform? Lebokose le le reng  “Lenaane la ga Ptolemy le Farologana Jang le Matlapanakwalelo a Bogologolo?” (le le fa tlase) le bontsha karolo ya lenaane leo le le bapisa le mokwalo mongwe wa bogologolo wa cuneiform. Ela tlhoko gore lenaane la ga Ptolemy le na le dikgosi di le nnè fela fa gare ga babusi ba Babelona e bong Kandalanu le Nabonidase. Le fa go ntse jalo, Lenaane la Dikgosi la Uruk—karolo ya mokwalo wa cuneiform—le bontsha gore go ne ga busa dikgosi di le supa fa gare ga bone. A dipuso tsa bone di tsere lobaka lo lokhutshwane e bile di ne di se botlhokwa? Go ya ka matlapanakwalelo a cuneiform a dipego tsa madi, mongwe wa bone o ne a busa ka dingwaga di le supa.8

Gape go na le bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa mekwalo ya cuneiform jwa gore pele go busa Nabopolassar (kgosi ya ntlha ya motlha wa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona), kgosi e nngwe (Ashur-etel-ilani) e ne ya busa Babelonia ka dingwaga di le nnè. Gape go ne ga feta lobaka lo lo fetang ngwaga go se na kgosi mo nageng eno.9 Mme dintlha tseno tsotlhe ga di a tsenngwa mo lenaaneng la ga Ptolemy.

Ke ka ntlha yang fa Ptolemy a ile a se ka a kwala maina a babusi bangwe? Go bonala sentle gore o ne a sa ba tseye e le babusi ba ba ka fa molaong ba Babelona.10 Ka sekai, ga a ka a kwala Labashi-Marduk yo e neng e le kgosi ya motlha wa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona. Le fa go ntse jalo, go ya ka mekwalo ya cuneiform, dikgosi tse Ptolemy a neng a sa kwala maina a tsone, tota di ne tsa busa Babelonia.

Batho ba le bantsi ba tsaya lenaane la ga Ptolemy le nepile. Le fa go ntse jalo, e re ka le sa umaka dikgosi dingwe, a tota le tshwanetse go dirisiwa go tlhalosa tatelano ya ditiragalo tsa hisitori ka tlhomamo?

Tshwetso e e Theilweng mo Bosuping Jono

Fa re sobokanya: Baebele e bontsha sentle gore Bajuda ba ne ba isiwa botshwarwa ka dingwaga di le 70. Go na le bosupi jo bo tlhatswang pelo—jo bakanoki ba le bantsi ba dumalanang le jone—jwa gore Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba ne ba boela kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E. Fa re balela kwa morago go tloga mo ngwageng oo re bona gore Jerusalema e ne ya senngwa ka 607 B.C.E. Le fa bakwalahisitori ba bogologolo le lenaane la ga Ptolemy le sa dumalane le letlha leno, go ka bodiwa dipotso tse di utlwalang malebana le gore mekwalo ya bone e nepile go le kana kang. Mme tota, metswedi eo ka bobedi ga e na bosupi jo bo utlwalang go ganetsa tatelano ya ditiragalo tsa Baebele.

Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le dipotso tse dingwe. A ruri ga go na bosupi jwa hisitori jo bo tshegetsang letlha le le theilweng mo Baebeleng la 607 B.C.E.? Go na le bosupi bofe mo mekwalong ya cuneiform e go ka itsiweng gore e kwadilwe leng, e bontsi jwa yone e kwadilweng ke basupi ba bogologolo ba ba boneng ditiragalo ka matlho? Re tla tlotla ka dipotso tseno mo makasineng o o latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Metswedi ya tshedimosetso e e seng ya bodumedi e umaka dingwaga tseno ka bobedi. Gore re dire dilo motlhofo, re tla bua fela ka 587 B.C.E. mo ditlhogong tseno. B.C.E. e kaya “Pele ga Motlha o o Tlwaelegileng [Before the Common Era].”

^ ser. 5 Basupi ba ga Jehofa ba gatisa thanolo e e ka ikanngwang ya Baebele e e bidiwang Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo. Le fa go ntse jalo, fa o se Mosupi wa ga Jehofa o ka tswa o rata go dirisa dithanolo tse dingwe fa o sekaseka dikgang tsa Baebele. Setlhogo seno se nopola dithanolo di le mmalwa tsa Baebele tse di amogelwang ke batho ba le bantsi.

^ ser. 23 Mmusomogolo o Mosha wa Babelona o simologile fa go ne go busa rraagwe Nebukadenesare e bong Nabopolassar, mme wa khutla fa go ne go busa Nabonidase. Bakanoki ba kgatlhegela go itse ka lobaka lono lwa nako ka gonne lo ne lwa diragala fa dingwaga tse 70 tsa fa naga e swafetse di ntse di tsweletse.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 28]

 LETLHA LA BOTLHOKWA MO HISITORING

Letlha la 539 B.C.E. la fa Kurose II a ne a fenya Babelona le bonwa ka go dirisa bosupi jwa:

Mekwalo ya bogologolo ya hisitori le matlapanakwalelo a mokwalo wa cuneiform: Diodorus wa kwa Sicily (wa mo e ka nnang 80-20 B.C.E.) o ne a kwala gore Kurose o ne a nna kgosi ya kwa Peresia mo “ngwageng wa ntlha wa setlhopha sa bo55 sa dingwaga tse nnè tsa Metshameko ya Olympic.” (Historical Library, Book IX, 21) Ngwaga oo e ne e le 560 B.C.E. Mokwalahisitori wa Mogerika e bong Herodotus (wa mo e ka nnang 485-425 B.C.E.) o ne a re Kurose o bolailwe “a sena go busa ka dingwaga di le masome a mabedi le borobongwe,” mo go rayang gore o ne a swa mo ngwageng wa bo30 ka 530 B.C.E. (Histories, Book I, Clio, 214) Matlapanakwalelo a mokwalo wa cuneiform a bontsha gore Kurose o ne a busa Babelona ka dingwaga di le robongwe pele a swa. Ka jalo, fa re balela kwa morago dingwaga di le robongwe go tloga ka 530 B.C.E. e a suleng ka yone re fitlha kwa go 539 B.C.E., se se rayang gore Kurose o fentse Babelona ka ngwaga oo.

Tshedimosetso e e tlhomamisang dintlha e e mo letlapanakwalelong la mokwalo wa cuneiform: Letlapanakwalelo la letsopa la thutadinaledi la kwa Babelona (BM 33066) le tlhomamisa gore Kurose o sule ka 530 B.C.E. Le fa gone letlapanakwalelo leno le na le diphoso dingwe malebana le ka fa dinaledi di neng di eme ka gone, le tlhalosa ditiragalo tse pedi tsa go fifala ga ngwedi tse le reng di diragetse mo ngwageng wa bosupa wa puso ya ga Cambyses II, yo e neng e le morwa e bile e le motlhatlhami wa ga Kurose. Di tsamaisana le diphifalo tsa ngwedi tse di bonweng kwa Babelona ka July 16, 523 B.C.E. le ka January 10, 522 B.C.E., mo go rayang gore dikgakologo tsa ngwaga wa 523 B.C.E. e ne e le tshimologo ya ngwaga wa bosupa wa puso ya ga Cambyses. Seo se raya gore o simolotse go busa ka ngwaga wa 529 B.C.E. Ka jalo ngwaga wa ga Kurose wa bofelo e ne e le 530 B.C.E., mme o simolotse go busa Babelona ka ngwaga wa 539 B.C.E.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Tablet: © The Trustees of the British Museum

[Lebokoso mo go tsebe 31]

TSHOBOKANYO E KHUTSHWANE

▪ Gantsi bakwalahisitori ba e seng ba bodumedi ba re Jerusalema o ne a senngwa ka 587 B.C.E.

▪ Tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e bontsha sentle gore Jerusalema o ne a senngwa ka 607 B.C.E.

▪ Bakwalahisitori ba e seng ba bodumedi ba dira ditshwetso tsa bone ba ikaegile thata ka mekwalo ya bakwalahisitori ba bogologolo le lenaane la ga Ptolemy.

▪ Mekwalo ya bakwalahisitori ba bogologolo e na le diphoso tse dintsi e bile ka dinako tse dingwe ga e dumalane le dipego tsa matlapanakwalelo a letsopa.

[Lebokoso mo go tsebe 31]

Dintlha

1. Babyloniaca (Chaldaeorum Historiae), Book One, 1.1.

2. Studies in Ancient Near Eastern World View and Society, tsebe 295.

3. The Babyloniaca of Berossus, tsebe 8.

4. Almagest, III, 7, e ranotswe ke G. J. Toomer, mo Ptolemy’s Almagest, e e gatisitsweng ka 1998, tsebe 166. Ptolemy o ne a itse gore baithutadinaledi ba ne ba dirisa dipalo go “bona” dinako tsa diphifalo tse di fetileng le tse di sa ntseng di tla tla ka gonne ba ne ba lemoga gore diphifalo tsa mofuta o o tshwanang di diragala nako le nako morago ga dingwaga tse 18—Almagest, IV, 2.

5. Mesopotamia and Iran in the Persian Period, tsebe 17-18.

6. Journal of Cuneiform Studies, Bolumo 47, 1995, tsebe 106-107.

7. Cuneiform ke mofuta wa mokwalo o mo go one mokwadi a neng a gatelela matshwao a a farologaneng mo letlapanakwalelong la letsopa le le metsi a dirisa pene e e motswi e e nang le ntlhana e e khutlotharo.

8. Sin-sharra-ishkun o ne a busa dingwaga di le supa, mme matlapanakwalelo a le 57 a dipego tsa madi a kgosi eno, a kwadilwe go simolola ka ngwaga o a tlhomilweng ka one go fitlha ka ngwaga wa bosupa. Bona Journal of Cuneiform Studies, Bolumo 35, 1983, tsebe 54-59.

9. Letlapanakwalelo la C.B.M. 2152 la pego ya madi le kwadilwe ka ngwaga wa bonè wa puso ya ga Ashur-etel-ilani. (Legal and Commercial Transactions Dated in the Assyrian, Neo-Babylonian and Persian Periods—Chiefly From Nippur, ya ga A.T. Clay, 1908, tsebe 74.) Gape Harran Inscriptions of Nabonidus, (H1B), I, line 30, e mo tsentse mo lenaaneng pele fela ga Nabopolassar. (Anatolian Studies, Bol. VIII, 1958, tsebe 35, 47.) Fa o batla go bala ka ga motlha wa fa go se na dikgosi, bona Chronicle 2, line 14, ya Assyrian and Babylonian Chronicles, tsebe 87-88.

10. Bakanoki bangwe ba re Ptolemy—yo go tweng o ne a tsentse dikgosi tsa Babelona fela mo lenaaneng la gagwe—ga a kwala dikgosi dingwe ka gonne di ne di bidiwa ka sereto sa “Kgosi ya Asiria.” Le fa go ntse jalo, jaaka o tla ela tlhoko mo lebokoseng le le mo go tsebe 30, dikgosi di le mmalwa tse di mo lenaaneng la ga Ptolemy le tsone di ne di bidiwa ka sereto sa “Kgosi ya Asiria.” Matlapanakwalelo a dipego tsa madi, makwalo a cuneiform le mekwalo e e gabilweng e bontsha sentle gore kgosi Ashur-etel-ilani, Sin-shumu-lishir le Sin-sharra-ishkun ba ne ba busa Babelonia.

[Tšhate/Setshantsho mo go tsebe 29]

 (Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

DIKGOSI TSA MOTLHA WA MMUSOMOGOLO O MOSHA WA BABELONA

Fa e le gore bakwalahisitori bano ba ka ikanngwa, ke ka ntlha yang fa ba sa dumalane?

BEROSSUS POLYHISTOR JOSEPHUS PTOLEMY

c. 350-270 105-? 37-?100 c. 100-170

B.C.E. B.C.E. C.E. C.E.

Dikgosi

Nabopolassar 21 20 — 21

Nebukaden

esare II 43 43 43 43

Amel-Marduk 2 12 18 2

Neriglissar 4 4 40 4

Labashi-

Marduk 9 dikgwedi — 9 dikgwedi —

Nabonidase 17 17 17 17

Lobaka lo kgosi e busitseng ka lone (ka dingwaga) go ya ka bakwalahisitori ba bogologolo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph taken by courtesy of the British Museum

[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 30]

 LENAANE LA GA PTOLEMY LE FAROLOGANA JANG LE MATLAPANAKWALELO A BOGOLOGOLO?

Ptolemy ga a kwala dikgosi dingwe mo lenaaneng la gagwe. Ka ntlha yang?

LENAANE LA GA PTOLEMY

Nabonassar

Nabu-nadin-zeri (Nadinu)

Mukin-zeri le Pul

Ululayu (Shalmaneser V)

“Kgosi ya Asiria”

Merodake-baladane

Saregone II “Kgosi ya Asiria”

Motlha wa Ntlha

Wa fa Go se Na Kgosi

Bel-ibni

Ashur-nadin-shumi

Nergal-ushezib

Mushezib-Marduk

Motlha wa Bobedi LENAANE LA DIKGOSI

Wa fa Go se Na Kgosi LA URUK LE LE

Esarhaddon “Kgosi ya Asiria” FITLHELWANG MO

Shamash-shuma-ukin MATLAPANAKWALELONG

A BOGOLOGOLO

Kandalanu Kandalanu

Sin-shumu-lishir

Sin-sharra-ishkun

Nabopolassar Nabopolassar

Nebukadenesare Nebukadenesare

Amel-Marduk Amel-Marduk

Neriglissar Neriglissar

Labashi-Marduk

Nabonidase Nabonidase

Kurose

Cambyses

[Setshwantsho]

Pego ya tatelano ya ditiragalo tsa Babelona ke karolo ya pego ya mekwalo ya “cuneiform” e e re thusang go bona gore lenaane la ga Ptolemy le boammaaruri go le kana kang

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph taken by courtesy of the British Museum

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

Photograph taken by courtesy of the British Museum