Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

A tota Baebele ke Lefoko la Modimo?

O ne o ka lebelela gore Lefoko la Modimo e bo e le buka e e tlhomologileng, Baebele ke buka e e ntseng jalo.Go gatisitswe dikhopi tsa yone di le dimilione ka dipuo tse di dintsintsi. Botlhale jo bo mo Baebeleng bo kgona go fetola batho gore ba nne botoka.—Bala 1 Bathesalonika 2:13; 2 Timotheo 3:16.

Re a itse gore Baebele e tswa kwa Modimong ka gonne e bolelela pele isagwe ka tlhomamo. Ga go na motho ope yo o ka dirang seo ka boene. Ka sekai, ela tlhoko buka ya Isaia. Go ile ga fitlhelwa khopi ya yone mo logageng longwe gaufi le Lewatle le le Suleng, e e ileng ya kwalwa nako e e fetang lekgolo la dingwaga pele ga go tsholwa ga ga Jesu. Khopi eo ya re motse wa Babelona o tla sala o se na batho ba ba nnang mo go one. Seo se ile sa diragala ka lekgetlho la ntlha dingwaga di le dintsi morago ga bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng.—Bala Isaia 13:19, 20; 2 Petere 1:20, 21.

Baebele e kwadilwe jang?

Baebele e ile ya kwalwa ka dingwaga tse di ka nnang 1 600. Go ne go na le bakwadi ba Baebele ba ba ka nnang 40 mme ba ne ba kwala ka setlhogo se le sengwe ba sa ganetsane. Seo se ne sa kgonega jang? Modimo o ne a ba kaela fa ba kwala.—Bala 2 Samuele 23:2.

Ka dinako tse dingwe Modimo o ne a bua le bakwadi ba Baebele a dirisa baengele, diponatshegelo kgotsa ditoro. Gantsi, Modimo o ne a tsenya kgopolo e e rileng mo mogopolong wa mokwadi mme a bo a mo letla gore a tlhophe mafoko a a tla a dirisang go tlhalosa molaetsa wa Modimo.—Bala Tshenolo 1:1; 21:3-5.