Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE E FETOLA MATSHELO

Ke ne Ke Tshwara Tlhobolo Gongwe le Gongwe Kwa ke Yang Teng

Ke ne Ke Tshwara Tlhobolo Gongwe le Gongwe Kwa ke Yang Teng
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1958

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: ITALY

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: LELOKO LA SEGONGWANA LE LE RATANG THUBAKANYO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe le go golela kwa motsaneng mongwe wa kwa Roma, motsana o o nang le batho ba ba humanegileng ba maemo a a kwa tlase. Botshelo bo ne bo le boima. Ke gotse ke sa itse mmè e bile ke ne ke sa utlwane le rre. Ke godile ke ithuta go kgaratlha mo botshelong.

Ke ne ke setse ke simolotse go utswa le pele ke tshwara dingwaga di le lesome. La ntlha fa ke tshaba kwa gae, ke ne ke na le dingwaga di le 12. Ka makgetlo a le mmalwa, rre o ne a tshwanelwa ke go ya go ntsaya kwa ntlokgolo ya mapodise le go nkisa gae. Ke ne ke tlhola ke ngangisana le batho—ke tletse thubakanyo e bile ke galefela batho botlhe. Fa ke na le dingwaga di le 14, ke ne ka tsamaela ruri kwa gae. Ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi le go nna mo mebileng. E re ka ke ne ke se na lefelo la go latsa tlhogo, ke ne ke thuba koloi ke bo ke robala mo teng ga yone go fitlha ka masa. Go tswa foo, ke bo ke batla mo nka bonang metsi a go tlhapa.

Ke ne ka fetoga setswerere sa go utswa—fa go le bosigo ke ne ke phamola dikgetsana, ke thuba mo difoleteng le e leng mo matlong a magolo. Ke ne ka simolola go itsiwe ka ditiro tse di maswe, go ise go ye kae ka nna leloko la segongwana sengwe sa disenyi mme seo sa dira gore ke simolole go thuba le mo dibankeng. E re ka ke ne ke le bogale, go ise go ye kae ke ne ka nna leloko le le tlotliwang la segongwana. Ke ne ke tshwara tlhobolo ya me gongwe le gongwe fela kwa ke yang teng; tota e bile ke ne ke robala ke e tsentse mo tlase ga mosamo. Thubakanyo, diokobatsi, bogodu, puo e e leswe le boitsholo jo bo sa siamang, e ne e ya nna mokgwa wa me wa botshelo. Gangwe le gape mapodise a ne a le mo motlhaleng wa me. Ke ne ka tshwarwa makgetlo a le mmalwa mme ka dingwaga di le dintsi ke ne ke tsena ke tswa mo kgolegelong.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Nako nngwe fa ke sena go gololwa mo kgolegelong, ke ne ka ya go etela mongwe wa borakgadi ba me. Ke ne ke sa itse gore rakgadi  le bontsalake ba babedi e ne e setse e le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba ntaletsa go ya pokanong nngwe ya Basupi. E re ka ke ne ke rata go itse dilo, ke ne ka swetsa ka gore ke tsamaye le bone. Fa re goroga kwa Holong ya Bogosi, ke ne ke batla go nna gaufi le mojako gore ke kgone go bona batho fa ba tswa le fa ba tsena. Aitsane ke ne ke tshwere tlhobolo mo go nna.

Pokano eo e ile ya fetola botshelo jwa me. Ke ne ke sa dumele se ke neng ke se bona. Batho ba ne ba ntumedisa ka lorato, ba le botsalano e bile ba nyenya. Ke sa ntse ke gopola sentle bopelonomi le boikanyegi jo ke neng ka bo bona mo Basuping. Se ke neng ke se bona se ne se farologane thata le se ke neng ke se bona mo bathong ba e seng Basupi.

Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le Basupi. Fa ke ntse ke ithuta, ke ne ka lemoga sentle gore ke tshwanetse go fetola tsela e ke tshelang ka yone. Ke ile ka reetsa kgakololo eno e e mo go Diane 13:20: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go kgaogana le segongwana seo. Go ne go se motlhofo go dira jalo, mme gone Jehofa o ne a nthusa gore ke atlege.

Lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa me, ke ne ka simolola go laola tsela e ke neng ke itshwara ka yone

Gape ke ne ka simolola go nna phepa mo mmeleng. Ke ne ka dira maiteko a magolo mme ka kgaotsa go goga sekerete le diokobatsi. Ka beola moriri wa me o moleele, ka ntsha manyena mme ka tlogela go dirisa puo e e leswe. Lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa me, ke ne ka simolola go laola tsela e ke neng ke itshwara ka yone.

Ke ne ke sa rate go bala le go ithuta, ka jalo e ne e le kgwetlho go tlhoma mogopolo fa ke ithuta Baebele. Le fa go ntse jalo, fa ke ntse ke leka ka natla, ka bonya ka bonya ke ne ka rata Jehofa mme go na le sengwe se se ileng sa fetoga mo go nna—segakolodi se ne sa simolola go ntshwenya. Ke ne ke a tle ke ikutlwe ke kgobegile marapo, ke belaela gore a ruri Jehofa o tla intshwarela ka ntlha ya dilo tse di bosula tse ke ileng ka di dira. Fa ke ikutlwa jalo, ke gomodiwa ke go bala ka gore Jehofa o ile a tshwarela Kgosi Dafide fa a sena go dira maleo a a masisi.—2 Samuele 11:1–12:13.

Kgwetlho e nngwe gape e ne e le go tsamaya mo bodireding jwa ntlo le ntlo ke bolelela ba bangwe ka tumelo ya me. (Mathaio 28:19, 20) Ke ne ke tshosiwa ke gore ke tla kopana le mongwe yo ke ileng ka mo utlwisa botlhoko kgotsa ka mo direla bosula bongwe mo nakong e e fetileng! Mme ka bonya ka bonya ke ne ka kgona go fenya letshogo leo. Ke ne ka simolola go kgotsofadiwa thata ke go thusa batho ba bangwe go ithuta ka Rraarona yo o molemo yo o kwa legodimong, yo o itshwarelang ka tsela e kgolo.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Go ithuta ka Jehofa go bolokile botshelo jwa me! Bangwe ba ditsala tsa me ba tlhokafetse kgotsa ba kwa kgolegelong, mme nna ke tshela botshelo jo bo kgotsofatsang thata e bile ke lebeletse pele isagwe. Ke ithutile go ikokobetsa, go nna kutlo le go laola tsela e ke galefang ka yone. Ka ntlha ya seo, ke itumelela botsalano jo bo molemo le batho ba ke tshelang le bone. Ke itumeletse thata go nyalana le mosadi wa me yo montle e bong Carmen. Roobabedi re itumelela thata go thusa ba bangwe go ithuta Baebele.

Jaanong ke a ikanyega mo tirong e ke e dirang—ka dinako dingwe ke bereka kwa dibankeng mme gone ga ke tlhole ke di kgothosa go na le moo ke a di phepafatsa!