Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | O KA ATAMALANA LE MODIMO

A o Bua le Modimo?

A o Bua le Modimo?

Ditsala tse di atamalaneng di buisana ka metlha e ka ne e le ka founo, e-mail, bidio, lekwalo kgotsa difatlhego di lebane fa maemo a letla. Ka jalo, gore re atamalane le Modimo, re tshwanetse go bua le ene ka metlha. Mme re ka dira seo jang?

Re ka bua le Jehofa ka thapelo. Mme gone, go bua le Modimo ka thapelo ga se puisano fela e e tlwaelegileng e re ka nnang le yone le dithaka tsa rona. Re tshwanetse go lemoga gore fa re rapela, re bua le Mmopi wa rona, Mogodimodimo wa lobopo lotlhe. Seno se tshwanetse go re tlhotlheletsa go rapela ka tlotlo e e boteng le ka tshisimogo. Gore Modimo a utlwe dithapelo tsa rona, re tshwanetse go dira dilo tse di rileng. Tse tharo tsa tsone ke tseno.

Sa ntlha, re tshwanetse go rapela Jehofa Modimo fela—e seng Jesu, “moitshepi” kgotsa setshwantsho. (Ekesodo 20:4, 5) Baebele ya re: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.” (Bafilipi 4:6) Sa bobedi, re tshwanetse go dirisa leina la Morwa Modimo, Jesu Keresete, fa re rapela. Jesu ka boene o ne a re: “Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Sa boraro, dithapelo tsa rona di tshwanetse go dumalana le thato ya Modimo. Baebele ya re: “Go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.” *1 Johane 5:14.

Ditsala tse di atamalaneng di buisana ka metlha

Ke boammaaruri gore botsala bo ka fela fa motho a le mongwe a buetse ruri. Fela jaaka ditsala di itumelela go buisana, re tshwanetse go letla Modimo gore a bue le rona e bile re tshwanetse go reetsa se a se buang. A o a itse gore Modimo o bua le rona jang?

Gompieno, Jehofa Modimo o “bua” le rona ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng e leng Baebele. (2 Timotheo 3:16, 17) Goreng re rialo? Ka sekai: A re re o amogetse lekwalo le le tswang kwa tsaleng e lo ntshanang seinong. Fa o sena go le bala o ka bolelela ba bangwe jaana o itumetse, “Ke sa tswa go utlwa gore tsala ya me e tsoga jang!” Mme gone lo ne lo buisana lo sa bonane lo dirisa lekwalo. Ka tsela e e tshwanang, fa o bala Baebele, o letla Jehofa gore a bue le wena. Ke gone ka moo, Gina, yo go builweng ka ene mo setlhogong sa ntlha a reng, “Ke akanya gore fa ke batla gore Modimo a ntseye ke le tsala ya gagwe, ke tshwanetse go sekaseka ‘lekwalo’ le a re kwaletseng lone—Baebele.” O oketsa ka go re, “Go bala Baebele letsatsi le letsatsi go dirile gore ke atamalane le Modimo.” A o letla Jehofa gore a bue le wena ka metlha ka go bala Lefoko la gagwe, Baebele, letsatsi le letsatsi? Seo se tla dira gore o atamalane le Modimo.

^ ser. 5 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa o ka atamalanang le Modimo ka gone ka thapelo, bona kgaolo 17 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.