Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

A tota go tla nna le puso e le nngwe fela mo lefatsheng?

Puso e le nngwe e ka kopanya batho ba ditšhaba tsotlhe jang? Isaia 32:1, 17; 54:13

Akanya kafa puso e e tla busang lefatshe lotlhe e ka solegelang batho molemo ka gone. Gompieno batho ba bantsi ba a boga ka gonne ba humanegile fa ba bangwe bone ba humile thata. Mme puso e e akanyetsang batho e tla ba naya se ba se tlhokang. A o akanya gore batho ba ka dira gore go nne le puso e e ntseng jalo?—Bala Jeremia 10:23.

E setse e le dingwaga di le dintsi dipuso di palelwa ke go tlhokomela babusiwa ba tsone, segolobogolo ba ba humanegileng. Dipuso tse dingwe di setlhogo. (Moreri 4:1; 8:9) Mme Modimo Mothatayotlhe o solofeditse gore o tla tlhoma puso e e tla busang mo boemong jwa dipuso tse dingwe tsotlhe. Mmusi wa yone o tla tlhokomela batho.—Bala Isaia 11:4; Daniele 2:44.

Bogosi Jwa Modimo bo tla dira eng?

Jehofa Modimo o tlhophile Mmusi yo o tshwanelegang wa lefatshe—Morwawe e bong Jesu. (Luke 1:31-33) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a itumelela go thusa batho. E re ka e le Kgosi, o tla kopanya batho ba ditšhaba tsotlhe a bo a tlosa dilo tsotlhe tse di ba bogisang.—Bala Pesalema 72:8, 12-14.

A batho botlhe ba tla amogela Jesu e le Mmusi? Nnyaa. Mme Jehofa o pelotelele. (2 Petere 3:9) O naya batho tshono ya go amogela Jesu e le Mmusi. Go ise go ye kae, Jesu o tla fedisa batho ba ba sa siamang a bo a dira gore go nne le kagiso le tshireletsego mo lefatsheng lotlhe.—Bala Mika 4:3, 4.