Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A thutamarope e dumalana le dipego tsa Baebele?

Kgosi Saragone II wa asiria yo o umakiwang mo go Isaia 20:1

Setlhogo se se mo bukeng ya Biblical Archaeology Review sa re dilo tse baithutamarope ba di ribolotseng di tlhomamisa gore batho “ba ka nna 50” ba go buiwang ka bone mo Dikwalong Tsa Sehebera ba kile ba tshela. Bangwe ba bone ke dikgosi di le 14 tsa Juda le tsa Iseraele go akaretsa le batho ba ba itsegeng thata e bong Dafide le Hesekia, le ba ba sa itsegeng thata e bong Menaheme le Peka. Gape batho bao ba akaretsa boFaro ba le 5 le dikgosi di le 19 tsa Asiria, Babelonia, Moabe, Peresia le Siria. Le fa go ntse jalo, ga se dikgosi fela tse di tlhagang mo Baebeleng le mo dipegong tsa baithutamarope. Tota le batho ba ba sa itsegeng thata jaaka baperesiti ba bagolo, bakwadi, le badiredibagolo bangwe le bone ba a tlhaga.

Setlhogo seo se tswelela ka gore “ga go pelaelo gore baithuti ba dumalana” ka gore batho bao ba kile ba tshela. Ke boammaaruri gore Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di bua ka batho ba bangwe ba hisitori e bile go na le bosupi jwa baithutamarope jo bo tlhomamisang gore ba kile ba tshela—jaaka Herode, Ponto Pilato, Tiberio, Kaiafase le Seregio Paulose.

Ditau di nyeletse leng kwa dinageng tse di umakiwang mo Baebeleng?

Lobota lo lo gabilweng lwa Babelona wa bogologolo

Le fa gompieno go se na ditau kwa dikgweng tsa kwa Palesetina, ditshupiso tsa Baebele di ka nna 150 di bontsha gore bakwadi ba Baebele ba ne ba itse phologolo eno. Bontsi jwa ditshupiso tseno di bua ka ditau ka tsela ya tshwantshetso; mme ditemana tse dingwe tsa Baebele di bua ka batho ba ba neng ba bona ditau tsa mmatota. Ka sekai, Samesone, Dafide le Benaia ba ne ba bolaya ditau. (Baatlhodi 14:5, 6; 1 Samuele 17:34, 35; 2 Samuele 23:20) Batho ba bangwe bone ba ile ba bolawa ke ditau.—1 Dikgosi 13:24; 2 Dikgosi 17:25.

Mo metlheng ya bogologolo, tau ya India (Panthera leo persica) e ne e bonwa kwa Asia Minor le Gerika, Palesetina, Siria, Mesopotamia le kwa bokonebophirima jwa India. E re ka phologolo eno e ne e tshabiwa e bile e tlotliwa, e ne e tlhaga mo dilong tsa botaki tsa kwa Bophirima Jwa Asia wa bogologolo. Ditena tse di phatsimang tsa kago ya Tsela ya Mekoloko ya Babelona wa bogologolo di ne di kgabisitswe ka ditau.

Go ne ga begiwa gore masole a ne a tsoma ditau kwa Palesetina go ela kwa bowelong jwa lekgolo la bo12 la dingwaga C.E. Go lebega ditau di ne tsa nyelela mo lefelong leo morago fela ga dingwaga tsa bo1300. Le fa go ntse jalo, go ne go ntse go begwa gore di teng kwa Mesopotamia le kwa Siria go fitlha ka lekgolo la bo19 la dingwaga mme kwa Iran le Iraq go fitlha mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga.