Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BASUPI BA GA JEHOFA KE BOMANG?

Goreng re Bolelela Batho Molaetsa wa Baebele?

Goreng re Bolelela Batho Molaetsa wa Baebele?

Re itsiwe thata ka tiro ya rona ya go ruta batho Baebele—mo malapeng, mo mafelong a botlhe le gongwe le gongwe kwa batho ba leng gone. Goreng re dira tiro eno?

Basupi ba ga Jehofa ba galaletsa Modimo le go itsise batho leina la gagwe ka go ba rerela. (Bahebera 13:15) Gape re batla go ikobela taelo eno ya ga Jesu Keresete: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—Mathaio 28:19, 20.

Mo godimo ga moo, re rata baagelani ba rona. (Mathaio 22:39) Re a itse gore batho ba na le dikereke tsa bone e bile ga se mongwe le mongwe yo o kgatlhegelang molaetsa wa rona. Le fa go ntse jalo, re dumela gore se Baebele e se rutang se falotsa matshelo. Ke gone ka moo re tswelelang ‘re ruta e bile re bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete,’ fela jaaka Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dira.—Ditiro 5:41, 42.

Moitsethutaloago e bong Antonio Cova Maduro o ne a kwala ka “tiro e e seng kana ka sepe le mathata a Basupi ba ga Jehofa ba itsenyang mo go one le letsapa le ba nnang le lone . . .  gore ba ise mekwalo e e boitshepo kwa dikarolong tse di kgakalakgakala tsa lefatshe.”—Lokwalodikgang lwa El Universal, Venezuela

Batho ba le bantsi ba ba balang dikgatiso tsa rona ga se Basupi ba ga Jehofa. Mme batho ba le bantsi ba ba ithutang Baebele le rona ba na le dikereke tsa bone. Le fa go ntse jalo, ba itumelela go etelwa ke Basupi ba ga Jehofa.

Ke boammaaruri gore o ka tswa o na le dipotso tse dingwe ka Basupi ba ga Jehofa. Re go kgothaletsa go batla dikarabo ka go

  • Botsa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa

  • Etela website ya rona ya www.mt711.com/tn.

  • Nna teng kwa dipokanong tsa rona tse go tsenwang mahala kwa go tsone.