Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Go Gatisa Buka e e Botlhokwa Thata

Go Gatisa Buka e e Botlhokwa Thata

JANUARY 1, 2021

 “Ke na le dingwaga di le 19 ke ntse ke letetse seno!” Ke eng se mokaulengwe yono a neng a se letetse? O ne a letetse Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka puo ya gagwe ya se-Bengali. Batho ba le bantsi ba ikutlwa jaaka mokaulengwe yono fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha e gololwa ka puo ya bone. Mme gone, a o kile wa ipotsa gore Dibaebele tseno di ranolwa jang le gore di gatisiwa jang?

 Sa ntlha, Komiti ya Bakwadi ya Setlhopha se se Laolang e rulaganya setlhopha sa baranodi. Go ka tsaya setlhopha sa baranodi nako e e kae gore ba fetse go ranola Baebele? Nicholas Ahladis yo o direlang mo Lefapheng la Ditirelo Tsa Thanolo kwa Warwick, New York, a re: “Go na le dilo di le dintsi tse di tlhokang go elwa tlhoko, tse di jaaka gore go na le baranodi ba le bakae ba ba ka kgonang go dira tiro eno, puo ya bone e raraane go le kae, a babadi ba tlhaloganya gore go ne go tshelwa jang ka metlha ya Baebele, le gore a puo eno e buiwa kwa dinageng tse di farologaneng. Gantsi go tsaya baranodi ngwaga go ya go di le tharo gore ba ranole Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, go bo go ba tsaya dingwaga di le nnê gore ba fetse go ranola Baebele yotlhe. Mme ba puo ya diatla ba tsaya dingwaga di le dintsinyana.”

 Ga go tlhokege baranodi fela gore Baebele e ranolwe. Go tlhokega babadi ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng, tota le kwa dinageng tse di farologaneng, gore ba tle go bona gore a Baebele e ranotswe sentle mme ba dira jalo ba sa duelwe. Seno se thusa baranodi gore ba kgone go ranola Baebele e e utlwalang, e e tlhaloganngwang motlhofo e bile e sa fetole bokao. Mo godimo ga moo, mokaulengwe mongwe wa kwa Afrika Borwa yo o katisang baranodi ba Baebele a re: “Baranodi ba tsaya go ranolela batho Baebele e le boikarabelo jo bogolo jo bo tswang kwa go Jehofa.”

 Fa Baebele e sena go ranolwa e tshwanetse go gatisiwa. Go tlhokega dilo di le lesome tse di latelang gore Baebele e kgone go gatisiwa: pampiri, enke, di-cover material, glue, di-cover liner, di-silver leaf, di-ribbon, di-headband, di-spine stiffener, le di-capping material tse di thusang go kopanya Baebele. Ka 2019, go ne ga dirisiwa madi a a kana ka R292 029 800 gore Dibaebele tseno di kgone go gatisiwa. Bakaulengwe ba ba neng ba bereka ka go printa Dibaebele tseno ba ne ba fetsa diura di feta 300 000 ba gatisa le go isa Dibaebele tseno kwa di tshwanetseng go ya gone.

“Baebele ke buka ya botlhokwa tota e re e gatisang”

 Goreng re dirisitse nako e ntsi le madi a mantsi jaana go gatisa Dibaebele? Joel Blue yo o direlang mo International Printing Department a re: “Baebele ke buka ya botlhokwa tota e re e gatisang. Ka jalo, re batla gore tsela e e lebegang ka yone, e galaletse Modimo yo re mo obamelang, le molaetsa o re o rerang.”

 Re gatisetsa batho ba ba farologaneng Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Ka sekai, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e fetoletswe mo mokwalong wa braille ka dipuo di le lesome. Go tsaya diura di le robedi go gatisa dibolumo tsa Baebele ya mokwalo wa braille. Gore o kgone go baya dibolumo tseno sentle, o tlhoka lefelo le le bogolo jwa dimetara di le 2,3. Gape re e gatisetsa batho ba ba kwa dikgolegelong tse di letlelelang dibuka tsa dikhabara tsa dipampiri fela.

 Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ama matshelo a batho ba ba e balang. Akanya ka phuthego ya kwa Tombe e e buang se-Kiluba, kwa Democratic Republic of the Congo. Tombe e bokgakala jwa dikilometara di le 1 700 go tswa kwa toropokgolong ya naga eo. Go ne go na le Baebele e le nngwe fela ya se-Kiluba ya kgale, e e neng e dirisiwa ke Basupi ba koo. Baebele eo e ne e dirisiwa ke bakaulengwe botlhe, go baakanyetsa dikabelo tsa bone tsa kwa dipokanong. Mme fa e sa le ka August 2018, baboledi ba phuthego eo ba ne ba kgona go nna le Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e feletseng ka puo ya bone ya se-Kiluba e e tlhaloganngwang motlhofo.

 Fa kgaitsadi mongwe yo o buang Sejeremane a bua ka Thanolo Lefatshe le Lesha e e tokafaditsweng ya puo ya gagwe, a re: “Ga ke tlhole ke re, ke tshwanetse go bala Baebele. Go na le moo, ke ipotsa gore, ‘Ke a go e bala leng gape?’” Monna mongwe yo o kwa kgolegelong a re: “Ke neilwe Thanolo ya Lefatshe le Lesha mme e fetola botshelo jwa me. Fa e sa le ke bala Baebele eno, ke tlhaloganya Lefoko la Modimo sentle. Nka rata go itse mo go oketsegileng ka Basupi ba ga Jehofa le gore nka nna jang mongwe wa bone.”

 Babadi botlhe ba Thanolo ya Lefatshe le Lesha ba itumelela go bona go gatisiwa ga yone go tshegediwa ka meneelo. Meneelo eno e e ntshediwang tiro ya lefatshe lotlhe e ntse e ntshiwa go dirisiwa donate.mt711.com. Re lebogela go bo lo ithaopela go ntsha meneelo.