Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Go Namola Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Rona ka Ngwaga wa 2021

Go Namola Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Rona ka Ngwaga wa 2021

JANUARY 1, 2022

 Ka ngwaga wa tirelo wa 2021 a bolwetse jwa COVID-19 bo ne bo sa ntse bo aname mo lefatsheng lotlhe. Mo setlhogong sa “Bakaulengwe ba Thusiwa ka Nako ya Leroborobo,” re tlhalositse gore go dirisitswe madi a mantsi go thusa batho ba ba neng ba amilwe ke bolwetse jono le gore go ne ga dirwa le Dikomiti Tsa Namolo di le 950.

 Fa bolwetse jono jwa leroborobo bo ntse bo tsweletse, go ile ga nna le masetlapelo a tlholego a a ileng a a ama bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo lefatsheng lotlhe. Go nnile le masetlapelo a a ntseng jaana a ka nna 200, ka ntlha ya seo Komiti ya Barulaganyi ya Setlhopha se se Laolang e ne ya letla gore go okediwa madi a a ntseng a thusa batho ba ba amilweng ke COVID-19 ka R124 071 040. Bona gore meneelo ya lona e thusitse jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba amilwe ke masetlapelo ano mo dinageng tse pedi.

Thaba ya Nyiragongo

 Ka May 22, 2021, Thaba Nyiragongo kwa Democratic Republic of the Congo e ne ya simolola go kgwa molelo. Seretse se se fisang se se tswang mo thabeng eno se ne sa senya matlo, dikolo le kwa metsi a bewang teng. Mme go ne go na le kotsi e nngwe gape. Morago ga malatsinyana go ne ga nna le lerole le le neng la wela toropo ya Goma, gape go ne ga nna le dithoromo tsa lefatshe. Batho ba le diketekete ba ne ba tshwanelwa ke go tswa mo toropong eo mme ba bangwe ba ne ba kgabaganya molelwane wa Rwanda.

Kwa Holong nngwe ya Bogosi, komiti ya namolo e ne e tsholela batho motogo

 Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 5 000 ba ne ba tswa mo magaeng a bone. Matlo a Basupi ba bangwe a ne a senyega mme ba bangwe ba ne ba utswediwa fa ba sena go tlogela magae a bone. Dikomiti tsa namolo tsa kwa Rwanda le kwa Democratic Republic of the Congo di ne tsa dirisana mmogo go thusa batho. Pego ya kwa Lekaleng la Congo kwa (Kinshasa) e ne ya bua jaana malebana le komiti nngwe ya namolo: “Le fa go ne go tlhakatlhakane mo toropong eo, e bile go ise go twe batho ba tswe mo matlong a bone komiti eno e ne ya simolola go naya batho dijo, metsi, dilo tse ba ka robalang mo go tsone le diaparo.” Mo toropong nngwe kwa go neng go na le bakaulengwe ba ka nna 2 000, komiti nngwe ya namolo e ne ya ba tlhomela ditente, ya ba naya di-mask le go ba tlhalosetsa gore ba ka dira jang gore ba se ka ba tsenwa ke bolwetse jwa COVID-19 le jwa kholera.

Dijo di a kalwa pele di newa Basupi ba ba sa nneng mo magaeng a bone

 Morago ga dikgwedi di le tharo masetlapelo ano a sena go direga, bakaulengwe ba ne ba setse ba neile bakaulengwe dikilogerama di feta 5 443 tsa raese, dikilogerama di feta 5 443 tsa folouru, dilitara di feta 2 722 tsa mafura a a apayang le dilitara di feta 2 722 tsa metsi. Gore go se ka ga dirisiwa madi a mantsi, ofisi ya lekala e ne ya rulaganya gore dijo di rekiwe mo nageng eo go na le gore di rekiwe kwa dinageng tse dingwe.

 Kgaitsadi mongwe yo ntlo ya gagwe e neng ya senngwa ke lekgwamolelo leo a re: “Re ne re kgobegile marapo e bile re utlwile botlhoko.” Ba lelapa la gagwe ba ne ba newa dilo tse ba neng ba di tlhoka gape ba ne ba gomodiwa ka Baebele. Gone jaanong a re: “Jehofa o re thusitse gore re nne le dilo tsotlhe tse re di tlhokang. Jehofa o dira gore merwalo ya rona e nne motlhofo.”

Mathata a Ikonomi a Kwa Venezuela

 Naga ya Venezuela e na le dingwaga di le dintsi e na le mathata a ikonomi. Bakaulengwe ba rona ba tshela mo maemong a a thata tota, ga ba na dijo tse di lekaneng e bile bokebekwa bo a oketsega. Le fa go ntse jalo, phuthego ya ga Jehofa ga e a ba latlha.

Ba pega dikgetsi tsa raese tse di yang kwa mafelong a a farologaneng kwa Venezuela

 Mo ngwageng wa tirelo o o fetileng go dirisitswe madi a a kana ka R23 263 320 go reka dijo le sesepa le go di romela kwa bakaulengweng ba ba tlhokang. Ofisi ya lekala ya kwa Venezuela e ne ya bega jaana: “Ga go motlhofo go romela dikilogerama di le 117 934 tsa dijo mo nageng eno yotlhe kgwedi le kgwedi le go di naya bakaulengwe ba ba tlhokang.” Fa bakaulengwe ba reka dijo, ba reka tse di sa senyegeng ka bonako. Gape ofisi ya lekala e ne ya re: “Re reka dijo di le dintsi ka nako e di robiwang ka yone gore re kgone go di reka ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Go tswa foo re bo re di romela ka tsela e e sa jeng madi a mantsi thata.”

Bakaulengwe ba isa dijo kwa phuthegong ya bone ba dirisa dibaesekele ka gonne go se na dikoloi tse di lekaneng e bile leokwane le tlhaela thata

 Leonel o direla mo Komiting ya Namolo kwa Venezuela, mme o rata kabelo ya gagwe fela thata. A re: “Ke rata go thusa batho. Kabelo eno e nthusitse fela thata fa e sale mosadi wa me a tlhokafala ka ntlha ya COVID-19. Ke rata go nna ke thusa bakaulengwe ba ba tlhokang. Ke iponetse gore Jehofa ga a latlhe batho ba gagwe.”

 Mokaulengwe mongwe yo o kileng a direla mo komiting ya namolo a re: “Ke nna jaanong ke neng ke tlhoka thuso. Bakaulengwe ga ba a ka ba re thusa fela ka dilo tse re neng re di tlhoka mme ba ne ba thusa nna le mosadi wa me gore re nne re ritibetse. Ba ne ba re tlhokomela, ba re gomotsa ba bo ba re kgothatsa.”

 Ka dinako tse dingwe fa masetlapelo a tlholego a direga, re a bo re sa itse gore a tla diragala. Le fa go ntse jalo, phuthego ya ga Jehofa e kgona go re thusa ka bonako ka ntlha ya meneelo e lo e ntshetsang tiro ya lefatshe lotlhe. Ditsela dingwe tse lo ka di dirisang go ntsha moneelo di tlhalositswe mo donate.mt711.com. Re lebogela meneelo ya lona e lo e ntshang ka bopelotshweu.

a Ngwaga wa tirelo wa 2021 o simolotse ka September 1, 2020, o bo o fela ka August 31, 2021.