Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Kopano e Gasiwa mo Radiong le mo Thelebisheneng

Kopano e Gasiwa mo Radiong le mo Thelebisheneng

AUGUST 1, 2021

 Kopano ya Basupi ba ga Jehofa ya tikologo ya 2020 e ne e tlhomologile ka gonne e ne e rekotilwe e bo e tsenngwa mo Internet gore batho mo lefatsheng lotlhe ba kgone go e lebelela. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Malawi le kwa Mozambique ba kgonne go itumelela kopano ba sa dirise Internet. Ba kgonne jang?

 Dikomiti tsa Setlhopha se se Laolang, e leng Komiti e e Rutang le Komiti ya Barulaganyi, di ile tsa dira thulaganyo ya gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Malawi le kwa Mozambique ba kgone go itumelela thulaganyo ya kopano mo radiong le mo thelebisheneng. Goreng ba dirile jalo? Tlhwatlhwa ya Internet kwa Malawi e kwa godimo, ka jalo ke Basupi ba le mmalwa fela ba ba e dirisang. Mokaulengwe William Chumbi yo o direlang mo Komiting ya Lekala la Malawi a re: “Ga go ka tsela epe e baboledi ba neng ba ka kgona go itumelela thulaganyo eno fa e ne e se ka radio kgotsa thelebishene.” Mokaulengwe Luka Sibeko yo le ene a direlang mo Komiting ya Lekala la Malawi a re: “Fa thulaganyo eno ya kopano e ne e sa tsenngwa mo radiong le mo thelebisheneng, ke bakaulengwe ba le mmalwa fela ba ba ka bong ba kgone go e itumelela.” Kwa Mozambique gone ke bakaulengwe ba le mmalwa fela ba ba nang le didirisiwa tsa ileketeroniki, re sa bue sepe ka Internet.

Dithulaganyo Tse di Dirilweng

 Ka ntlha ya bolwetse jwa COVID-19, go ne go setse go na le diteishene di le mmalwa tsa radio tse di gasang dipokano. a Bakaulengwe ba ne ba ikgolaganya le diteishene tseno ba bo ba kopa go dirisa nako e e oketsegileng gore ba kgone go tsenya thulaganyo ya kopano.

 Kwa Malawi, bakaulengwe ba ne ba nna le mathata. Ka tlwaelo fela, diteishene di neela bagasi ura e le nngwe. Di tshwenyega ka gore bareetsi ga ba ka ke ba itumelela go reetsa mananeo a a tsayang nako e e telele. Mme bakaulengwe ba ile ba tlhalosa gore tiro ya rona e thusa batho botlhe. Le fa gone jaanong go na le dithibelo di le dintsi ka ntlha ya COVID-19, batho ba kgona go reetsa molaetsa o o gomotsang o o tswang mo Baebeleng o o ka ba thusang go nna batho setšhabeng le go nna le malapa a a itumetseng. E re ka tiro ya rona e ama batho botlhe, diteishene di ne tsa dumalana ka gore re okelediwe nako e re e dirisang.

 Kwa Malawi, go ne ga dirisiwa diteishene di le pedi tse di kgonang go fitlhelela batho ba le bantsi, se sengwe e le sa radio mme se sengwe e le sa thelebishene. Kwa Mozambique, go ne ga dirisiwa seteishene se le sengwe sa thelebishene le diteishene di le 85 tsa radio.

 Go ne ga dirisiwa madi a a kana ka R422 921,75 mo diteisheneng tsa thelebishene le madi a a kana ka R299 657,60 mo diteisheneng tsa radio. Re ne ra tshwanelwa ke go duela bobotlana jwa R224,74 mo seteisheneng se le sengwe se sennye le R41 607,46 mo seteisheneng se le sengwe se segolo.

 Bakaulengwe ba ne ba dirisa meneelo ya rona sentle. Ka sekai, kwa Malawi ba ne ba kopa go fokolediwa tlhwatlhwa mme ba ne ba fokolediwa ka diperesente di le 30. Madi a ba a fokoleditsweng a dira R25 635,71. Kwa Mozambique, diteishene di ile tsa kgona go re fokoletsa tlhwatlhwa ka gonne re ne re dirisana le tsone sentle gape ka gonne re ne re duela ka nako.

Ba ne Ba Leboga Thata

 Bakaulengwe ba rona ba itumeletse go bona thulaganyo ya kopano mo thelebisheneng le go e reetsa mo radiong. Mogolwane mongwe wa kwa Malawi yo o bidiwang Patrick a re: “Re leboga go bo bakaulengwe ba Setlhopha se se Laolang ba ile ba re direla thulaganyo eno.” Mokaulengwe Isaac yo le ene a tswang Malawi a re: “Ga re na didirisiwa tsa ileketeroniki, ka jalo re itumeletse gore re kgona go reetsa thulaganyo ya kopano ka radio. Re kgonne go itumelela thulaganyo eno re le lelapa. Ruri Jehofa o re bontshitse gore o a re rata.”

 Mmoledi mongwe wa kwa Mozambique yo neng e le la ntlha a bona kopano ya tikologo ya Basupi ka 2020 a re: “Fa ke lebile thulaganyo ya kopano mo thelebisheneng, ke ne ka gopola gore Jehofa ke Modimo mothatayotlhe. Dithibelo tsa bolwetse jono jwa leroborobo ga di a ka tsa mo thibela go re tlisetsa thulaganyo ya kopano, e e re nonotshitseng tumelo. Ke iponetse gore batho ba ga Jehofa ba a ratana le gore jono ke bodumedi jwa boammaaruri.”

 Mogolwane mongwe yo o bidiwang Wyson, a re: “Ke leboga kafa motlhanka yo o boikanyego a re tlhokometseng ka gone le fa gone jaanong go na le dithibelo di le dintsi. Tshwetso e ba e dirileng ya go tsenya thulaganyo ya kopano mo thelebisheneng le mo radiong e re thusitse thata gore re kgone go itumelela kopano le fa gone re nna mo nageng e e sa itsholelang.”

 Mo kopanong ya tikologo ya 2021, Komiti e e Rutang le Komiti ya Barulaganyi di dirile dithulaganyo tsa gore thulaganyo ya kopano e gasiwe mo diteisheneng dingwe tsa thelebishene le tsa radio. Re duela ka madi a re a tsayang kae? Re duela ka meneelo e e ntshediwang tiro ya lefatshe lotlhe le ka meneelo e e tsenngwang mo donate.mt711.com. Re lebogela meneelo eno fela thata.

a Fa ngwaga wa 2020 o simologa, Komiti e e Rutang e ne ya dumalana ka gore kwa mafelong mangwe bakaulengwe ba reetse dipokano ka thelebishene le ka radio. Thulaganyo eno e diretswe go thusa diphuthego tse di sa kgoneng go tsena dipokano kgotsa go dirisa JW Stream ka gonne ba nna mo mafelong a Internet e seyong kwa go one kgotsa e tura thata. Thulaganyo eno ga e a direlwa diphuthego tse di kgonang go kopana mmogo di dirisa Internet.