Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW BROADCASTING

Tsenya App ya JW Broadcasting mo Apple TV

Tsenya App ya JW Broadcasting mo Apple TV

Pele o leba JW Broadcasting mo Apple TV, o tlhoka go di tsenya mo sedirisiweng sa gago. Latela ditaelo tse di latelang pele o simolola:

 Tsenya Apple TV mo Sedirisiweng sa Gago

Fa o reka Apple TV e tshwanetse go tswa ka ditaelo tse di go bontshang gore o e tsenye jang mo Internet. Fa o feditse go tsenya Apple TV, latela ditaelo tse di mo sekirining.

 Tsenya JW Broadcasting go Tswa mo App Store

Tsena mo App Store o bo o tsenya JW Broadcasting o latela dikgato tse di latelang:

  • Tsaya remote mme o swaepele ka fa mojeng go fitlha mafoko a a reng Search a tlhaga mo sekirining.

  • Tobetsa Search o bo o dirisa dialefabete go kwala mafoko a a reng “JW Broadcasting.”

  • Kgotsa o ka tsaya remote o bo o bua o re “JW Broadcasting.”

  • Tshwaya app o bo o tobetsa mo go yone.

Latela ditaelo tse di mo sekirining go tsenya app eo mo sedirisiweng sa gago.